Thuso e e Rutang ka Tsa Botshelo
Morutisi mongwe wa kwa Zimbabwe mono Afrika, o ne a ela tlhoko gore kwa Nyatsime College, kwa a neng a ruta teng, go ne go rutwa “Thuto ka Tsa Botshelo.” O ile a tlhalosa mathata a lelapa a a neng a mo diragalela a bo a tlhalosa gore o ne a tlhoka thuso go a rarabolola.
Fa a tlhalosa se se neng sa direga morago ga go nyala, a re: “Mathata a ne a simologa ka bonako fela mme ga dira gore re dire tshwetso ya go kgaogana ka November 1989.” Gape go ne go na le mathata a mangwe. O ne a kwala jaana: “Ke morwa wa ntlha wa ga mmè yo e neng e le mosadi wa ntlo e kgolo ya ga rre. Fa ke ne ke le mo ngwageng wa bobedi wa thulaganyo ya go nkatisetsa go nna morutisi, rre o ne a tlhokafala, a ntlogelela maikarabelo a go tlhokomela bonnake ba basimane le ba basetsana ba le 16.”
Go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa go ne ga thusa morutisi yono go rarabolola mathata a gagwe. Ene le mosadi wa gagwe ba boelane e bile ba itumetse. O kwadile a re: “Nna le mosadi wa me re ithutile mo dilong tse di botlhoko tse di re diragaletseng gore maiteko a motho a go leka go rarabolola mathata a gagwe kwantle ga thuso ya Modimo ke lefela.” Mme gone a reng malebana le go thusa barutwana ba gagwe ka tsa mathata a bone?
O ne a kwala a re: “Ke ne ka buelela buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo mo go mogokgo wa sekolo sa rona le mo barutabaneng ba bangwe gore ke buka e e tshwanelang ya go ruta. Botlhe ba ne ba dumela mme sekolo se ne sa nneela gore ke otare dibuka di le 56, mme ke ne ka tla le tsone kwa sekolong.”
Re dumela gore le wena o tla solegelwa molemo thata ke thuso eno ya go ruta ya ditsebe tse 320 e e nang le ditshwantsho tse dintle. Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa o ka amogelang khopi ya yone ka teng kana o ka rata go rutwa Baebele mahala kwa gae, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanelang mo go tse di mo go tsebe 5.