Kgopolo E e Mo Baebeleng
Lebaka La go Bo go Kgaola E le Go Supa Lorato
GO LELEKA motho mo bodumeding—selo seno se tsositse go sa dumalaneng ka dikakanyo mo bathong ba le bantsi ba bodumedi.a Bontsi jwa batho bo dumela gore go tshwanetse ga nna le thulaganyo ya go otlhaya mo bodumeding. Lefa go ntse jalo, bontsi bo leba go leleka motho e le go boela mo mekgweng ya bogologolo—tsela ya go otlhaya e e makgwakgwa le ya bokgokgontshi e e ba gopotsang ditiro tsa go bogisiwa ga batho le tsa kgotlatshekelo e e kgatlhanong le boikeodi.
Selo se se oketsang bothata ke tlhotlheletso ya lefatshe ya go letlelela sengwe le sengwe. Ka gone, bontsi jwa madumedi a Labokeresete bo tsaya boleo bo se molato. Ga go gakgamatse he go bo moruti mongwe wa Episcopal a ne a re: “Go leleka motho ke karolo ya molao o re sa bolong go nna le one, mme gone, ga ke akanye gore o tshwanetse go dirisiwa mo lekgolong leno la dingwaga.”
Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ka gakgamadiwa ke go utlwa gore mo Basuping ba ga Jehofa go kgaola (go tshwana le go leleka motho) go tsewa e le selo se se masisi. Ke boammaaruri gore, ke kgato e go seng motlhofo go e tsaya, mme gone, ke thulaganyo e e supang lorato. Jang?
Go Tlotlomatsa Leina la Modimo
Jehofa ke Modimo o o boitshepo. Ga a letle batho ba ba ipolelang gore ba a mo obamela ba leofa ka boomo. Moaposetoloi Petere o ne a kwalela Bakeresete jaana: “Lo nne boitshepo mo go tsheleng gongwe le gongwe gotlhe ga lona; ka go kwadilwe ga twe: ‘Lo nne boitshepo; gonne nna ke boitshepo.’” (1 Petere 1:15, 16) Ka jalo, go kgaola moleofi yo o sa ikwatlhayeng go tlotlomatsa leina le le boitshepo la Modimo; go supa gore re rata leina leo.—Bapisa Bahebere 6:10.
A seo se kaya gore fa Mokeresete a dira phoso kana a wela mo boleong jo bo masisi o tla bo a setse a lelekwa mo phuthegong? Legoka! Jehofa ga se mokgokgontshi yo o setlhogo. O pelotlhomogi e bile o a akanyetsa. Ga a lebale gore ga re a itekanela. (Pesalema 103:14) Jehofa ga a itlhokomolose gore batho “botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo.” (Baroma 3:23) Modimo o dirile thulaganyo ya semoya mo phuthegong ya gore fa Mokeresete a “tshwerwe mo tlolong” kana a dirile boleo jo bo masisi, a ‘sokololwe’ ka lorato ka moya wa bonolo. (Bagalatia 6:1) Motho yoo yo o fapogileng tsela ya tshiamo a ka ‘fodisiwa’ semoyeng fa a amogela kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo le go supa fa a swabile tota le go ikwatlhaela seo ka mmatota.—Jakobe 5:13-16.
Mme go tweng fa Mokeresete yo o kolobeditsweng a dira phoso e e masisi mme a bo a sa tseye tsia maiteko a a dirwang go mo thusa? Ka mafoko a mangwe, go tweng fa ka botlhogoethata a gana go tlogela boleo jwa gagwe?
Go Dibela Phuthego
Baebele e laela Bakeresete jaana: “Fa go na le motho yo o bidiwang modumedi, mme a le moakafadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moobamedi wa medimo ya disetwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re yo o ntseng jalo, nnyaa, lo se ka lwa tlwaelana nae le fa e le go ja nae.”—1 Bakorinthe 5:11.
A molao ono wa Baebele o setlhogo e bile o a gatelela? A ko o akanye ka se: Fa sekebekwa se se bosulasula se tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go tlola molao, a seo se lejwa e le bosetlhogo kana bopeloethata? Nnyaa, ka gonne puso e tshwanetse go tlhomamisa gore go nne le kagiso le pabalesego mo motseng. Tota e bile, sekebekwa seo se a bo se kgaotswe mo setšhabeng se se ikobelang molao ka nako ya fa se le kwa kgolegelong.
Ka tsela e e tshwanang, phuthego ya Bokeresete le yone e na le mabaka a a utlwalang a go leleka baleofi ba ba sa ikwatlhayeng mo go yone. Ka ntlha yang? Ka gonne phuthego e tshwanetse go nna lefelo le le babalesegileng le le senang batho ba maitsholo a a maswe le ba ba dirang maleo a mangwe.
Ka go itse gore “moleofi a le mongwe fela o senya molemo o mogolo,” moaposetoloi Paulo o ne a laela badumedikaene jaana: “Tlosang motho yo o bosula mo gare ga lona.” (Moreri 9:18; 1 Bakorinthe 5:13) Kgato eo e dira gore moleofi a se ka a tshwaetsa phuthego e bile e sireletsa leina le lentle la phuthego.—Bapisa 1 Timotheo 3:15.
Go Sireletsa ba Bangwe
Go kgaola gape go sireletsa ba bangwe mo phuthegong. Mma re tshwantshe seno jaana: Akanya fela o tsosiwa mo borokong ke modumo o mogolo wa hutara ya koloi kana alamo ya yone. Ga go motlhofo go itlhokomolosa modumo oo o o thubang ditsebe; o go tsibosa tota! Go ntse fela jalo le fa motho a lelekwa mo phuthegong, kgato eno e ka nna ya tsibosa mongwe le mongwe mo letsomaneng. E dira gore ba ikakanye. Ba ka se e itlhokomolose. Seno se ka ba sireletsa jang?
Mosupi mongwe o ne a re: “Fa ke ne ke utlwa la ntlha kwa Holong ya Bogosi go twe mongwe o kgaotswe, ke ne ke simolola ka go tshoga. Morago ga moo go ne go dira gore ke ikokobetse. Go ne go ntira gore ke lemoge gore le nna nka nna ka wa.” Jaaka fa mafoko a gagwe a supa, go kgaola go ka nna ga tlhotlheletsa gore ba bangwe ba tlhatlhobe boitshwaro jwa bone.—1 Bakorinthe 10:12.
Go ipotsa dipotso tse di jaaka, ‘A mo botshelong jwa me go na le mo ke leng bokoa teng semoyeng?’ go ka re thusa go tlhatlhoba kamano ya rona le Modimo. Ka tsela eo re tla kgona go ‘itirela poloko ka nosi, ka poifo le ka thoromo.’—Bafilipi 2:12.
Go Boela Kwa Modimong
Mokeresete mongwe yo o neng a kgaotswe lobaka lo loleele o ne a re: “Le mororo kotlhao eo e ne e le bokete thata, gone e ne e tlhokega thata mme e bile e ne ya falotsa botshelo jwa me.” Seno se supa selo se sengwe gape se go kgaola motho go thusang ka sone. Go ka thusa motho yo pele a neng a sa ikwatlhaye gore a boele kwa Modimong.
Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Yo Morena o mo ratang o a tle a mo otlhaye.” (Bahebere 12:6) Mme lefa gone go le boammaaruri gore “kwatlhao yotlhe e ntse jaaka e kete ga e na boitumediso, fa e se tlhokofatso fela; le fa go ntse jalo, e a re kwa morago ba ba e rutintshitsweng, e ba ungwele loungo lwa kagiso, e bong loungo lwa tshiamo.”—Bahebere 12:11.
Ke se se neng sa diragalela Richard. Morago ga go kgaolwa mo e ka nnang dingwaga tse pedi, o ne a ikwatlhaya, a tlogela boitshwaro jwa gagwe jo bo sa tlotleng Modimo mme a busediwa mo phuthegong ya Bokeresete. Fa a leba kwa morago o bolela jaana ka se se mo diragaletseng: “Ke a lemoga gore go ne go tshwanetse gore ke kgaolwe mme ke tlhaloganya ka botlalo gore seo se ne se ntshwanela. Ruri go ne go tlhokega e bile go ne ga nthusa gore ke lemoge kafa tsela ya me e neng e le masisi ka teng le go bona botlhokwa jwa go kopa Jehofa gore a intshwarele.”
Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go itshokela kotlhao. Go tlhokega gore o nne boikokobetso gore o e amogele, mme ba ba ithutang sengwe mo go yone ba solegelwa molemo thata.
Ka gone, go kgaola ke thulaganyo e e supang lorato ka gonne go tlotlomatsa leina le le boitshepo la Modimo e bile go sireletsa phuthego gore e se ka ya senngwa ke go tshwaediwa ke boleo. Gape, e supetsa modiraphoso lorato ka go mo kgothaletsa gore a ikwatlhaye le gore a “sokologe, gore dibe tsa [gagwe] di phimolwe, gore go tlo go tle metlha ya thudiso jalo, e e tswang fa pele ga Morena.”—Ditiro 3:19.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go leleka motho ke kgato ya go otlhaya e e tsewang mo bodumeding e e felelang ka gore a se ka a tlhola a nna leloko la jone.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]
The New Testament: A Pictorial Archive from Nineteenth-Century Sources, by Don Rice/Dover Publications, Inc.