LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 4/8 ts. 12-16
  • Mahutsana ka Sekgwa Seno sa Pula

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mahutsana ka Sekgwa Seno sa Pula
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ditshedi Tse di Suleng” Tse di Fitlhelwang Fale le Fale
  • A go Rema di Sekae, go Senya go Sekae Fela?
  • Go Mena “Mmata”
  • Mefuta ya Ditshedi e a Nyelela —Molato ke Eng ka Gone?
  • Fa go Sena Letlepu, Ga go Nne Leuba
  • Dimela Tse di Solofetsang
  • Go Senka Ditharabololo
    Tsogang!—1997
  • Go Senyaka Dikgwa Tsa Pula
    Tsogang!—1998
  • Mesola ya Dikgwa Tsa Pula
    Tsogang!—1998
  • Ke Eng Fa Dikgwa tsa Pula di Tshwanetse go Babalelwa?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 4/8 ts. 12-16

Mahutsana ka Sekgwa Seno sa Pula

SEKGWA sa pula sa Amazon fa o se leba go tswa mo sefofaneng se go gakolola ka lefelo le le lekanang le kontinente le le adilweng ka bojang, le lebega le le botala e bile le le phepa fela jaaka nako ya fa Orellana a ne a le ribolola. Fa o ntse o tsamaya ka bothata mo teng ga sekgwa seo se se mogote, se se bongola fa fatshe, o ntse o tila ditshenekegi tse di lekanang le seamusi se sennye, o tla fitlhela go le thata go farologanya selo se e leng sa mmatota le se e seng sa mmatota. Se se neng se lebega e le matlhare se fetoga dirurubele, medi e fetoga dinoga, dikgonnyana tse di omeletseng di fetoga digagabi tse di boifisang tse di tabogang ka lebelo le le kwa godimo. Kwa sekgweng sa pula sa Amazon, o sa ntse o sa kgone go farologanya selo sa mmatota le se e seng sa mmatota.

Mongwe yo o etseng dilo tlhoko o ne a akgela jaana: “Se se jesang kgakge thata ke gore kwa Amazon dilo tsa mmatota di kgatlha fela jaaka tse e seng tsa mmatota.” Eleruri, di a kgatlha! Akanya fela ka sekgwa se se lekanang le Yuropa Bophirima ka bogolo. Se tletse ka mefuta e ka nna 4000 e e farologaneng ya ditlhare. Akanya fela se kgabisitswe ka bontle jwa mefuta e feta 60 000 e e farologaneng ya dithunya. Se tsabakela ka mebala ya dinonyane tsa mefuta e e farologaneng e ka nna 1000. Se humile ka mefuta e le 300 ya diamusi. Se tletse ka medumo ya ditshenekegi tse gongwe di leng dimilione tse pedi tsa mefuta e e farologaneng. Jaanong o tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa mongwe le mongwe yo o tlhalosang sekgwa sa pula sa Amazon a feleletsa a dirisa pheteletso. Ke pheteletso fela e kgonang go tlhalosa sentle tsela e sekgwa seno sa pula sa boboatsatsi se segolo go gaisa mo lefatsheng se tletseng ka mefutafuta ya ditshedi ka yone.

“Ditshedi Tse di Suleng” Tse di Fitlhelwang Fale le Fale

Dingwaga tse 90 tse di fetileng mokwadi wa Moamerika e bile e le rametlae, e bong Mark Twain o ne a tlhalosa sekgwa seno se se jesang kgakge a re ke “naga e e kgatlhang, naga ya boboatsatsi e e tletseng ka dilo tse dintsi tse di kgatlhang, naga e e jesang kgakge e mo go yone dinonyane tsotlhe le dithunya le diphologolo di tshelang mmogo jaaka e kete di mo musiamong, moo phologolosekakwena le kwena le kgabo di iketlileng fela jaaka e kete di mo Zuu.” Gompieno, dikakgelo tseo tsa metshamekwane tsa ga Twain di fetogile tse di utlwalang. Dimusiamo le dirapa tsa diphologolo e tloga e nna tsone fela magae a a setseng go boloka palo e e golang ya dilo tse di kgatlhang tsa boboatsatsi tsa Amazon. Ka ntlha yang?

Selo se segolo se se bakang seno se mo pepeneneng go bo motho a rema sekgwa sa pula sa Amazon, a senya legae la tlholego la dimela le diphologolo tsa teng. Le fa go ntse jalo, kwantle ga tshenyo eno e kgolo ya mafelo ano, go na le dilo tse dingwe—tse di bofitlha thata—tse di dirang gore mefuta ya dimela le diphologolo e fetoge “ditshedi tse di suleng,” le mororo e sa ntse e tshela. Ka mafoko a mangwe, dipuso di dumela gore ga go na sepe se se ka dirwang go thibela mefuta eo ya ditshedi gore e se ke ya swa.

Sengwe sa dilo tse di bakang seno ke go bo di fitlhelwa fale le fale. Badiredi ba puso ba ba kgatlhegelang tlholego ba ka nna ba kganela go kgaolwa ga ditlhare ka saga mo karolong e e rileng ya sekgwa go sireletsa ditshedi tse di nnang moo. Le fa go ntse jalo, sebata se sennye sa sekgwa se ka dira gore mefuta eno ya ditshedi e feleletse e sule. Buka ya Protecting the Tropical Forests—A High-Priority International Task e neela sekai go bontsha gore ke ka ntlha yang fa sebata se sennye sa sekgwa se sa kgone go thusa gore ditshedi di tshele lobaka lo loleele.

Gantsi mefuta ya ditlhare tsa boboatsatsi e na le ditlhare tse di tonanyana le tse di namagadi, tse di golang di katogane thata. Gore di ikatise, di bona thuso go tswa go bommamathwane ba ba tsamaisang mmudula go tswa mo dithunyeng tse di tonanyana go ya go tse di namagadi. Gone mme, tiro eno ya go tsamaisa mmudula go tswa mo setlhareng se sengwe go ya go se sengwe e dira fela fa setlhare se le mo tikologong e mmamathwane a fofelang mo go yone. Fa sekgala gareng ga setlhare se se namagadi le se se tonanyana se le segolo thata—e leng se gantsi se diragalang fa sebata se sennye sa sekgwa se feleletsa se potologilwe ke naga e kgolo e e se nang sepe—mmamathwane ga a kgone go fofa sekgala se segolo jalo. Pego e akgela ka gore, ditlhare jaanong di fetoga “‘ditshedi tse di suleng’ e re ka jaanong go ikatisa ga tsone go go tsayang lobaka lo loleele go sa tlhole go kgonega.”

Kgolagano eno e e fa gare ga ditlhare le bommamathwane ke nngwe fela ya dikamano tse dintsintsi tse di tshwaraganyang tikologo ya tlholego ya Amazon. Fa go tlhalosiwa ka tsela e e motlhofo fela, sekgwa sa Amazon se tshwana le ntlo e kgolo e mo go yone mefuta e e farologaneng ya ditshedi tse dintsintsi mme di tshedisana mmogo e bonang manno le dijo. Gore di se ke tsa pitlagana, ditshedi tse di nnang mo dikgweng tsa pula di nna mo dikarolong tse di farologaneng, tse dingwe gaufi le boalo jwa sekgwa, tse dingwe tsone kwa godimo kwa ditlhareng. Banni ba teng botlhe ba na le tiro e rileng, mme ba bereka ka dinako tsotlhe—ba bangwe motshegare, ba bangwe bosigo. Fa mefuta yotlhe ya ditshedi e letlelelwa go nna le seabe mo tirong, tikologo eno e e mafaratlhatlha ya dimela le diphologolo tsa Amazon e dira kwantle ga mathata.

Le fa go ntse jalo, tikologo ya Amazon e ka senyega motlhofo. Tota le fa motho a ka tswa a senya mefuta e sekae fela ya ditshedi mo sekgweng seno, tshenyo eo e anamela kwa dikarolong tsotlhe tsa ntlo ya sekgwa. Mongwe yo o buelelang go sirelediwa ga tlholego e bong Norman Myers o fopholetsa gore go nyeletsa mofuta o le mongwe fela wa semela se se rileng, go ka dira gore mefuta e le 30 ya diphologolo e swe. Mme e re ka bontsi jwa ditlhare tsa boboatsatsi ka mo go tshwanang di ikaegile ka diphologolo gore di anamise peo ya tsone fa motho a nyeletsa mefuta e e rileng ya diphologolo, seno se felela ka gore ditlhare tseo tse di di direlang di nyelele. (Bona lebokoso la “Tirisanommogo Gareng ga Setlhare le Tlhapi.”) Go tshwenya dikamano tse di leng teng gareng ga ditshedi go dira gore bontsi jwa tsone e nne “ditshedi tse di suleng” fela jaaka go ntse ka tse di fitlhelwang fale le fale.

A go Rema di Sekae, go Senya go Sekae Fela?

Bangwe ba tlhofofatsa kgang ya go rema sekgwa go sekae ka go bolela gore sekgwa se tla gola gape se tlhoga dimela tse disha tse di botala mo nageng e e neng e remilwe fela jaaka mebele ya rona e tle e tlhoge letlalo le lesha mo monwana o neng o segegile teng. A ke boammaaruri? E seng totatota.

Ke boammaaruri gore sekgwa se tla gola gape fa motho a tlogela karolo e e remilweng ka lobaka lo loleele sentle. Mme le fa go ntse jalo ke boammaaruri gape gore dimela tse disha tse ga di ne di tshwana kgo! le sekgwa sa kwa tshimologong fela jaaka fotokhopi e e bokoa e sa tlhagise lekwalo le le tshwanang kgo! le la kwa tshimologong. Ima Vieira moithutadimela wa kwa Brazil, o ne a sekaseka karolo e e neng ya jalwa sesha ya sekgwa sa Amazon e e neng e feditse lekgolo la dingwaga e se na sepe mme a fitlhela gore mo mefuteng e le 268 ya ditlhare tse di neng di tlhola di tlhoga mo sekgweng sa bogologolo, ke di le 65 fela tse di dirang karolo ya sekgwa se gompieno se jetsweng sesha. Moithutadimela yono a re, pharologanyo eno e fitlhelwa le mo mefuteng ya diphologolo tsa kgaolo eo. Ka jalo, le fa go rengwa ga dikgwa, jaaka bangwe ba bolela, go sa fetole dikgwa tse ditala go di dira dikaka tse di khibidu, go fetola dikarolo dingwe tsa sekgwa sa pula sa Amazon go nna bokoa se sa tshwane le sekgwa sa kwa tshimologong.

Mo godimo ga moo, go kgaola karolo e nnye fela ya sekgwa gantsi go bolaya dimela le diphologolo tse dintsi tse di kgonang go gola, go gagaba le go nna fela mo karolong eo ya sekgwa mme e seng gope go sele. Ka sekai, babatlisisi ba kwa Ecuador ba fitlhetse mefuta ya dimela e le 1025 mo karolong nngwe ya sekgwa seno sa boboatsatsi sa disekwerekilometara di le 1,7. Mefuta e feta 250 ya tsone ga e tlhoge gope go sele mo lefatsheng. Moitseikholoji wa kwa Brazil e bong Rogério Gribel a re: “Sekai se se tlwaelegileng ke sa sauim-de-coleira (ka Seesemane pied bare-faced tamarin),” kgabo e nnye e e kgatlhang e e lebegang e kete e apere sekipa se sesweu. Dr. Gribel a re: “Tse di mmalwa fela tse di setseng di tshela fela mo karolong e nnye ya sekgwa gaufi le Manaus mo bogareng jwa Amazon, mme go senngwa ga lefelo leo le lennye go tla fedisa mofuta oo ka bo sa khutleng.” Go ka remiwa go sekae fela mme tshenyego ya nna kgolo.

Go Mena “Mmata”

Le fa go ntse jalo, go rema dikgwa gotlhelele ke go baka mahutsana a magolo mo sekgweng sa pula sa Amazon. Baagi ba ditsela, batho ba ba remang ditlhare, badiri ba meepo le ba bangwe ba bantsintsi ba mena dikgwa fela jaaka go menwa mmata o o alwang fa fatshe, ba nyeletsa tikologo yotlhe ka go panya ga leitlho.

Fa go sa ntse go ganetsanwa thata malebana le gore go senngwa sekgwa go le kana kang ka ngwaga kwa Brazil—ba ba sireletsang tlholego ba fopholetsa gore go senngwa disekwerekilometara di le 36-000 ka ngwaga—palogotlhe ya sekgwa sa pula sa Amazon tse di setseng di sentswe di ka tswa di feta diperesente di le 10, e leng lefelo le le fetang Jeremane ka bogolo. Lekwalodikgang le le tswang beke le beke la kwa Brazil Veja, le begile gore go fisiwa ga dikgwa di ka nna 40 000 ke balemirui ba ba remang le go ja dikgwa ka molelo go ile ga ya kwa godimo thata mo nageng eo ka 1995—makgetlho a le tlhano go feta ngwaga o o tlileng pele ga oo. Veja e lemositse gore motho o tshwere dikgwa ka tsela e e makgwakgwa mo e leng gore dikarolo tse dingwe tsa Amazon di tshwana le “molelo o o bogale mo molelwaneng o motala.”

Mefuta ya Ditshedi e a Nyelela —Molato ke Eng ka Gone?

Bangwe ba botsa gore, ‘a mme gone re tlhoka dimilionemilione tseo tsotlhe tsa mefuta ya ditshedi?’ Ee, re a di tlhoka, go rialo mongwe yo o buelelang go sirelediwa ga tlholego e bong Edward O. Wilson wa Harvard University. Wilson a re: “E re ka re ikaegile ka tikologo e e dirang sentle go phepafatsa metsi a rona, go nonotsha mmu wa rona le gore re nne le mowa o re o hemang, ruri ga re a tshwanela go nna botlhaswa go senyaka methalethale ya ditshedi.” Buka ya People, Plants, and Patents ya re: “Go nna gone ga mefutafuta ya ditshedi ke gone go ka dirang gore motho a tswelele a tshela. Fa mefutafuta eno ya ditshedi e ka nyelela, go ise go ye kae go tla latela rona.”

Eleruri, tsela e go nyeletsa mefuta ya ditshedi go senyang dilo ka yone ga go felele fela ka go diga ditlhare, go baya diphologolo mo kotsing ya go nyelela, le go tshwenya batho ba ba tlholegileng ba nna koo. (Bona lebokoso la “Go Amega ga Batho.”) Go nyelela ga dikgwa go ka go ama. Akanya fela ka seno: Molemirui kwa Mozambique yo o remang matlhaka a cassava, mmè wa kwa Uzbekistan yo dirisang dipilisi tsa thibelapelegi, mosimane yo o gobetseng kwa Sarajevo a newa morphine kgotsa moreki mongwe a reka senkgisamonate mo lebenkeleng kwa New York—batho bano botlhe ba dirisa dilo tse di tswang mo dikgweng tsa boboatsatsi, go rialo Panos Institute. Ka jalo, dikgwa tse di sa ntseng di le teng di thusa batho mo lefatsheng lotlhe—go akaretsa le wena.

Fa go Sena Letlepu, Ga go Nne Leuba

Gone ke boammaaruri gore dikgwa tsa pula tsa Amazon di ka se tlamele lefatshe lotlhe ka letlepu, mme fela di ka thusa go kganela leuba la lefatshe lotlhe. (Bona lebokoso la “Tlhamane ka ga Mmu o o Nonneng.”) Ka tsela efe? Ka bo1970 motho o ne a simolola go jala dingwe tsa dimela tse dintsi tse di farologaneng tse di neng di tlhagisa dijo tse dintsi. Le fa dimela tseno tse di tlhagisang dijo tse dintsi di thusitse go fepa batho ba bangwe ba le dimilione di le 500, go na le mathata a a bofitlha. E re ka di se na dijine tse di farologaneng, di bokoa e bile di tsenwa ke malwetse motlhofo. Baerase e ka senya karolo e kgolo ya sejalo se segolo sa setšhaba mo go ka bakang leuba le legolo.

Ka jalo go tlhogisa dijalo tse di nonofileng le go tila tlala, gone jaanong Food and Agriculture Organization (FAO) ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e rotloetsa gore go “dirisiwe mefuta e e farologaneng ya dijini.” Mme fano ke teng moo dikgwa tsa pula le baeng ba ba tlholegileng koo ba tsenang teng.

E re ka sephatlo sa dimela tse di fitlhelwang mo lefatsheng lotlhe di bonwa mo dikgweng tsa boboatsatsi (tse di akaretsang mefuta ya dimela tse di jewang e ka nna 1650), lefelo leno la mefutafuta ya dimela la Amazon ke lefelo le le siametseng mmatlisisi ope fela yo o senkang mefutafuta ya dimela tsa naga. Mo godimo ga moo, banni ba dikgwa tseno ba itshedisa ka dimela tseno. Ka sekai, Ba-Cayapo e bong Baindia ba Brazil, ga ba dire fela gore dimela tse disha di ikatise mme gape ba boloka di le mmalwa tsa tsone mo bobolokelong go iphaphatha le dithaba. Go dira gore mefuta e e farologaneng eno ya dimela tsa naga e ikatise ka go di tswakanya le mefuta e mengwe e e farologaneng e e seng ya naga e e tsenwang ke malwetse motlhofo go tla nonotsha le go godisa dimela tse motho a di jang. FAO ya re thuso eo e tlhokega ka potlako, ka ntlha ya gore “go tlhokega gore mo dingwageng tse 25 tse di latelang dijo tse di tlhagiswang di oketsege ka 60%.” Le mororo go bonelwa pele seo, dikatakata tse di remang dikgwa di nnetse go tsenelela kwa tengteng ga sekgwa sa pula sa Amazon.

Seo se felela ka eng? Tsela e motho a senyang sekgwa seno sa pula ka yone e tshwana le fa molemirui a ja peo ya gagwe ya mabele—o kgotsofatsa fela tlala ya ka nako eo mme fela o senya dijo tse a tla itlamelang ka tsone mo isagweng. Setlhopha sengwe sa bomankge ba tsa methalethale ya ditshedi bosheng jaana se ne sa lemosa gore “go sirelediwa ga tlholego le go tlhabololwa ga mefuta e e farologaneng e e setseng ya dijalo ke kgang e e botlhokwa e e amang lefatshe lotlhe.”

Dimela Tse di Solofetsang

Jaanong tsena mo “khemising” ya sekgwa, mme o tla bona gore botshelo jwa motho bo amana thata le ditlhare tsa boboatsatsi le dimela tse dingwe. Ka sekai, di-alkaloid tse di monyiwang go tswa mo ditlhareng tsa Amazon di dirisiwa jaaka disidilamesifa pele ga karo; bana ba le 4 mo go ba le 5 ba ba tshwerweng ke leukemia ba thusiwa go tshela lobaka lo loleelenyana ke dikhemikale tse di bonwang mo sethunyeng sa sekgwa se se bidiwang rosy periwinkle. Sekgwa seno gape se tlhagisa quinine, e e dirisediwang go lwantsha malaria; digitalis, e e dirisiwang go alafa bolwetse jwa pelo; le diosgenin e e dirisiwang mo dipilising tsa thibelapelegi. Dimela tse dingwe di ile tsa fa batho tsholofelo ya gore di ka lwantsha AIDS le kankere. Pego nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya re: “Mo Amazon fela, go bonwe mefuta e le 2000 ya dimela tse banni ba ba tlholegileng koo ba ntseng ba di dirisa go ikalafa ka tsone e bile di ka kgona go rekisiwa mo dikhemising.” Patlisiso e nngwe ya re mo lefatsheng lotlhe, batho ba le 8 go ba le 10 ba dirisa melemo e e tswang mo dijalong go alafa malwetse a bone.

Ka jalo go a utlwala he gore re namole dijalo tse di re namolang, go rialo Dr. Philip M. Fearnside. O oketsa jaana: “Go nyelela ga sekgwa sa Amazon go tsewa e le sone selo se se dirang gore batho ba palelwe ke go bona kalafi ya kankere mo bathong. . . . Kgopolo ya gore kgatelopele e kgolo e e fitlheletsweng mo go tsa kalafi ya segompieno e tshwanetse go re dira gore re se tseye tsia botlhokwa jwa dimela tseno, ke boikgogomoso jo bo ka nnang jwa baka loso.”

Le fa go ntse jalo, motho o ntse a tswelela pele a senya diphologolo le dijalo ka bonako go feta ka moo a di lemogang le go itse mofuta wa tsone ka teng. Seno se dira gore o ipotse gore: ‘Ke ka ntlha yang go rengwa ga dikgwa go sa ntse go tswelela? A tlwaelo eno e ka tlogelwa? A sekgwa sa pula sa boboatsatsi sa Amazon se na le isagwe?’

[Lebokoso mo go tsebe 15]

Tlhamane ka ga Mmu o o Nonneng

Makasine wa Counterpart, o bontsha gore kgopolo ya gore mmu wa Amazon o nonne, ke “tlhamane e go leng bokete go e nyeletsa.” Mo masimologong a lekgolo la bo19 la dingwaga, mmatlisisi mongwe e bong Alexander von Humboldt o ne a tlhalosa Amazon e le “bobolokelo jwa lefatshe.” Dingwaga di le lekgolo moragonyana, Poresidente wa United States e bong Theodore Roosevelt le ene o ne a akanya gore Amazon e ka nna lefelo le le siametseng temothuo. O ne a kwala jaana: “Eleruri, naga e e humileng le e e nonneng jalo e ka se tlogelwe fela e sa lemiwa.”

Ee ruri, molemi yo o dumalanang le bone o fitlhela gore mo ngwageng kana di le pedi, naga eo e ntsha dijalo tse dintle ka ntlha ya gore melora ya ditlhare le dijalo tse di fisitsweng e nontsha mmu. Le fa go ntse jalo, moragonyana mmu o fetoga o o sa ungweng. Le fa tota sekgwa se tlhoga dimela tse dikgolo tse di tala tse di dirang gore motho a akanye gore mmu wa teng kwa tlase o humile, boammaaruri ke gore, ke one karolo e e bokoa ya sekgwa. Ka ntlha yang?

Tsogang! e ne ya buisana le Dr. Flávio J. Luizão, mmatlisisi kwa National Institute for Research mo Amazon e bile e le moitse ka ga mmu wa dikgwa tsa pula. Dingwe tsa dikakgelo tsa gagwe ke tseno:

‘Go farologana le mefuta e mengwe e mentsi ya mmu wa sekgwa, bontsi jwa mmu wa mokgatšha wa Amazon ga o bone dikotla go tswa kwa tlase go ya kwa godimo, go tswa mo matlapeng a a foforegang, ka gonne letlapa le legolo kwa tlase le tlhaela dikotla mme le tseneletse kwa tengteng ga mmu. Go na le moo, mmu o o mo godimo o bona dikotla go tswa kwa godimo go ya kwa tlase, go tswa mo puleng le mo dijalong tse di suleng tse di leng mo godimo ga mmu. Le fa go ntse jalo, marothodi a pula le matlhare a a weleng di tlhoka thuso gore di fetoge dinonotshammu. Ka ntlha yang?

‘Metsi a pula a a welang mo sekgweng seno sa pula ga a na dinonotshammu ka boone. Le fa go ntse jalo, fa a itaya matlhare mme a elela le mo dikutung tsa ditlhare, a elela le dinonotshammu go tswa mo matlhareng, mo dikaleng, mo boribeng, mo boleleng, mo dintlhageng tsa ditshoswane le mo leroleng. Fa metsi ano a tsena mo mmung, a setse a fetogile dijo tse di siameng tsa dijalo. Go thibela dijo tseno tsa dieledi go tsena mo megobeng, mmu o dirisa medi e mesesane e mentsintsi e e anameng mo godimo ga mmu ka disentimetara di sekae go tshwara dinonotshammu tseno. Bosupi jwa gore tsela eno ya go di tshwara e dira sentle ke gore melapo e metsi ano a pula a elelelang mo go yone e na le dinonotshammu di sekae fela fa e bapisiwa le mmu wa sekgwa ka boone. Ka jalo dinonotshammu di tsena mo meding pele ga metsi a tsena mo mogobeng kana mo dinokeng.

‘Motswedi o mongwe gape o di bonang dijo ka one ke matlakala—matlhare, dikalana le maungo a a weleng. Ditone di ka nna robedi tsa matlakala a masesane di wela mo heketareng e le nngwe ya boalo jwa sekgwa ngwaga mongwe le mongwe. Mme le fa go ntse jalo matlakala ao a tsena jang ka fa tlase ga mmu le mo teng ga medi ya setlhare? Metlhwa e a thusa. E kgaola matlhare go a dira dikarolwana tse di sediko e bo e tsenya dikarolwana tseno mo dintlhageng tsa yone tse di ka fa tlase ga mmu. Segolobogolo mo dipakeng tsa dipula, e semelela tota e sutisa diperesente di le 40 tsa matlakala go a tsenya mo tlase ga boalo jwa sekgwa ka mokgwa o o gakgamatsang. Di fitlha di dirisa matlhare go lema ditshimo tse dithuthuntshwane di tlhogang mo go tsone. Dithuthuntshwane tseno, le tsone di bodisa dikarolwana tsa dijalo di bo di ntsha naeterojene, foseforase, khalesiamo le dielemente tse dingwe—e leng dinonotshammu tse di siametseng dijalo.

‘Metlhwa yone o ungwa eng? Dijo. E ja dithuthuntshwane gape e metsa dikarolwana tsa matlhare. Morago ga moo, ditshenekegi tse di sa bonaleng tse di leng mo maleng a metlhwa di semelela thata go fetolafetola dijo tseno tsa metlhwa ka dikhemikale tsa tsone mo e leng gore fa tshenekegi eno e ntsha mantle a tla bo a na le dijo tse di humileng tsa dijalo. Ka jalo pula le go fetoga ga dilo tse dingwe fa di sena di bola ke dilo tse pedi tse di dirang gore sekgwa sa pula se age se le gone e bile se gola.

‘Go motlhofo go bona se se diragalang fa o rema sekgwa o bo o se ja ka molelo. Go a bo go sa tlhole go na le marulelo a a kgoreletsang marothodi a pula kana boalo jwa matlakala jo bo tla fetogang gape. Mo boemong jwa seo, dipula tse di bogale di itaya mmu o o senang sepe ka tlhamalalo ka thata, mme seo se dira gore bogodimo jwa mmu bo kwakwalale. Mo godimo ga moo, marang a letsatsi a a tlhabang mmu ka tlhamalalo a oketsa themperetšha ya one le go o papiela. Ditlamorago ke gore jaanong metsi a pula a gogola mmu, mme ga a sa otla mmu a otla dinoka. Go tlhaelelwa ke dinonotshammu mo go bakwang ke go rengwa ga dikgwa le go fisa naga go ka oketsega thata mo e leng gore melapo e e leng gaufi le lefelo le le remilweng e ka tshwara bothata jwa go nna le dinonotshammu tse dintsi mo go bayang mefuta ya ditshedi tse di nnang mo metsing mo kotsing. Go phepafetse gore fa sekgwa se sa tshwenngwe, se a inonotsha, mme fa motho a se kgoreletsa go nna le masetlapelo.’

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]

Go Amega ga Batho

Go tshwenya tikologo le go rengwa ga dikgwa ga go gobatse dijalo le diphologolo fela mme go gobatsa le batho. Baindia ba ka nna 300 000, ba e leng masalela a Baindia ba le 5000-000 ba ba kileng ba bo ba nna mo kgaolong ya Brazil ya Amazon, ba sa ntse ba tshela mmogo ka kutlwano mo tikologong ya bone ya dikgwa. Baindia bano ba tshwenngwa thata ke batho ba ba remang ditlhare go dira ditlhomeso, batho ba ba epang gauta le ba bangwe, ba bontsi jwa bone ba tsayang Baindia e le “dikgoreletsi tsa tlhabologo.”

Mme go na le ba-caboclos, e leng batho ba ba nonofileng ba ditso tse di tlhakaneng tsa basweu le Baindia ba borraabonemogolo ba neng ba nna mo Amazonia dingwaga di le 100 tse di fetileng. Ka ba ne ba nna mo matlong a a agilweng mo godimo ga dipilara go bapa le dinoka, ba ne ba ise ba utlwe sepe ka lefoko “ikholoji,” mme fela ba ne ba tshela ka dilo tse di mo sekgweng kwantle ga go se senya. Le fa go ntse jalo, go nna teng ga bone letsatsi le letsatsi go amiwa ke bontsi jwa batswakwa ba ba tsenang mo sekgweng se e leng legae la bone.

Tota e bile mo sekgweng sotlhe sa pula sa Amazon, isagwe ya batho ba le 2000 000 ba ba selang manoko, ba ba ntshang raba mo ditlhareng, batshwaraditlhapi le banni ba bangwe ba ba tlholegileng koo ba ba tshelang mmogo ka kutlwano le medikologo ya sekgwa le go elela ga dinoka ka gale, ga ya tlhomama. Batho bangwe ba dumela gore matsapa a a tsewang go boloka sekgwa a tshwanetse go nna a a fetang fela go sireletsa ditlhare tsa mahogany le manatees. Go tshwanetse ga sirelediwa le batho ba ba nnang mo sekgweng seo.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Tirisanommogo Gareng ga Setlhare le Tlhapi

Mo pakeng ya dipula, Noka ya Amazon e a tlala mme e khurumetse ditlhare tse di golang mo dikgweng tse di mo lefelong le le kwa tlase. Mo setlhoeng sa morwalela, ditlhare di le dintsi tsa sekgwa seno di nna le maungo mme di dige dipeo tsa tsone—gone mme, go a bo go se na digagabi tse di ka di anamisang. Fano ke gone fa tlhapi ya tambaqui (Colonnonea macropomum) e nnang le seabe teng, e bong tlhapi e e kokobalang e e thugang dithoro e e kgonang go dupelela sentle. Fa e ntse e thuma mo gare ga dikala tse di weleng, e dupelela ditlhare tse di tlogang di diga dipeo. Fa dipeo di wela mo metsing, tlhapi eno e phura dikgapetla tsa tsone ka metlhagare ya yone e e thata, mme e metse dipeo, e bo e thuga karolo e e boruma ya loungo, morago ga moo e ntshetse dipeo tseo kwa ntle mo boalong jwa sekgwa e leng moo e tla tlhogang teng fa metsi a morwalela a sena go kgala. Tlhapi le setlhare di sologelwa molemo. Tlhapi ya tambaqui yone e boloka mafura, fa setlhare sone se ntsha matlhogela. Fa go remiwa ditlhare tseo go baya tambaqui le mefuta e mengwe e le 200 ya ditlhapi tse di jang maungo mo kotsing.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela