Sekolo sa Seafrika—Se ne sa Ruta Eng?
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA GHANA
SEKOLO sa Seafrika? Batho bangwe ba dinaga tsa Bophirima ba ka gakgamadiwa ke go utlwa gore tota go kile ga nna le thulaganyo e e ntseng jalo mo nakong e e fetileng. Ka maswabi, batho ba le bantsi ba santse ba kgomaretse kgopolo e ba e tsentsweng ke difilimi tsa Hollywood ya gore Baafrika ke batho ba ba kotsi ba ba tshelang sephologolo ba ba tsamayang ba tshotse marumo. Bontsi jwa bone ga bo batle go dumela gore ka tsela nngwe Baafrika ba bogologolo ba ne ba rutegile.
Ke boammaaruri gore Baafrika ba ba godisitsweng ka tsela ya setso ba ne ba sa rutega ka thuto ya dibuka e bile ba ne ba sena thuto ya sekolo. Lefa go ntse jalo, bogologolo pele ga fa Bayuropa ba tla ka thuto eo ya sekolo mo kontinenteng eno, ditšhaba di le dintsi tsa Afrika di ne di na le thulaganyo e e molemo tota ya thuto e e neng e thusa bana go nonofela ditiro le go kgona go itshedisa mo setšhabeng. Ka sekai, akanyetsa tsela ya go ithuta ya Ba-Akan, batho ba ba buang Se-Twi ba Ghana.
Thuto ya mo Lapeng
Mo go Ba-Akan, legae e ne e le lone lefelo le legolo le go neng go ithutiwa kwa go lone. Thuto ya ngwana e ne e simolola fa a ithuta puo go tswa mo batsading. Ka yone nako eo, gape o ne a rutiwa maitseo. Ka sekai, fa moeng yo o etetseng mo lapeng a dumedisa ngwana, ngwana o ne a rutiwa tsela e e tshwanetseng ya go araba tumediso. Moragonyana, fa ngwana a romiwa golo gongwe, o ne a rutiwa tsela e e siameng ya go bua molaetsa o a o romilweng.
Ka jalo, tsela ya go ruta ya Ba-Akan e ne e tshwana le eno e go buiwang ka yone mo Baebeleng mo go Diane 22:6: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.” Batsadi, segolobogolo rre, ba ne ba kgatlhegela tsela e ngwana a golang ka yone. Seane sengwe sa Se-Akan sa re: “Fa ngwana a sa gotse mmaagwe o gotsa rraagwe.”
Fa ngwana a ntse a gola, thuto e a e rutiwang le yone e ne e ntse e nna boteng. Ba ne ba rutiwa dilo tsa botshelo e seng ka dibuka, mme ka dikgang tse di itlhametsweng tse di jaaka tlhamane kaga segokgo se se neng se bidiwa Kwaku Ananse. Bana ba ne ba rata ditlhamane tseno tota! Ka lotlatlana, kana mo bosigong jo bo tsididi ngwedi o tlhabile, ba ne ba tlhola ba dikaganyeditse molelo ba reeditse ditlhamane tseno tse di kaga go atlega le go palelwa ga batho ka tlhoafalo.
Tlhamane nngwe e e itsegeng thata e bolela gore Ananse o ne a kgarakgatshega le lefatshe a phutha botlhale jotlhe jwa lefatshe a bo tsenya mo pitsaneng. E ne ya re fa go lebega a koneseditse letsholo leno la gagwe, o ne a swetsa gore a bofelele pitsana eo kwa godimo ga setlhare gore ope a se ka a kgona go bona botlhale joo. O ne a simolola go palama setlhare seo ka bothata a bofeletse pitsana eo e e neng e tsentse botlhale ka kgole e bile e lepeletse mo mpeng ya gagwe. Fa a ntse a kgaratlha jalo, morwaawe wa leitibolo, e bong Ntikuma, o ne a tlhaga mme a tlhaeletsa Ananse a re: “Hee, hee Rra wee! Ke eng fa o palama setlhare ka pitsana mo mpeng? Ke eng fa o sa e beye mo mokwatleng gore o kgone go palama sentle?” Ananse o ne a leba morwawe kwa tlase mme a bo a tlhaeletsa jaana: “O mang wena gore o ka nthuta sengwe?”
Lefa go ntse jalo, jaanong go ne go bonala sentle gore go ne go santse go na le botlhale bongwe jo a neng a sa bo tsenya mo pitsaneng! Ka ntlha ya go galefisiwa ke go lemoga seno, Ananse o ne a tlogela pitsana ya wela fa fatshe ya thubega mme botlhale jotlhe bo ne jwa tshologa. Batho ba ba neng ba fitlha foo la ntlha ba ne ba nna botlhale go gaisa. Seno se ruta eng: Ga go na motho yo o nang le botlhale a le nosi. Ka gone, Ba-Akan ba rata gore: “Tlhogo e le nosi ga e na kgakololo epe.”—Bapisa Diane 15:22; 24:6.
Ditiro Tsa go Itshedisa
Gape thuto ya Ba-Akan e ne e akaretsa go rutwa ditiro tsa go itshedisa. Basimane ba le bantsi ba ne ba ithuta ditiro tsa borraabone—gantsi e le temo. Lefa go ntse jalo go ne go na le ditiro tse dingwe gape tse ba neng ba di ithuta tse di jaaka go tsoma, go dira beine ya setlhare sa makolane le botswerere jo bongwe jo bo jaaka go loga diroto. Basimane ba ne ba rutwa ditiro tse dingwe tse di thatanyana tse di jaaka go betla legong le go loga ba di rutiwa ka go tla ba bontshiwa gore e nne ditswerere. Basetsana bone? Ba ne ba rutiwa thata ditiro tsa mo lapeng tse di jaaka go muna mafura a merogo, go dira sesepa le go bopa dinkgwana, go otlha katuni le tse dingwe.
“Dithuto” tsa teng tsa ngwao di ne di akaretsa le saense. Rre o ne a ruta morwaawe kana rremogolo a ruta setlogolwana sa gagwe kitso e a neng a na le yone ka ditlhatsana tse di alafang, tsela ya go di tlhakanya le e di dirisiwang ka yone. Gape ngwana o ne a ithuta go bala dipalo ka go dirisa menwana le dimmabole, mantswe le go thala metlhala mo dithobanyaneng. Metshameko e e jaaka oware le mmela e ne e dira gore ba itse go tlhakanya dipalo sentle.
Basha ba Ba-Akan ba ne ba kgona go nna le kitso ka dipolotiki le ditsamaiso tsa kgotla ka go reetsa ditsheko kwa kgotla e go neng go letlwa mongwe le mongwe go tla kwa go yone. Fa go le kwa dintshong le kwa meletlong e ne e le yone nako ya go ithuta dipina tsa dintsho, maboko, hisetori, mmino, go letsa meropa le go bina.
Boikarabelo mo Setšhabeng
Go ya ka Se-Akan ngwana o ne a sa tshwanela go ikgogona mo bathong ba bangwe. O ne a rutiwa go itse boikarabelo jwa gagwe mo setšhabeng a santse a le monnye. O ne a simolola go ithuta seno ka nako ya fa a tshameka le balekane ba gagwe. Fa a ntse a gola, o ne a nna le seabe mo ditirong tse di dirwang ka setlhopha tse di jaaka letsema la motse. Fa a ne a sa itshole sentle, o ne a otlhaiwa e seng ke batsadi ba gagwe fela mme ke mogolo mongwe le mongwe fela mo motseng. Totatota, go ne go tsewa gore ke boikarabelo jwa mogolo mongwe le mongwe go otlhaya ngwana ope fela yo o sa itsholeng sentle.
Kotlhao eo e ne e amogelwa sentle ka gonne bana ba ne ba rutiwa go tlotla bagolo thata. Tota e bile, Ba-Akan ba ne ba rata go re: “Mosadimogolo ga se nkoko wa ngwana a le mongwe fela.” Ka gone, e ne e le boikarabelo jwa motho mongwe le mongwe go tlotla batsofe le go ba direla dilo dingwe. Mme ngwana mongwe le mongwe yo o neng a gana go direla mogolo mongwe sengwe kwantle ga lebaka le le utlwalang, go ne go bolelelwa batsadi ba gagwe.
Thuto Kaga Bodumedi
Ba-Akan e ne e le batho ba ba ratang bodumedi tota, ba ne ba tlotla tlhago thata le dilo tse dingwe tsa lobopo tse di sa itsiweng. Ke boammaaruri gore, ba ne ba dumela mo medimong e mentsi. Lefa go ntse jalo, Ba-Akan ba ne ba dumela gore go na le Mongwe yo Mogolo a le nosi. (Baroma 1:20) Lefoko “Modimo” ka Se-Akan ke onyame, mme le dirisediwa modimo mongwe le mongwe. Lefa go ntse jalo, Ba-Akan ga ba tseye lefoko leo e le le lekaneng go tlhalosa Mmopi. Ka jalo, ba mmitsa Onyankopɔn, mo go kayang, “Modimo yo Mogolo a le Nosi.”
Ba ne ba obamela medingwana e mengwe ka gonne ba ne ba dumela gore Modimo yo Mogolo a le Nosi ke ene yo o rulagantseng jalo. Ba ne ba akanya gore seo se tshwana fela le fa kgosikgolo e na le dikgosana tse le tsone di neng di tshwanelwa ke go tlotlwa. Mme lefa go ntse jalo, ngwana mongwe le mongwe wa Mo-Akan o ne a rutiwa bodumedi jono.
Thuto ya Setso Gompieno
Gompieno dimilione tsa Baafrika di fudugetse kwa ditoropokgolong koo thuto ya setso e tseetsweng sebaka ke thuto ya sekolo. Lefa go ntse jalo, thuto ya setso ya Seafrika e santse e tsweletse pele sentle mo mafelong mangwe segolobogolo kwa metseng ya magae. Tota e bile, Baafrika bangwe ba kgonne go bona thuto eno ya setso le ya sekolo!
Ka sekai, akanya ka modiredi wa Mokeresete wa kwa Ghana yo leina la gagwe e leng Alfred. Le mororo a tsene sekolo, o santse a tlotla bontsi jwa dilo tsa botshelo jwa setso. Alfred a re: “Bontsi jwa bagaetsho ba ba sa rutegang ba kgona go ruta motho dilo tsa botshelo sentle le mororo ba rutilwe ka tsela ya setso fela. Go dira mmogo le bangwe ba bone ba e leng Bakeresetekanna go nthutile mekgwa e le mentsi e e molemo thata ya go bolela molaetsa ka tsela e e motlhofo e e seng thata. Ka gone, ke kgona go thusa batho ba ba godisitsweng ka tsela ya setso le ba ba tseneng sekolo. Gantsi ke na le go dirisa diane tse ke di utlwileng mo go bone ke bo ke di baakanya fale le fale ke bo ke di dirisa fa ke neela puo ya Baebele. Seno se dira gore bareetsi ba itumelele seo thata! Mme tota, batho ba ba tshwanelwang ke go lebogwa jalo ke banna le basadi bano ba ba rutilweng ka tsela ya setso.”
Ka gone, go phepafetse he gore sekolo sa Seafrika se thusitse ka dilo di le dintsi tse di molemo mme se tshwanelwa ke go tlotlwa e seng go nyadiwa. Le mororo se sa kgona go dira dilo tse di gakgamatsang tsa tegenoloji, lefa go ntse jalo, se dirile gore go nne le malapa a a nonofileng, setšhaba se se kitlaneng le batho ba ba kgonang go akanya tota, ba ba ratang metlae le ba ba pelotshweu ba na le moya wa go amogela baeng. Ka gone, ga go gakgamatse go bo Baafrika ba le bantsi ba ba nnang mo ditoropokgolong ba rata go nna ba etela ba masika a bone ba ba nnang kwa metseng ya magae. Nako eo ke e e kgatlhang tota. Ba ba nnang kwa ditoropong ba palelwa ke go dira ditlwaelo tsa setso ka tsela e e tshwanetseng. Ka sekai, gantsi ga ba itse gore fa o dumedisa setlhopha sa batho ka letsogo, tsela e e “tshwanetseng” ke go simolola kafa mojeng go ya kwa molemeng. Lefa go ntse jalo, go etelana jalo go itumedisa botlhe.
Mme legale, re tshwanetse go dumelana le gore, lefa sekolo sa setso sa Seafrika se rutile batho go tlotla le boineelo, ga se a kgona go ba ruta kitso ya ga Jehofa le Morwawe, Jesu Keresete e e nayang motho botshelo. (Johane 17:3) Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go dira mmogo le Ba-Akan le ditlhopha tse dingwe tsa merafe ya Seafrika go ba naya kitso eno e e botlhokwatlhokwa. Ba rutile Baafrika ba le diketekete ba ba sa tsenang sekolo go bala le go kwala gore ba tle ba ithute Lefoko la Modimo ka bobone. Mo bathong “ba ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng‚” eno ke thuto e e botlhokwa go gaisa, e motho a ka kgonang go nna le yone.—Mathaio 5:3, NW.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Ba-Akan ba ne ba ruta ngwana go itse boikarabelo jwa gagwe mo setšhabeng
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Batho ba rutwa go bala le go kwala kwa Diholong Tsa Bogosi Tsa Basupi ba ga Jehofa