LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 10/8 ts. 20-22
  • Go Betšha—Selo se se Tshwakgolang mo Dingwageng Tse Tsa Bo1990

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Betšha—Selo se se Tshwakgolang mo Dingwageng Tse Tsa Bo1990
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se se Phoso ka go Betšha?
    Tsogang!—2002
  • Basha Bomaithutwane ba Basha ba go Betšha!
    Tsogang!—1995
  • A Go Betšha go Siametse Bakeresete?
    Tsogang!—1994
  • A Baebele e Kgala go Betšha?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 10/8 ts. 20-22

Go Betšha—Selo se se Tshwakgolang mo Dingwageng Tse Tsa Bo1990

KHEMERA ya filimi ya mebalabala e tsaya setshwantsho. Setshwantsho sa teng se segolo se tlala ka ditsebe tse pedi tse dikgolo tsa lokwalodikgang lwa Sontaga—se tsere mo e ka nnang sengwe le sengwe se matlho a ka se bonang, kago e boitshegang e e fetotsweng go nna lefelo le go tshamekelwang dikarata mo go lone, disekweremetara tsa lone tse di diketekete di tlhanasela ka batho ba ba tlileng go tshameka ba dingwaga le ba merafe e e farologaneng. A o bona difatlhego tsa bone tse di sosobaneng le matlho a bone a a hibitseng ka gonne ba sa bolo go fetsa diura di le dintsi ba betšha ba sa fetse? Ba swegaswega dipelo go utlwa go itsisiwe karata e nngwe e e gapileng e gongwe e tla dirang gore kgabagare ba gape morago ga go fetsa bosigo jotlhe ba sa gape sepe.

Phetlha ditsebe tsa lokwalodikgang. A o bona difatlhego tse di tlhontseng tsa batho ba diatla tsa bone di tletseng ka dikarata tsa go betšha, ba le mo poifong ya gore ba tlile go jewa? Gantsi ba na le go gapa diketekete tsa diranta mme ba bo ba jewa gape fa go gogiwa karata e e latelang. Se akanye fela ka setshwantsho seo. A o kgona go bona diatla tse di fufutseng tsa matsogo a bone a a roromang ka ntlha ya letshogo? A o utlwa tsela e dipelo tsa bone di ubang ka yone, ba rapela ka pelo gore nako e e tlang karata ya bone e gape mme tsa ba bangwe di jewe?

A ko o tsene fela mo dikhasinong tse di magasigasi tsa dihotele tse di tlhanaselang le tsa mekoro. A o iphitlhela o akabetse mo kagong eo e e tletseng dikgoro tse dintsintsi ka metšhine ya go betšha e e mebalabala? A o kabiwa ditsebe ke medumo ya mekgothi ya teng fa e gogiwa le modumo o o kirietsang wa maotwana a teng a a dikologang? Mo ditsebeng tsa batho bao ba ba betšhang, modumo oo e kete ke wa mmino, go sa kgathalasege gore a ba a gapa kana ba a jewa. Mookamedi wa khasino nngwe o ne a re: “Selo se ba tshwenyegang ka sone fela ke gore go tla direga eng fa ba goga mokgothi wa motšhini wa go betšha.”

Leka go sutlha boidiidi joo jwa batho ba ba kokoanetseng ditafole tsa roulette. O ka tseisiwa sedidi ke tsela e leotwana le le nang le dikarolwana tse dintsho le tse dikhibidu le dikologang ka yone fa o ntse o le lebile. Bolonyana e e ntseng e kgokologa le yone e oketsa modumo oo. Ke leo le a dikologa mme mo le emang teng motho a ka gapa kana a ka jewa. Motho a ka jewa diketekete tsa diranta ka modikologo o le mongwe fela wa leotwana leo.

Atisa setshwantsho seo le dilo tseo tse o di bonang ka dikete tse di masomesome, batshameki bao ka dimilione tse di senang palo le mafelo ao ka diketekete mo lefatsheng lotlhe. Ba tla ka difofane, diterena, dibese, dikepe le dikoloi go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe go tla go kgotsofatsa keletso ya bone ya go betšha. Go ile ga bidiwa gore ke “bolwetse jo bo iphitlhileng, selo se se tshwakgolang mo dingwageng tseno tsa bo1990: Go lemalela go betšha.” Durand Jacobs, modiradipatlisiso wa bosetšhaba wa mekgwa ya go betšha o ne a re: “Ke bolelela pele gore dingwaga tsa bo1990 e tla nna motlha o ka one go betšha go tla dumelelwang semolao mo lefatsheng lotlhe.”

Ka sekai, kwa United States, ka 1993 Baamerika ba le bantsi ba ne ba ya kwa dikhasinong go gaisa mabala a metshameko ya liki e kgolo ya baseball—makgetlho a le dimilione tse 92. Go agiwa dikago tse disha tse di sa feleng tsa mafelo a go betšha. Boradihotele tse di kwa Lobopong Lwa Botlhaba ba itumela tota. “Ga go tlhole go na le mafelo a a lekaneng go ka tshola palo e e fopholediwang go 50-000 ya batho ba ba etelang dikhasino letsatsi le letsatsi.”

Ka 1994, kwa dinageng di le dintsi tse di kwa borwa tse maloba fela jaana di neng di leba go betšha e le boleo, jaanong di go amogela ka diatla tsoopedi e bile di go tsaya e le mmoloki. U.S.News & World Report e ne ya akgela jaana: “Gompieno Bible Belt [lefelo le kwa go lone go nnang batho ba go tsewang gore ba dumela Baebele fela jaaka e ntse] le yone e ka fetolwa leina ga twe ke Blackjack Belt [lefelo le go tshamekelwang dikarata kwa go lone], ka ntlha ya tsela e dikhasino tsa mekoro le tsa dikago di anamang ka teng mo Mississippi le Louisiana yotlhe e bile go rulaganngwa go aga tse di oketsegileng kwa Florida, Texas, Alabama le Arkansas.” Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba fetotse gotlhelele tsela e ba neng ba leba go betšha ka yone, ga ba tlhole ba go leba e le boleo. Ka sekai, e ne ya re fa badiredibagolo ba toropokgolo ya New Orleans, kwa Louisiana, ba tla go kgakola khasino ya teng ya ntlha ya mokoro ya kwa Nokeng ya Mississippi ka 1994, mongwe wa baruti o ne a rapela a leboga Modimo go bo a “dirile gore go nne le nonofo ya go betšha: selo se se molemo se ka sone,” go ya kafa a boletseng ka teng “o segofaditseng toropokgolo eno ka sone.”

Go solofetswe gore ka ngwaga wa 2000, diperesente di le 95 tsa Baamerika botlhe di tla bo di nna gaufi thata le dikhasino tsa go betšha, ba ka kgona go tsaya diura di le 3 kana 4 ba ya gone ka koloi. Baindia ba Amerika le bone ba na le seabe se segolo mo kgwebong eno ya go betšha. U.S.News & World Report e ne ya bega gore go fitlha jaanong, puso ya United States e kganetse gore ba se ka ba bula dikhasino tsa bone tse 225 le dikago tsa teng tse dikgolo tsa go betšha mo nageng eo yotlhe.

Fa o oketsa dilo tseno ka mafelo a batho ba tshamekelang dikarata kwa go one, ba betšha ka nako ya metshameko, mo mabelong a dipitse le a dintša, le go betšha kwa kerekeng le tse dingwe, o kgona go bona sentle gore ke eng fa ka 1993, Baamerika ba ile ba betšha ka didolara di le dimilione di le dikete tse 394 (diranta di le dibilione di le 1,43) e leng koketsego ya diperesente di le 17,1 fa go bapisiwa le ngwaga o o fa pele ga oo mo go betšheng go go kafa molaong. Batho ba ba kgatlhanong le go betšha ba akabadiwa ke seno. Mokaedimogolwane mongwe wa Khansele e e Kaga go Lemalela go Betšha, o ne a re: “Kereke le puso ke tsone dilo tse dikgolo tse di ka bong di thusa batho. Mme jaanong le tsone di na le seabe mo kgwebong ya go betšha.” Lokwalodikgang longwe lwa Amerika lo ne lwa re United States ke “Naga e e Betšhang Thata” le bo le re “go betšha ke selo se segolo se go itloswang bodutu ka sone mo nageng yotlhe ya Amerika.”

Engelane e ne ya simolola lotari ya yone ya ntlha ka 1826, mme go bolelwa gore di rekwa ka bonako. The New York Times Magazine e bolela gore go betšha go oketsega thata koo. “Gone jaanong Moscow e tletse ka dikhasino tse di tlhanaselang. Mme batho ba ba tlang go betšha ba tswa kwa Lebanon ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka go tla gangwe le gape kwa mafelong a go betšha a West Beirut a le one a tlhaselwang ka marumo ke masole le batho ba ba ilweng ke bodumedi kwa tlhogong,” Times e ne ya bega jalo. “Batho ba teng ba ba gapileng madi a mantsi ba isiwa gae ba sireleditswe ke batlhokomedi ba dikhasino ba ba tsamayang ba tshotse ditlhobolo tsa motšhinikane.”

“Batho ba Canada ga ba ise ba lemoge gore ke setšhaba se se betšhang thata,” go ne ga rialo motho mongwe yo o laolang go betšha kwa porofenseng nngwe ya Canada. O ne a oketsa ka go re: “Go ka nna ga direga gore ka tsela nngwe, go na le batho ba ba betšhang thata mo Canada go gaisa kwa United States.” Lokwalodikgang lwa The Globe and Mail lo ne lwa bega jaana: “Mo ngwageng o o fetileng batho ba Canada ba ile ba betšha ka didolara di feta dimilione di le dikete tse 10 [diranta di le dimilione di le dikete tse 25]—mo e batlang e le madi a a fetang a ba a dirisang go ya go leba dibaesekopo ga 30.” Lokwalodikgang lono lo ne lwa re: “Intaseteri ya go betšha mo Canada e tlhabologile thata go gaisa kafa ya United States e leng ka teng kana kafa e kileng ya nna ka teng. Kgwebo ya dilotari e tlhabologile thata mo Canada. Go ntse jalo le ka ya mabelo a dipitse.”

“Ga go motho ope yo o itseng gore go na le batho ba ba tshwakgotsweng ke go betšha ba le kae mo Afrika Borwa,” lokwalodikgang longwe lwa Afrika Borwa lo ne lwa kwala jalo, “mme gone, bobotlana go na le ba le ‘diketekete.’” Lefa go ntse jalo, puso ya Spain yone e itse bothata jwa yone e bile e itse gore go na le palo e e ntseng e oketsega ya batho ba ba betšhang. Dipalopalo tsa semolao di supa gore bontsi jwa baagi ba teng ba le dimilione tse 38 ba ile ba senya diranta di le dimilione di le dikete tse 90 mo ngwageng ka go betšha mo go dirang gore Spain e nne nngwe ya dinaga tse di nang le dipalo tse di kwa godimo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng tsa batho ba ba betšhang. Motho mongwe yo o neng a tlhoma mokgatlho o o thusang batho ba ba betšhang o ne a re: “Go betšha go mo mading a batho ba Spain. Ga ba bolo go nna jalo. . . . Ba betšha dipitse, mo kgweleng ya dinao, mo dilotaring e bile gape, ba betšha le roulette, fa ba tshameka poker, dikarata tsa lesego le mo metšhineng eo e e metsang madi.” Ke mo dingwageng tsa bosheng fela jaana e neng e le gone Spain e lemogang gore go lemalela go betšha ke bolwetse jwa tlhaloganyo.

Bosupi bongwe jo bo gone bo bontsha gore Italy le yone e tserwe ke setsuatsue sa go betšha. Dimilione di le diketekete tsa madi di tshololelwa mo dilotaring le mo metshamekong mme gape le mo dikgaisanong tsa go betšha tsa makwalodikgang le mo ditafoleng tsa go betšha. “Go betšha go ama karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa letsatsi le letsatsi,” go ne ga rialo pego nngwe ya setlhopha sengwe sa dipatlisiso se se neng se engwa nokeng ka madi ke puso. The New York Times e ne ya re, gompieno “selekanyo se go betšhiwang ka sone se kwa godimo thata, mme badiredibagolo ba Puso le baruti ba dikereke ba itlhaganelela go nna le seabe gore ba solegelwe molemo.”

A bo seo se le boammaaruri jang ne! Gantsi go betšha go ama dilo di le dintsi mo botshelong jwa batho, jaaka fa ditlhogo tse di latelang di tla bontsha.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

E kile ya bo e le boleo—jaanong ke “mmoloki”

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Kgogodi ya go betšha e amile lefatshe lotlhe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela