LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 5/8 ts. 8-11
  • Lefatshe le le Senang Ntwa le Tla Tloga le Tla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe le le Senang Ntwa le Tla Tloga le Tla
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ikuela mo Barating ba Kagiso
  • “Mo Metlheng e e Tlaa Tlang Kwa Pelepele”
  • Lefatshe le le Senang Ntwa
  • Metlha ya Bofelo—Morago ga Yone go Tla Latela Eng?
    Tsogang!—2008
  • Batla Kagiso ya Boammaaruri O bo O e Latelele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Kagiso mo Lefatsheng—E Tla Tla Jang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Fa Batho Botlhe ba Tla bo ba Ratana
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 5/8 ts. 8-11

Lefatshe le le Senang Ntwa le Tla Tloga le Tla

LEBA gape boporofeti jwa Baebele jo bo mo go Isaia jo bo reng: “Ditšhaba . . . di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” Ela tlhoko gore ditemana tse di dikologileng eno di bolela gore “ditšhaba di le dintsi” tse di tsamayang mo ditseleng tsa Modimo di tla thula ditšhaka tsa tsone magale a megoma. (Isaia 2:2-4) Seno se kaya gore batho bano ba obamela Jehofa Modimo e bile ba ikobela melao ya gagwe. Ke bomang?

E tshwanetse ya bo e le bontsintsi jwa batho ba ba sa ganeng fela go tshola ditlhabano tsa ntwa mme ke bao ba nyeleditseng maikutlo le mekgwa e e bakang dikgogakgogano le dintwa mo dikakanyong le mo dipelong tsa bone. (Baroma 12:2) Ba rata baagisani ba bone go na le go ba bolaya. (Mathaio 22:36-39) A o setse o kile wa utlwa ka batho ba ba ntseng jalo?

Gongwe o kile wa utlwela gore Basupi ba ga Jehofa ba itumelela bokaulengwe jwa boditšhabatšhaba e bile ga ba ke ba tsaya sebetsa go bolaya ope. Akanya fela ka gone: Fa e le gore mongwe le mongwe mo lefatsheng o ne a leba dilo jalo, a polanete eno e ka bo e setse e sena kagiso le polokesego?

Ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o lebang dilo ka tsela eo. Go ntse fela jaaka Kgosi Solomone a ne a kwala jaana dingwaga tse 3000 tse di fetileng: “Foo ka menoga mme ka bona dipatiko tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme bonang, dikeledi tsa ba ba patikwang, mme ba bo ba se na mogomotsi; mo ntlheng ya bapatiki ba bone go ne go na le nonofo, mme bone ba bo ba se na mogomotsi.”—Moreri 4:1.

Go Ikuela mo Barating ba Kagiso

A go tla nna le lefatshe le le senang ntwa? Ee. A le tla tlisiwa ke batho? Nnyaa. A le tla tla ka go sokololelwa ga batho mo bodumeding jwa boammaaruri? Nnyaa. Buka ya Baebele ya Dipesalema e araba jaana: “Tlang, lo bone ditiro tsa ga Jehofa . . .O khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Pesalema 46:8, 9.

Jehofa Modimo o tlile go dira seo jang? Buka ya Diane e araba jaana: “Bathokgami ba tlaa aga mo lefatsheng, le baitekanedi ba tlaa sala ba ntse ruri mo go lone. Baikepi [ba ba itlhokomolosang melao ya Modimo] ba tlaa kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng, le ba ba dirang ka bonongwana ba tlaa khumolwa mo go lone.”—Diane 2:21, 22.

Lebaka le legolo la go bo Modimo o ise o tseye kgato go fitlha jaanong ke leno: O santse a file batho sebaka sa go ithuta ditsela tsa one gore ba tsamaye mo ditselaneng tsa one. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Ka tsela eo, batho ba Modimo ba thusa ba bangwe ka bopelotshweu go ithuta ka Jehofa. Fela jaaka Isaia a ne a bolela, ba bitsa ba bangwe jaana: “Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, . . .mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe.”—Isaia 2:3.

“Mo Metlheng e e Tlaa Tlang Kwa Pelepele”

Lokwalo lwa Isaia lo ne lwa bolelela pele gape gore batho ba tla rutiwa ditsela tsa kagiso “mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele.” (Isaia 2:2) Re tshela mo nakong eo gone jaanong. Se se gakgamatsang ke gore dintwa tsa lekgolo leno la dingwaga di supa seo.

Fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmotsa gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ne bo tlile go bonwa ka eng, o ne a bolelela pele gore go tla nna le “dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, le mo mafelong mangwe le mangwe go nne mebopamo, le dikgogodi tsa bolwetse.” (Luke 21:11; Mathaio 24:3) O ne a bolela gape jaana: “Mogang lo utlwang ka ga dintwa le dikudumedi tsa batho, lo se ka lwa rerega, gonne dilo tse di tshwanetse go dirala pele; mme bokhutlo bo bo bo ise bo nne gaufi. Foo a ba raya a re: ‘Morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi.’”—Luke 21:9, 10.

Le mororo dintwa di ile tsa nna teng ka diketekete tsa dingwaga, go ile ga nna le dintwa tse pedi tsa lefatshe mo ngwagakgolong ono fela, e bile tota go ile ga nna le makgolokgolo a tse dingwe gape tse dinnye. Ntlha ya gore go bolailwe dimilione di le masomesome tsa batho mo dintweng mo lekgolong leno la dingwaga e boifisa tota. Go ya ka makasine wa World Watch, mo dingwageng tse 2000 pele ga lekgolo leno la dingwaga la bo20, go ne ga swa batho ba le milione mo dintweng mo lobakeng lwa dingwaga di le 50. Mo lekgolong leno la dingwaga, ka palogare, go swa batho ba le milione mo dintweng ngwaga le ngwaga.

Lefatshe le le Senang Ntwa

Dintwa tse di maswe thata tsa lekgolo leno la rona la dingwaga, mmogo le ditiragalo tse dingwe tse dintsi tse di boleletsweng pele ke boporofeti jwa Baebele, di supa gore re fa mojakong wa lefatshe le lesha le Modimo o tla le tlisang. Tsamaiso e e tlhakatlhakaneng ya lefatshe le legologolo leno e tlile go nyelediwa gore e tseelwe sebaka ke “lefatshe le leša,” le le nang le kagiso le tshiamo. (2 Petere 3:13) Lefoko la Modimo la re: “Badirabosula ba tlaa kgaolwa; mme ba ba lebeletseng mo go Jehofa ba tlaa rua lefatshe. Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:9, 11.

Dimilione tse di senang palo mo lefatsheng lotlhe gompieno, di eletsa go bona lefatshe le le senang ntwa. Moporofeti mongwe wa Modimo wa bogologolo o ne a kwala jaana go supa gore ruri Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go bopa lefatshe leo: “Ponatshegelo e sa ntse e na le lobaka lo lo laotsweng, mme e be e itlhaganelela bokhutlo, ga e ketla e aka; le fa e [ka] diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.”—Habakuke 2:3.

Ka gone, dirisa botlhale, o ikanye Modimo mme o bone fa a diragatsa tsholofetso eno ya gagwe: “Modimo . . . o tlaa aga [le batho ba one]. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:3, 4.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9, 10]

Se Baebele E Se Solofetsang Ka Lefatshe Le Lesha Leo:

Bokebekwa, Thubakanyo Kana Boikepo, Di Tla Bo Di Seyo

“[Modimo] o khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe.”—Pesalema 46:9.

“Badirabosula ba tlaa kgaolwa . . . E tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone.”—Pesalema 37:9, 10.

Batho Botlhe ba Tla Nna mo Kagisong

“Ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa . . . ‘Kgosana ya Kagiso.’ Ga go tota ga puso ya gagwe, le ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo.” —Isaia 9:6, 7.

Lefatshe Lotlhe Le Tla Nna Paradaise

Jesu o ne a re: “O tlaa nna le nna kwa Parataise gompieno.”—Luke 23:43.

“Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

Bokaulengwe Jwa Lefatshe Lotlhe Jwa Lorato

‘Modimo ga se motlhaodi wa batho, mo merafeng yotlhe, yo o boifang one, a ba a dira tshiamo, o a lebosega mo go one.’—Ditiro 10:34, 35.

Baratiwa Ba Rona Ba Ba Suleng Ba Tsoga Mo Baswing

“Lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la [ga Jesu] ka lone. Mme ba tlaa tswa.”—Johane 5:28, 29.

Go Sa Tlhole Go Le Bolwetse, Botsofe Kana Loso

“O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela