Go Senka Ditharabololo
MOKWADI wa Moesemane e bong John Lyly o ne a kwala jaana: “Fa re ntse re ngangisana ka mahutsana a teng, re itlhokomolosa se tota se diregang.” Go tila serai seo, re tshwanetse go nna re gakologelwa gore mahutsana a gompieno a a diragalelang sekgwa seno sa pula ke sesupo fela sa mathata a a masisi le gore go senngwa ga sekgwa go tla tswelela fa fela dilo tse di go bakang di sa rarabololwe. Dilo tseo tse di go bakang ke eng? Patlisiso nngwe e e tlamelwang ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka madi ya re, “dilo tse dikgolo tse di senyang dilo tsa Amazon ke lehuma le tshiamololo e e dirwang ke motho.”
Mekgwa e Mesha ya Temo E e Sa Itumediseng go le Kalo
Babatlisisi ba bangwe ba bolela gore go senngwa ga ditlhare ke bontlhanngwe jwa ditlamorago tsa se go tweng ke mekgwa e mesha ya temo e e neng ya simologa masome a le mmalwa a dingwaga a a fetileng kwa borwa le bogareng jwa Brazil. Pele ga moo, malapa a le dikete a a neng a na le masimo a mannye a ne a tshela ka go jala reise, dinawa le ditapole e bile a na le leruo. Ka nako eo, diporojeke tse mo go tsone go dirisiwang metšhine go jala dinawa ka bontsi le tse di dirisang motlakase go jala di ne tsa tsaya naga ya one mme mo boemong jwa dikgomo le dijalo tsa teng ga simololwa dikungo tsa temothuo tse di beetsweng go tlamela dinaga tse di humileng. Magareng ga 1966 le 1979 fela, masimo a a tlhophetsweng go romela dijo tsa one kwa dinageng tse dingwe a ne a oketsega ka diperesente di le 182. Ka ntlha ya seo, balemirui ba ba tlholegileng koo ba le 11 go ba le 12 ba ne ba latlhegelwa ke naga ya bone le dilo tse ba itshedisang ka tsone. Mo go bone, mekgwa eo e mesha ya temothuo e ne ya ba leretse mahutsana.
Balemirui bano ba ba sa tlholeng ba na le naga ba ne ba tla ya kae? Boradipolotiki ba ba neng ba itsemeletsa go atlhola kgang eno ya go tseelwa naga ka tsela e e sa siamang mo karolong ya bone, ba ne ba ba neela tharabololo ka go buelela karolo ya Amazon ba re ke “naga e e se nang batho e e neelwang batho ba ba se nang naga.” Mo dingwageng di le lesome fela morago ga go bulwa ga tselakgolo ya ntlha ya Amazon, balemirui ba feta dimilione di le pedi ba ba dikobo di magetleng ba ba tswang kwa borwa jwa Brazil le kwa karolong e e iteilweng ke leuba le lehuma ya bokonebotlhaba jwa Brazil ba ne ba setse ba nna mo mekhukhung e ka nna dikete go bapa le tselakgolo eo. Fa go sena go agiwa ditsela tse dingwe, ba ba eleditseng go nna balemi ba ne ba ya kwa Amazon, ba ipaakanyeditse go fetola sekgwa seno go se dira naga e e lengwang. Fa ba akanya ka dithulaganyo tseno tsa go gapela batho naga, babatlisisi ba re “fa go sekasekwa dingwaga tse 50 tsa fa e sa le batho ba tseetswe naga go fitlhelwa e le gore matswela a teng ke a a sa siamang.” Lehuma le tshiamololo di “tsamaile le bone go ya kwa Amazon,” e bile gape “go ile ga tlhaga mathata a masha mo karolong eno ya Amazon.”
Dikgato Tse Tharo go ya Pele
Go thusa go fedisa bothata jwa go rengwa ga dikgwa le go tokafatsa maemo a batho a go tshela mo dikgweng tsa pula tsa Amazon, setlhopha se se bidiwang Commission on Development and Environment for Amazonia sa bomankge ba mo karolong eo, se ne sa gatisa lokwalo lo lo buelelang gore, gareng ga dilo di le dintsi, dipuso mo mokgatšheng wa Amazon di tseye dikgato di le tharo tsa botlhokwa. (1) Go rarabolola mathata a tsa ikonomi le a setšhaba mo dikarolong tse di humanegileng thata tse di ka kwantle ga sekgwa sa pula sa Amazon. (2) Go dirisiwe dikgwa tse di leng teng le go dirisa sesha dikarolo tse dingwe tsa sekgwa tse di remilweng. (3) Go rarabololwe tshiamololo e e maswe e e diretsweng setšhaba—e leng sone se tota se bakelang batho bohutsana le go senngwa ga dikgwa. A re sekasekeng dikgato tseno tse tharo.
Go Beeletsa Madi
Go rarabolola mathata a setšhaba le a ikonomi. Setlhopha seo se ne sa akgela ka gore: “Sengwe se se mosola se se ka dirwang go fokotsa go rengwa ga ditlhare, ke go beeletsa mo dikarolong tse di humanegileng thata tsa dinaga tsa Amazon, tse di pateletsang baagi go fudugela kwa Amazon go ya go senka isagwe e e botoka teng.” Le fa go ntse jalo, setlhopha seo se okeditse ka gore ga se gantsi “go akanyediwang seno mo dithulaganyong tsa dinaga tseo kana tsa kgaolo eo tsa ditlhabololo kana ke dinaga tse di humileng tse di buelelang thata gore go fokodiwe selekanyo sa go rengwa ga dikgwa mo Amazon.” Le fa go ntse jalo, balaodi ba tlhalosa gore fa badiredi bagolo ba puso ba ba nang le maitlhomo a a siameng le dipuso tse di amegang tsa dinaga di sele di ikaelela go dirisa botswerere jwa tsone le go tlamela ga bone ka madi mo go rarabololeng mathata a a tshwanang le tlhaelo ya go abiwa ga naga kana lehuma mo ditoropong tse di mo dikarolong tse di dikologileng Amazon, ba tla dira gore go tla ka bontsi ga balemirui ba ba leng mo molelwaneng wa Amazon go fokotsege mme seo se tla thusa go namola dikgwa.
Lefa go ntse jalo, ke eng se se ka direlwang balemirui ba ba setseng ba nna mo Amazon? Go falola ga bone ga letsatsi le letsatsi go ikaegile ka gore ba leme dijalo mo mmung o o sa siamelang temo.
Go Boloka Dikgwa ka Ntlha ya Ditlhare
Go dirisa sekgwa le go se dirisa sesha. Kgatiso ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya The Disappearing Forests, ya re: “Dikgwa tsa boboatsatsi di senngwa thata mme ga di dirisiwe ka botlalo. Go tlhaloganya polelo eno e e utlwalang e ikganetsa ke gone go tla thusang gore di namolwe.” Bomankge ba re go na le gore motho a senye sekgwa ka go se remaka, o tshwanetse go dirisa sekgwa ka go fula kana go roba dikungo tsa sone tse di jaaka maungo, manoko, leokwane, raba, dinkgisamonate, dijalo tse di dirisiwang mo kalafing le dikungo tse dingwe tsa tlholego. Go begiwa gore, dikungo tse di jaaka tseno, di emela “diperesente tse go akanngwang di ka nna 90 tsa boleng jwa ikonomi ya sekgwa seno.”
Doug Daly, wa New York Botanical Garden o tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa a dumela gore go a utlwala gore go tlogelwe go senya sekgwa mme go fulwe dikungo tsa sone ka go bua jaana: “Seo se itumedisa puso—ka gonne ga ba ne ba bona karolo e kgolo ya Amazon e ntshiwa mo go tsa kgwebo. . . . Seno se tla thusa batho go itshedisa e bile go tla somarela sekgwa. Ruri ga o ka ke wa bona sepe se se sa siamang ka gone.”—Wildlife Conservation.
Go somarela dikgwa ka ntlha ya ditlhare totatota go tokafatsa maemo a botshelo a banni ba sekgwa. Ka sekai, babatlisisi ba kwa Belém mo bokone jwa Brazil ba ne ba lekanyetsa gore fa o fetola heketara e le nngwe go e dira mafulo e ka go naya morokotso wa R120 fela ka ngwaga. Ka jalo gore motho a bone tuelo e e lekaneng fela ya kgwedi kwa Brazil, o tshwanetse go nna le diheketara di le 48 tsa mafulo le motlhape wa dikgomo di ka nna 16. Le fa go ntse jalo, Veja e bega gore motho yo o batlang go nna molemirui a ka dira madi a mantsi ka go fula dikungo tsa tlholego tsa sekgwa. Charles Clement wa moitsethutotshelo a re palo ya dikungo tse di emetseng go fulwa moo e a boitshega. Dr. Clement o oketsa ka gore: “Go na le merogo e mentsi thata, makgolokgolo a maungo, matshwapi le leokwane tse di ka bonwang le go robiwa moo. Le fa go ntse jalo, bothata ke gore motho o tshwanetse go ithuta gore sekgwa ke motswedi wa khumo e seng selo se se mo kgoreletsang go huma.”
Tshono e Nngwe Gape ya Naga e e Sentsweng
João Ferraz, mmatlisisi mongwe wa kwa Brazil a re tlhabololo ya ikonomi le go somarelwa ga tikologo di a tsamaisana. A re: “Bona fela bogolo jwa sekgwa se se setseng se sentswe. Ga go tlhokege gore re reme dikgwa tse di sa ntseng di gola. Go na le moo, re ka nna ra baakanya le go dirisa gape dikarolo tse di setseng di remilwe le tse di sentsweng.” Mo karolong ya Amazon, go na le naga e kgolo e e sentsweng e e ka nnang ya baakanngwa gape.
Go tloga mo mafelelong a bo1960, puso e ne ya ema babeeletsi ba bagolo nokeng ka madi a mantsi go ba tlhotlheletsa go fetola sekgwa go se dira mafulo. Ba ne ba dira jalo, mme jaaka Dr. Ferraz a tlhalosa “mafulo a ne a senyega morago ga dingwaga di le thataro. Moragonyana, fa mongwe le mongwe a lemoga gore ba dirile phoso e e tona, beng ba naga ba bagolo ba ne ba re: ‘Go siame, rona legale re bone madi a a lekaneng go tswa kwa pusong,’ mme ba tsamaya.” Ditlamorago e ne ya nna dife? “Disekweremaele di ka nna 80 000 [200 000 sq km] tsa mafulo a a tlogetsweng fela di nna naga e e itshenyegelang fela.”
Le fa go ntse jalo, gompieno babatlisisi ba ba tshwanang le Ferraz ba bona ditsela tse disha tsa go dirisa dinaga tseno tse di senyegileng. Ka tsela efe? Dingwaga di le dintsi tse di fetileng ba ne ba jala dipeo di ka nna 320 000 tsa ditlhare tsa manoko tsa Amazon mo polasing e e neng e tlogetswe fela ya dikgomo. Gompieno, dipeo tseo di fetogile ditlhare tse di ntshang maungo. E re ka ditlhare tseno di gola ka bonako mme gape di ntsha dikgong tsa boleng jwa maemo a a kwa godimo, dipeo tsa manoko tsa Amazon jaanong di setse di jalwa mo nageng e e kileng ya rengwa mo dikarolong tse di farologaneng tsa mokgatšha wa Amazon. Go fula dikungo, go ruta balemirui go jala dijalo tse di tlhogang ngwaga otlhe, go dirisa mekgwa ya go roba dikgong kwantle ga go senya sekgwa le go tsosolosa naga e e sentsweng, tseno tsotlhe mo ponong ya bomankge, di ruta motho mokgwa o mongwe gape wa go thusa go boloka dikgwa tse di sa ntseng di le teng.—Bona lebokoso la “Go Leka go Somarela.”
Le fa go ntse jalo, badiredi ba bagolo ba re go namola dikgwa ga go tlhoke fela go fetolwa ga naga e e senyegileng. Go tlhoka gore batho ba fetoge.
Kafa go ka Siamisiwang se se Sokameng ka Teng
Go rarabolola tshiamololo. Tshiamololo e batho ba e dirang go gatelela ditshwanelo tsa ba bangwe gantsi e bakwa ke bopelotshetlha. Mme go ntse fela jaaka mofilosofi wa bogologolo Seneca a ne a bolela gore “tlholego yotlhe e ka se kgotsofatse bopelotshetlha”—go akaretsa le dikgwa tse dikgolo tsa pula tsa Amazon.
Go farologana le balemirui ba ba dikobo di magetleng ba ba itshokolelang, ba Amazon, boramadirelo a magolo le batho ba ba nang le ditsha tse dikgolo tsa naga bone ba nnetse go remaka sekgwa gore ba bone poelo e ntsi. Balaodi ba bontshitse gore ditšhaba tsa Bophirima le tsone di tshwanetse go bonwa molato wa go tsenya letsogo mo tirong ya go rema ditlhare kwa Amazon. Setlhopha sengwe sa babatlisisi ba kwa Jeremane se konela ka gore: “Madirelo a dinaga tse di humileng a dirile gore go nne le tshenyo e e leng teng jaanong mo tikologong.” Commission on Development and Environment for Amazonia e boletse gore go somarelwa ga Amazon go batla fela gore go nne le “mokgwa o mosha wa boitsholo wa lefatshe lotlhe, mokgwa wa boitsholo o o tla dirang tsela e e botoka ya go tlhabolola dilo e e ikaegileng ka go nna seoposengwe le go dira dilo ka tshiamo.”
Le fa go ntse jalo, mosi o o kuelelang kwa Amazon o gakolola motho gore go sa kgathalesege matsapa a a tsewang ke palo e e ntseng e e oketsega ya banna le basadi ba ba ratang tikologo mo lefatsheng lotlhe, go fetola dikakanyo tse disha go nna selo sa mmatota go itshupile go le bokete fela jaaka go tshwara mosi. Ka ntlha yang?
Medi ya mekgwa e sa siamang e e jaaka go nna pelotshetlha e nweletse thata kwa tengteng ga batho go feta ka fa medi ya ditlhare tsa Amazon e nweleletseng ka teng mo mmung wa sekgwa seo. Le fa mongwe le mongwe wa rona a tshwanetse go dira se a ka se kgonang go thusa mo go somareleng dikgwa, re tla bo re ipolaisa pelo fela fa re solofela gore batho ba tla kgona go baakanya dilo tse di boteng le tse di raraaneng thata tse di bakang go senngwa ga dikgwa le fa ba ka tswa ba tlhoafetse go le kana kang. Se Kgosi Solomone wa bogologolo, motho yo o botlhale yo o neng a etse batho tlhoko a ileng a se kwala dingwaga di ka nna dikete tse tharo tse di fetileng se sa ntse se le boammaaruri. Ka thata ya motho fela, “se se sokameng ga se kake sa siamisiwa.” (Moreri 1:15) Se se tshwanang le seo ke polelo ya Sepotokise e e reng, “O pau que nasce torto, morre torto” (Setlhare se se tlhogang se sokame, se swa se sokame). Le fa go ntse jalo, dikgwa tsa pula tse di mo lefatsheng lotlhe di na le isagwe. Ka ntlha yang?
Tshedimosetso Kwa Pele
Dingwaga di ka nna lekgolo tse di fetileng, mokwadi wa kwa Brazil e bong Euclides da Cunha o ne a kgatlhilwe thata ke bontsi jwa ditshedi tse di leng teng mo Amazon a ba a tlhalosa dikgwa tseo e le “tsebe e e sa phasaladiwang e e tshwanang fela le Genesise.” Le fa gone motho a ntse a senya le go gagola “tsebe” eo, dikgwa tse di leng teng tsa Amazon, jaaka pego ya Amazonia Without Myths e bolela, e sa ntse e le “sesupo sa gore lefatshe le na le keletso ya go boela kwa mannong a lone a ntlha fela jaaka le ne le ntse ka nako ya Popo.” Mme gone le tla tsaya lobaka lo lo kana kang?
Akanya seno: Sekgwa sa pula sa Amazon le dikgwa tse dingwe tsa pula mo lefatsheng ke sesupo sa, jaaka Da Cunha a tlhalosa, “botlhale jo bo sa tshwaneng le bope.” Go tloga fela ka medi go ya kwa dikaleng, ditlhare tsa sekgwa seno di supa sentle gore ke ditiro tsa motlhami yo mogolo. Ka ntlha ya seno, a Motlhami yono yo Mogolo a ka letla batho ba ba pelotshetlha go nyeletsa dikgwa tsa pula le go senya lefatshe? Boporofeti jwa Baebele bo araba potso eno ka nnyaa yo mogolo! E balega jaana: “Merafe ya shakgala, mme tšhakgalo ya gago [Modimo] ya tla, le nako e e tlhomilweng ya . . . go senyaka ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.
Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore boporofeti jono ga bo re bolelele fela gore Mmopi o tla khumula bothata jono ka medi ka go fedisa batho ba ba pelotshetlha mme gape o tla dira seno mo motlheng wa rona. Ke eng re ka re jalo? Boporofeti jwa re Modimo o tla tsaya kgato ka nako ya fa motho a tla bo a “senyaka” lefatshe. Fa mafoko ao a ne a kwalwa dingwaga di ka nna dikete tse pedi tse di fetileng, batho ba ne ba se bantsi mme e bile ba ne ba se na didirisiwa tsa go dira jalo. Mme dilo di fetogile. Buka ya Protecting the Tropical Forests—A High-Priority International Task, e akgela jaana: “Go feta le fa e le leng mo hisitoring gompieno motho a ka senya dilo tsa botlhokwatlhokwa tse di mo tshedisang e seng fela tsa dikarolo kgotsa dikgaolo tse a nnang mo go tsone, mme tsa mo lefatsheng lotlhe.”
“Nako e e tlhomilweng” e Mmopi a tla tsayang kgato ka yone kgatlhanong le “ba ba senyang lefatshe” e setse e le gaufi. Sekgwa sa pula sa Amazon le ditikologo tse dingwe tse di mo kotsing mo lefatsheng di na le isagwe. Mmopi o tla tlhomamisa gore seo se a diragala—mme seo ga se tlhamane, mme ke selo sa mmatota.
Go Leka go Somarela
Lefelo lengwe le le ka lekanang le disekweremetara di le 400 000 le ditlhare le dijalo tse dingwe di tlhogileng mo go lone morago ga gore sekgwa se rengwe la toropokgolo e e mo magareng ya Amazon ya Manaus, mo go lone go na le diofisi tse di farologaneng tsa National Institute for Research ya Brazil kwa Amazon kgotsa INPA. Setheo seno se se nang le dingwaga di le 42 se le teng, se se nang le maphata a a farologaneng a le 13 a a rutang ka sengwe le sengwe go tloga ka ikholoji go ya go thutodikgwa go fitlha ka boitekanelo jwa motho, ke mokgatlho o mogolo wa dipatlisiso go gaisa yotlhe mo kgaolong eo. Gape ke setheo se segolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng se se kgobokantseng dilo tse di jaaka dijalo, ditlhapi, digagabi, ditshedi tse di tshelang mo metsing le mo lefatsheng, diamusi, dinonyane le ditshenekegi tsa kwa Amazon. Tiro e e dirwang ke babatlisisi ba le 280 ba setheo seo e thusa batho go tlhaloganya botoka tsela e e raraaneng e tikologo ya Amazon e dirang ka yone. Baeng ba ba etelang setheo seno ba tswa koo ba na le tsholofelo. Go sa kgathalesege dithibelo tsa puso le tsa sepolotiki, borasaense ba kwa Brazil le ba dinaga di sele ba menne phatlha gore ba tla leka ka natla go somarela sekgwa sa pula se se tlhomologileng go gaisa tsotlhe mo lefatsheng—sa Amazon.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Tsela ya dikota e e dirilweng go tswa mo sekgweng
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Dikungo tse di tswang mo sekgweng seno sa pula: maungo, manoko, leokwane, raba le tse dingwe tse dintsi
[Motswedi wa Setshwantsho]
J. van Leeuwen, INPA-CPCA, Manaus, Brazil