LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 9/8 ts. 32
  • Isagwe e e Molemolemo ya Polanete Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Isagwe e e Molemolemo ya Polanete Lefatshe
  • Tsogang!—1996
Tsogang!—1996
g96 9/8 ts. 32

Isagwe e e Molemolemo ya Polanete Lefatshe

“DIPATLISISO di bontsha gore lefatshe le mogote thata go gaisa kafa le kileng la nna ka teng mo dingwageng tse 600,” go bega jalo Globe and Mail ya Toronto. Ka 1995 mogote o ne wa bolaya batho ba le 500 kwa bogareng jwa United States kwa Chicago. Maemo a a tshwanang a a maswe thata a ne a wela India le Australia, fa Engelane yone e ne ya nna le “selemo se se senang pula go gaisa tsotlhe mo dingwageng tse 200 e le lekgetlo la boraro.”

Ke eng se se bakang seno? Henry Hengeveld yo e leng mankge wa tlelaemete wa Environment Department (Lephata la Tikologo) ya feterale kwa Canada o ne a re: “Bontsi jwa bosupi bo supa gore motho o na le seabe se segolo mo tlelaemeteng ya lefatshe lotlhe.” Go ya ka pego ya Globe and Mail, “maemo a bosa a a sa tlwaelegang a dumalana le dikhomputara tse di etsang tsela e lefatshe le gotelang ka yone e go akanngwang gore e bakwa thatathata ke go sha ga maokwane, magala le digase tsa tlholego.”

Baitsesaense ba santse ba ganetsana ka kgang ya go gotela ga lefatshe. Lefa go ntse jalo, The New Encyclopædia Britannica e akgela jaana: “Motho o senya tikologo ya atemosefere ka lobelo lo logolo lo lo fetang kafa a e tlhaloganyang ka teng.”

Se se itumedisang ke gore, Baebele e re bolelela gore lefatshe le “nnetse ruri ka bosakhutleng.” (Moreri 1:4) Seno ke ka gonne Mmopi, Jehofa Modimo, ga a ne a letla motho kana maatla ape fela a tlholego a le senya. Go na le moo, o tla “senya ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:17, 18.

Mo godimo ga moo, Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa Modimo o boloketse polanete ya rona, Lefatshe, le batho botlhe ba ba kutlo isagwe e e molemolemo. “Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.” A bo re itumela jang ne go bo isagwe ya lefatshe e le mo diatleng tsa Modimo, e seng motho!—Pesalema 37:11; 72:16; Isaia 65:17-25; 2 Petere 3:13.

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa o ka bonang dimakasine tse dingwe tse di latelang tsa Tsogang! ka teng, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona kana o kwalele kwa atereseng e e gaufi mo go tse di mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

NASA photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela