Bokgarebane—Ka Ntlha Yang?
“LEKOKO la bokgarebane”—ke kafa Randall Balmer yo e leng mongwe wa boporofesa ba dilo tse di amanang le bodumedi kwa Barnard College/Columbia University a bitsang ka teng tlwaelo e go bonalang e ntse e anama thata mo basheng ya go se itlhaganelele go tlhakanela dikobo go fitlha ba gola thata.
Ga go gakgamatse go bo gantsi mekgatlho ya bodumedi e le yone e e kgothaletsang batho go ikeha mo tlhakanelodikobong. “Lefa go ntse jalo, lebaka le legolo le le tlhotlheletsang lekoko leno la bokgarebane ke la selefatshe, ga se la sedumedi,” Dr. Balmer o tlhalosa jalo. “Ba swetsa go nna e le makgarebane ka ntlha ya poifo—ba boifa go tsenwa ke malwetse a a bolayang, e seng go boifa gore Modimo o tla ba otlhaya.” Ka gone, o bapisa “lekoko la Lekgarebane Maria,” le le buelelang go ikeha mo go seno e le selo sa botlhokwa sa bodumedi le “lekoko la bokgarebane” la segompieno le le buelelang go ikeha ka mabaka a boitekanelo.
Dr. Balmer o oketsa ka go re: “Ke selo se se swabisang tota se se supang maemo a bodumedi mo dingwageng tseno tsa bo1990 gore go boifa malwetse ke gone go tlhotlheletsang batho go nna le maitsholo a a siameng. Baeteledipele ba bodumedi ba ile ba se ka ba buelela boitsholo jo bo siameng ba nonofile kana ba ile ba se ka ba bua ka jone gotlhelele e le ka gonne ba sa batle go kgopisa batho. Ka jalo ba tlogeletse baitsesaense le ba tsa boitekanelo gore e nne bone ba gakololang basha malebana le tsela e ba tshwanetseng go itshola ka yone mo go tsa tlhakanelodikobo.”
Lefa go ntse jalo, ga go a nna jalo mo Bakereseteng ba boammaaruri. Akanya ka Chad, mosha yo o godisitsweng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Chad o ne a atamelwa ke mosetsana mongwe yo o neng a simolola go tlotla le ene. Mme go ise go ye kae o ne a lemoga sentle gore e ne e se fela gore o batla go tlotla le ene. Chad a re: “Teng fela foo ke ne ka tlelwa ke kakanyo ya gore, nka se swabise Jehofa. Ka gonne ke batla go itumedisa Jehofa ka metlha, ke ne ka mmolelela gore ke tshwanetse go tsamaya.”
Fela jaaka Chad, bontsi jwa basha ba Basupi ba ga Jehofa ba na le maitsholo a a siameng, segolobogolo ka gonne ba batla go itumedisa Mmopi wa bone Jehofa Modimo, e seng fela ka go bo ba batla go nna ba itekanetse sentle. Ba itshola sentle e seng ka go bo ba tshaba go tsenwa ke malwetse. Go na le moo, basha bao ba latela kgakololo eno ya Moreri 12:1: “O bo o gakologelwe Mmopi wa gago mo metlheng ya bokau jwa gago.”