Baebele ka Puo e e Dirisiwang Letsatsi le Letsatsi
By courtesy of the Director and University Librarian, The John Rylands University of Manchester
“FA E le gore o dumela gore Baebele ke lefoko la Modimo go batho, seno se raya gore Modimo o buisana le rona. . . . Fa e le gore bodumedi jwa gago bo ama botshelo jotlhe jwa gago, go raya gore [Baebele] e tshwanetse go bo e kwadilwe ka puo e e dirisiwang letsatsi le letsatsi.” Go kwadile jalo Alan Duthie wa mokanoki mo bukeng ya gagwe ya Bible Translations: And How to Choose Between Them.
Barati ba Lefoko la Modimo ba dumela seno ka pelo yotlhe. Ba dumela ka tlhoafalo gore “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go sugeng ka tshiamo.” (2 Timotheo 3:16) Baebele ga se buka e e feletsweng ke nako mo bodumeding. E a “tshela e bile e tsenya maatla,” mme e ntsha ditharabololo tsa mmatota tsa mathata a botshelo jwa letsatsi le letsatsi. (Bahebera 4:12) Le fa go ntse jalo, gore buka e e boitshepo eo e tlhaloganngwe le go dirisiwa ke babadi ba yone, e tshwanetse go nna ka puo e e dirisiwang letsatsi le letsatsi. Kana e bile, se go tweng ke Tesetamente e Ntšha se ne sa kwalwa, e seng ka Segerika se se thata se se neng se dirisiwa ke borafilosofi ba ba tshwanang le Plato, mme mo Segerikeng se se tlwaelegileng se se neng se dirisiwa letsatsi le letsatsi se se bidiwang Sekoine. Ee, Baebele e ne ya kwalwa gore e tle e balwe le go tlhaloganngwa ke batho ba e seng ba maemo.
Ka ntlha ya seno, go dirilwe dithanolo di le dintsi tsa segompieno mo dingwageng tsa bosheng jaana mo dipuong tse di farologaneng. Matswela e nnile a a molemo. Go dirilwe gore Dikwalo di bonwe motlhofo mo bathong ka kakaretso. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa dithanolo tseno di tlhaela mo go utlwisang botlhoko go ka ranola dilo sentle le ka tsela e e tlhomameng. Ka sekai, dingwe di leka go fitlha dithuto tse di utlwalang tsa Baebele tse di buang ka boemo jwa baswi, se moya wa motho e leng sone, le leina la Modimo wa boammaaruri.
Ka gone, barati ba Lefoko la Modimo ba itumelela go gololwa ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Setswana. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsise go gololwa ga thanolo eno ya segompieno kwa Dikopanong Tsa Kgaolo Tsa “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” tsa 1996. E opa kgomo lonaka tota fa e tlhalosa dilo e sa tlhotlhelediwe ke dithuto tsa bodumedi, e dira gore motho a tlhaloganye dilo tse di boteng tsa Baebele tse di ileng tsa subelwa batho ba ba neng ba tlwaelane le dipuo tsa yone tsa ntlhantlha. Le fa go ntse jalo o ka nna wa ipotsa gore ke mang yo o dirileng thanolo eno e e molemolemo?
Baranodi ba ba Galaletsang Modimo
Le mororo Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e le ntšha mo bathong ba ba buang Setswana, totatota e sa le e le teng go tloga ka 1950. Ka nako eo e ne ya gololwa ka Seesemane ke Watch Tower Bible and Tract Society—e leng Mokgatlho wa Baebele wa ditšhabatšhaba o o itsegeng ka go gatisa Baebele ka lobaka lo loleele. Leina la thanolo eno e ntšha—le le farologaneng gotlhelele le tlwaelo ya go kgaoganya Baebele ka kgolagano ya “bogologolo” le e “ntšha”—ke nngwe fela ya ditsela di le dintsi tse di supang kafa e tlhomologileng ka teng. Tora ya Tebelo ya September 15, 1950 (ka Seesemane), e rile: “Banna ba ba neng ba bopa komiti ya thanolo ba bontshitse keletso ya bone . . . ya go nna ba sa itsiwe, mme segolobogolo ga ba batle gore maina a bone a phasaladiwe fa ba sa ntse ba tshela kana fa ba tlhokafetse. Boikaelelo jwa thanolo eno ke go tlotlomatsa leina la Modimo o o tshelang wa boammaaruri.”
New World Translation of the Holy Scriptures, e leng bolumo e le nngwe ya kgatiso ya Baebele yotlhe e ne ya gololwa ka 1961. Le fa maina a baranodi ba yone a sa itsiwe le go fitlha gompieno, ga go na pelaelo epe fela malebana le se se ba tlhotlheleditseng kana bogolo jwa boineelo jwa bone. Ketapele ya kgatiso ya 1984 e ne ya bolela jaana: “Go ranola Dikwalo Tse di Boitshepo go raya go ranolela megopolo le mafoko a ga Jehofa Modimo mo puong e nngwe . . . Baranodi ba tiro eno, ba ba boifang e bile ba rata Mokwadi yo Mogolo wa Dikwalo Tse di Boitshepo, ba ikutlwa ba na le boikarabelo jo bo kgethegileng mo go Ene jwa go fetisa megopolo le mafoko a gagwe sentle ka mo ba ka kgonang ka teng.”
Mme le fa ba ne ba na le maikaelelo a a siameng, a maloko a komiti eo a ne a nonofile go ka dira tiro eno? Bakanoki bangwe ba ba sa itumedisiweng ke seo ba ne ba bolela gore fa go sa itsiwe maina a baranodi le bogolo jwa thutego ya bone, thanolo eo ya bone e tshwanetse go tsewa fela e le tiro ya bomagogorwane. Mme ga se bakanoki botlhe ba ba akanyang ka tsela eo e e sa akanyetseng mabaka. Alan S. Duthie o kwadile gore: “Fa re itse gore ke bomang baranodi kana bagatisi ba thanolo e e rileng ya Baebele, a seo se tla thusa go swetsa gore a thanolo eo e siame kana ga e a siama? Ga go a nna jalo. Ga go na se se ka gaisang go tlhatlhoba thanolo nngwe le nngwe ka boyone.”a
Babadi ba le diketekete ba dirile fela jalo. Go fitlha jaanong go setse go gatisitswe dikopi di feta 89 400 000 tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha mo dipuong di le 29 mo lefatsheng lotlhe. Ke eng se bontsi jwa babadi ba yone ba se lemogileng?
Thanolo e e Itshepisang Leina la Modimo
Mo go Mathaio 6:9 Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” Le fa go ntse jalo, mo dithanolong di le dintsi, Modimo ke mongwe fela yo o se nang leina, yo o bidiwang “Modimo” fela kana “Morena.” Le fa go ntse jalo, go ne go sa nna jalo kwa tshimologong. Modimo o ne a umakwa sentle ka makgetlho a le 7000 mo Dikwalong tsa Sehebera tsa kwa tshimologong ka leina la gagwe la mmatota e leng “Jehofa.” (Ekesodo 3:15; Dipesalema 83:18) Mo dingwageng tsa morago meetlo e ne ya dira gore Bajuta ba tlogele go dirisa leina la Modimo. Morago ga go tlhokafala ga baaposetoloi ba ga Jesu, meetlo eno e ne ya tshwaetsa phuthego ya Bakeresete. (Bapisa Ditiro 20:29, 30; 1 Timotheo 4:1.) Batho ba ba neng ba kwalolola dikarolwana tsa Segerika tsa Dikwalo ba ne ba simolola go emisetsa leina la mmatota la Modimo, e bong Jehofa, ka mafoko a Segerika Kyʹri·os le The·osʹ, ao ka go farologana a rayang “Morena” le “Modimo.”
Selo se se itumedisang ke go re, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e tsere kgato ya bopelokgale ya go busetsa leina Jehofa mo Dikwalong Tsa Bakeresete Tsa Segerika (“Kgolagano e Ntsha”), mme leina leo le tlhaga mo go tsone makgetlho a le 237. Le buseditswe jalo, e seng ka ntlha ya mogopolo wa baranodi, mme ka ntlha ya go sekaseka dilo sentle le ka kelotlhoko. Ka sekai, Luke 4:18 e nopola mafoko a a tswang mo go Isaia 61:1. Mo mokwalong wa kwa tshimologong wa Sehebera, leina Jehofa le tlhaga mo temaneng eo mo go Isaia.b Ke gone ka moo Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranotseng Luke 4:18 sentle jaana: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo.”
Dithanolo tse di jaaka tseo gape di thusa babadi go farologanya Jehofa Modimo mo go Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete. Ka sekai, dithanolo di le dintsi di ranola Mathaio 22:44 jaana: “Morena o ne a raya Morena wa me.” Mme gone go bua mang a raya mang? Totatota, temana eno e nopotswe go tswa mo go Pesalema 110:1 e mo dikwalong tsa Sehebera tsa kwa tshimologong e nang le leina la Modimo. Ka jalo Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola temana eno jaana: “Jehofa o ne a raya Morena wa me a re: ‘Nna kafa seatleng sa me sa moja go fitlha ke baya baba ba gago kafa tlase ga dinao tsa gago.’” Go motlhofo go bona pharologanyo e Dikwalo di e dirang gareng ga Jehofa Modimo le Morwawe. (Mareko 13:32; Johane 8:17, 18; 14:28) Seno se botlhokwa gore motho a bolokwe. Ditiro 2:21 ya re: “Mme mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.”
E a Nepa e Bile e Utlwala Sentle
Go na le dikarolo tse dingwe gape tse di tlhomologileng tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Tshedimosetso e e sekasekilweng sentle ya mokwalo wa Segerika o o neng wa kwalwa ke Westcott le Hort e ne ya tlhophiwa go nna motheo wa thanolo eno. Go ne ga elwa tlhoko thata gore Segerika sa kwa tshimologong se ranolwa sentle fela jaaka se ntse ka mo go ka kgonegang ka teng ka puo e e motlhofo le ya segompieno. Go dira jalo ga go a boloka fela go relela le go kgabisa puo ga dikwalo tsa ntlhantlha tsa Baebele mme gape go ne ga dira gore e tlhaloganyege sentle.
Tsaya ka sekai temana ya Baroma 13:1, moo moaposetoloi Paulo a neng a rotloetsa Bakeresete gore ba “ineele mo go utlweng babusi ba bagolo,” kana dipuso tse di laolang. Dithanolo di le dintsi di tswelela ka gore dipuso tseo di “tlhomilwe ke Modimo” kana di “tlhomamisitswe ke Modimo.” (King James Version; Jerusalem Bible) Babusaesi bangwe ba dirisitse dithanolo tse di jaaka tseno e le seipato sa go laola batho mo go sengwe le sengwe. Mme fa e ranola lefoko ka lefoko le ka nepo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola temana eno jaana, “balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng.”c Jaanong go ka nna ga lemogiwa gore le fa Modimo a sa tlhophe balaodi ba lefatshe ka namana, o letla batho go nna mo maemong ao a go busa ba na le maatla a a lekanyeditsweng—mme ka metlha ba le kwa tlase ga gagwe.
Thanolo ya Lefatshe le Lesha gape e leka go tlhalosa madiri a Segerika jaaka a ntse. Mo dipuong di le dintsi tsa segompieno, madiri a kopanngwa mmogo go tlhalosa nako e lediri leo le diregileng ka yone—ke gore pakapheto, pakajaanong kana pakaisagwe. Mo Segerikeng madiri gape a tlhalosa gore ke mofuta ofe wa tiro e e amegang—gore ke ya nakwana, ke e e weditsweng kana e e tswelelang. Ela tlhoko mafoko a ga Jesu mo go Mathaio 6:33. Lediri la Segerika le le rayang “senka” le neelana ka mogopolo wa tiro e e tswelelang. Ka jalo, bokao jotlhe jwa mafoko a ga Jesu bo tlhalosiwa sentle fa a ranolwa jaana: “Jalo, nnang lo senke pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” Ka mo go tshwanang, Mathaio 7:7 e ranotswe jaana: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa.”—Bona gape le Baroma 1:32; 6:2; Bagalatia 5:15.
Thanolo ya Lefatshe le Lesha e dirile boiteko jo bogolo jwa go ranola mafoko a konokono ka tsela e e tlhomameng le e e tshwanang. Ka sekai, lefoko la Segerika psy·kheʹ, le ranotswe e le “moya” gongwe le gongwe fela mo le tlhagang teng. Ka ntlha ya seo, babadi ba kgona go lemoga ka bonako fela gore go farologana le dikgopolo tsa bodumedi, moya o a swa. O ka nyelela mme o swe.—Mathaio 2:20; Mareko 3:4; Luke 6:9; 17:33.
Go Dira Gore Lefoko la Modimo le Bonwe mo Lefatsheng Lotlhe
Go gololwa ga Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Setswana ke tshimologo fela. Go dirilwe dithulaganyo tsa go ranola Baebele yotlhe mo nakong e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, a babadi ba ka tlhomamisega gore thanolo ya Setswana e tla tlhalosa dilo sentle le ka tlhomamo ka tsela e e tshwanang fela le ya Seesemane?
Ee, go ntse jalo. Ka ntlha ya gore tiro ya go ranola e etswe tlhoko thata ke Mokgatlho wa Watch Tower. Ka botlhale, go ne ga swetswa ka gore dithanolo tsa Baebele tsa mafatshe a sele di ka dirwa sentle thata fa di ka dirwa ke setlhopha. Ka jalo go ne ga thewa ditlhopha tsa baranodi ba Baebele mo dinageng di le dintsi go dikologa lefatshe. Go ne ga tlhomiwa gape le lephata le le bidiwang Ditirelo Tsa Boranodi kwa ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower, kwa Brooklyn, New York, go tlamela ditlhopha tseo ka se di se tlhokang, go araba dipotso tsa bone le go tlhomamisa gore dikgatiso tsa dipuo tse di farologaneng tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha di a tshwana. Mokgatlho wa Watch Tower gape o tlhamile sedirisiwa se se thusang thata e leng thulaganyo ya khomputara ya go thusa baranodi ba Baebele. Tlhomamisega gore: Tiro ya go ranola e sa ntse e tlhoka maboko a motho thata. Le fa go ntse jalo, khomputara e tlhofofaditse mokgweleo o o bokete o o neng o beetswe ditlhopha tsa baranodi ba Baebele, e leng go ranola Thanolo ya Lefatshe le Lesha sentle le ka tsela e e tlhomameng fela jaaka thanolo ya kwa tshimologong ya Seesemane. Gareng ga tse dingwe, tirelo ya boranodi e bontsha ka moo lefoko lengwe le lengwe la Sehebera le la Segerika le ranotsweng ka teng mo kgatisong ya Seesemane—e leng thuso e kgolo go baranodi ya go tlhopha mafoko a a tshwanetseng mo puong ya bone.
Go atlega ga thulaganyo eno go ka bonwa sentle ka go ela tlhoko matswela a yone. Re go rotloetsa go tlhatlhoba Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. O ka nna wa iponela yone mo bagatising ba makasine ono. O tla itumelela gape le dikarolo tse dintsi tsa yone tse di kgethegileng: go utlwala sentle ga yone, go balega ka tsela e e relelang fela; ditlhogo tse di kwa godimo ga ditsebe tse di go thusang go bona ditemana tse di itsegeng ka bonako; dimmapa tse di tlhalosang dilo ka botlalo; le mametlelelo e e kgatlhang ya dilo. Sa botlhokwa le go feta, o ka bala Baebele eno ka tshepo ya gore e tlhalosa mafoko a Modimo sentle ka puo e e dirisiwang letsatsi le letsatsi.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Se se kgatlhang ke gore ka fa ntle ga Kgatiso ya Ditshupiso (1971) ya New American Standard Bible go ne ga bolelwa se se tshwanang jaana: “Ga re a tlhagisa leina la mokanoki ope fela mo tshupisong kana mo kgakololong ka ntlha ya gore re dumela gore Lefoko la Modimo le tshwanetse go kgona go ikemela.”
b Ke boammaaruri gore thanolo ya Segerika ya Septuagint e ne ya direla jaaka motheo wa dinopolo tsa Dikwalo tsa Sehebera mo go se se bidiwang Tesetamente e Ntšha. E re ka dikhopi tsa moragonyana tsa Septuagint di se na leina la Modimo, bontsi jwa bakanoki ba bolela gore leina leo ka mo go tshwanang le se ka la tsenngwa mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Le fa go ntse jalo, dikhopi tsa ntlhantlha tse di sa ntseng di le teng tsa Septuagint di na le leina Jehofa—mo sebopegong sa lone sa kwa tshimologong sa Sehebera. Seno se re naya lebaka le le nonofileng la go busetsa leina Jehofa mo Dikwalong Tsa Segerika.
c Bona A Manual Greek Lexicon of the New Testament, ya ga G. Abbott-Smith le A Greek-English Lexicon ya ga Liddell le Scott. Go ya ka metswedi eno le e mengwe e e ikanyegang, lereo la Segerika sentlentle le raya “go rulaganya sentle, go rulaganya mo maemong.”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]
Dikarolo tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha:
Go ne ga tsewa matsapa a magolo gore Segerika sa kwa tshimologong se ranolwe sentle fela jaaka se ntse ka mo go ka kgonegang ka teng ka puo e e motlhofo le ya segompieno
Mokgwa o o motlhofo wa go e bala o dira gore o itumelele go e bala
Ditlhogo tse di kwa godimo ga ditsebe di thusa gore o bone ditemana tse di itsegeng tsa Baebele ka bonako
Dimmapa tse di tlhalosang dilo ka botlalo di thusa gore o oketse tsela e o tlhaloganyang thutafatshe ya Baebele ka yone sentle
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Bakwadi ba Baebele ba ba jaaka moaposetoloi Paulo ba ne ba kwala dilo ka puo e e neng e dirisiwa letsatsi le letsatsi
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Go utlwala sentle ga “Thanolo ya Lefatshe le Lesha” ke thuso e kgolo mo bodireding jwa Bokeresete