LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 11/8 ts. 16-19
  • Fa Batho Botlhe ba Tla bo ba Ratana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Batho Botlhe ba Tla bo ba Ratana
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo mo Lefatsheng le Lesha la Tshiamo
  • Go Tshwanelega go Tshelela Ruri
  • Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso
    Botshelo mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso
  • “Le mo Lefatsheng, Jaaka Kwa Legodimong”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Botshelo jo a Dirang Gore re Kgone go bo Bona
    Tsogang!—2006
  • A Lefatshe la Rona le Tla Tsamaya le Senngwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 11/8 ts. 16-19

Fa Batho Botlhe ba Tla bo ba Ratana

MO THERONG ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu Keresete o ne a bua ka nako ya fa batho botlhe ba tla bo ba ratana. Fa Jesu a ne a simolola mafoko a gagwe, o ne a nopola Pesalema ya bo37, a re: “Go sego bapelonomi ka gonne ba tla rua lefatshe.” Gape pesalema eo ya Baebele e tlhalosa kafa seemo se se molemolemo jalo se tlileng go nna gone ka gone, e re: “Badirabosula ba tla kgaolwa, mme ba ba emetseng Jehofa, ba tla rua lefatshe.”—Mathaio 5:5; Pesalema 37:9; American Standard Version.

A bo e tla nna phetogo e e gakgamatsang jang ne—badirabosula botlhe ba tlositswe mo lefatsheng mme go setse batho ba ba ratanang fela! Seo se ka direga jang? Jesu o ne a tswelela pele ka thero ya gagwe e e tumileng a bontsha gore seo se tlile go direga jang fa a ne a re ruta go rapela jaana: “Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10, AS) Ela tlhoko gore thato ya Modimo e ya go dirwa kae. E seng fela kwa legodimong. “Re rapela gore thato ya gago e dirwe, mo lefatsheng jaaka kwa legodimong,” go ne ga gatelela jalo setlhogo sengwe mo makasineng wa The Christian Century.

Ka gone he, Bogosi jwa Modimo jo Jesu a neng a re ruta go bo rapelela ke eng? Go phepafetse gore ke puso ya mmatota, e e busang kwa legodimong. Ke gone ka moo e bidiwang “Bogosi jwa magodimo.” (Mathaio 10:7) Mmusi yo o tlhomilweng wa Bogosi jono, kana puso eno, ke Morwa Modimo, Jesu Keresete.

Bogologolo Jesu a ise a tsholwe ke Marea, moporofeti wa ga Jehofa e bong Isaia o ne a bolelela pele ka tiragalo e e gakgamatsang eo le se kgabagare se neng se tla diragala: “Ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe; mme puso e tla nna mo magetleng a gagwe: mme leina la gagwe le tla bidiwa Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso. Go gola ga puso ya gagwe le kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo.” (Isaia 9:6, 7, AS) Morago ga loso lwa ga Jesu le tsogo ya gagwe, o ne a nna le Rraagwe kwa legodimong, a letetse gore a neelwe taelo ya go simolola go busa e le Kgosi.—Pesalema 110:1, 2; Bahebera 10:12, 13; Tshenolo 11:15.

Ke eng se kgabagare se tla diragalelang lefatshe leno le le tletseng letlhoo? Ela tlhoko tsela e Baebele e arabang potso eno ka yone. Moporofeti wa Modimo e bong Daniele o ne a bolelela pele jaana: “Mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

Go phepafetse gore boporofeti jono jwa Baebele bo bolelela pele ka phetogo e kgolo mo dikgannyeng tsa batho. Tsamaiso eno yotlhe ya dilo, e e akaretsang batho ba lefatshe leno ba ba ganang go ikobela puso ya Modimo ka botlhogoethata, ba tla tlosiwa mo lefatsheng! Bona gore mo boemong jwa lone go tla tla eng.

Botshelo mo Lefatsheng le Lesha la Tshiamo

Fa lefatshe leno le legologolo le ya kwa bokhutlong, go tla nna le bafalodi. Baebele e tlhalosa jaana: “Lefatshe le a feta e bile go ntse jalo le ka keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Ee, ba ba dirang thato ya Modimo ba tla falolela mo lefatsheng le lesha, fela jaaka le Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tshela go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe la motlha wa bone. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Petere 3:5-7, 11-13.

Malebana le nako ya fa puso e le nngwe fela e e tla bong e busa e leng Bogosi jwa Modimo, Baebele e solofetsa jaana: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Basiami ba tla itumelela botshelo mo lefatsheng le le phepa. A bo e tla nna nako e e molemolemo jang ne! Fa o ise o dire jalo, tsweetswee tlhatlhoba masego a a tlhalositsweng mo Baebeleng a a bontshitsweng mo ditsebeng tse di fetileng.

A ga go itumedise pelo ya gago go itse gore Mmopi wa rona o solofetsa dilo tse di ntseng jalo tse di molemolemo gore batho ba ba mo obamelang ba solegelwe molemo? Ruri, seno e ne e le boikaelelo jwa Modimo fa a ne a bopa batho ba ntlha ba babedi le go ba baya mo paradaiseng ya selefatshe! Ela tlhoko se Modimo a neng a ba bolelela sone: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye, lo laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.”—Genesise 1:27, 28.

Adame le Efa ba ne ba tshwanetse go nna le bana, mme fa bana bano ba ntse ba gola, ba ne ba tshwanetse go nna le seabe mo tirong e e monate ya go baakanya Paradaise ya selefatshe. Akanya ka go itumelela go atolosa melelwane ya tshingwana ya Edena fa lelapa la batho le ntse le oketsega ka palo! Go phepafatse gore e ne e le boikaelelo jwa Modimo gore lefatshe le nne paradaise. A boikaelelo joo bo tla tsamaya bo diragadiwa? Re ka tlhomamisega gore bo tla diragadiwa, ka gonne lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jalo! O solofetsa jaana: “Ke go buile; . . . e bile ke tla go dira.”—Isaia 46:11, NW; 55:11.

A o tla itumelela go tshelela ruri mo Paradaiseng ya lefatshe e e tlhalosiwang mo dikwalong tse di bontshitsweng mo ditsebeng tse di fetileng? Jaaka go ka lebelelwa, ga se mongwe le mongwe yo o tla letlelelwang go tshelela gone ka bosakhutleng. Go na le dilo tse di tlhokegang. Ke dife?

Go Tshwanelega go Tshelela Ruri

Sa ntlha, ba ba nnang mo lefatsheng le lesha la Modimo ba tshwanetse go ithuta go ratana, fela jaaka Modimo a re ruta go dira jalo. Baebele e bolela jaana: “Lona ka bolona lo rutwa ke Modimo gore lo ratane.” (1 Bathesalonika 4:9) Modimo o re ruta seno jang?

O re ruta thatathata ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng, Baebele. Seno se kaya gore fa re batla go tshelela ruri, re tshwanetse go amogela dithuto tsa Modimo tse di leng mo Baebeleng. Moithuti mongwe wa Baebele wa kwa Botlhabatsatsi o ne a bolela jaana: “Ke lebeletse pele kwa nakong e mo go yone batho botlhe ba tla bong ba ithuta go ratana, jaaka Baebele e solofetsa.”

Fa Jesu a ne a rapela Rraagwe, o ne a tlhalosa sengwe se se botlhokwa se se tlhokegang. O ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Boroutšhara jwa ditsebe di le 32 jwa Modimo o Batla Gore re Direng? bo tla go thusa go anya kitso eno. O ka iponela khopi ya jone ka go tlatsa khupone e e mo tsebeng ya 32 le go e romela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo tsebeng ya 5.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Se Modimo a se Solofetsang

Go Rata Bakaulengwe Lefatshe ka Bophara

“Modimo ga o tlhaole, mme mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.“—Ditiro 10:34, 35.

Go Tla Bo go Sa Tlhole Go na Le Bokebekwa Kana Ntwa

“Baikepi ba tlaa kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng.“—Diane 2:22.

“[Modimo] o khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe.“—Pesalema 46:9.

Letlotlo la Dilo Tse di Molemo Tse di Jewang

ʼGo tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba [go tla penologa, NW.“—Pesalema 72:16.

Kagiso fa Gare ga Batho le Dlphologolo

“Phiri e tlaa aga le kwanyana, nkwe e tlaa botha le potsane, . . . mme ngwanyana yo mo[n]nye o tlaa di goga.“—Isaia 11:6.

Bolwetse, Botsofe le Loso di Tla bo di Tlositswe

“[Modimo] o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.“—Tshenolo 21:4.

Go Tsosediwa ga Baratiwa ba ba Suleng mo Lefatsheng

“Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] mme ba tswe.“—Johane 5:28, 29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela