A Re Tshela mo Metlheng ya Bofelo?
POLELWANA e e reng, “dipaka tse di tlhokofatsang,” e ranotswe go tswa mo go ya Segerika, kai·roiʹ kha·le·poiʹ. (2 Timotheo 3:1) Lefoko kha·le·poiʹ ke popego ya bontsi ya lefoko le fa le ranolwa fela jaaka le ntse le kayang “bogale” le dira gore motho a akanye ka selo se se tshosang le se se kotsi. Moakgedi mongwe wa Baebele o bolela gore lefoko leo le lebisitse go “tlhaselo e e boitshegang le e e setlhogo thata.” Ka gone, lefa gone metlha e e fetileng e kile ya nna le mathata, ‘metlha ya bofelo’ yone e ne e tla nna maswe go gaisa. Jaaka fa 2 Timotheo 3:13 e bolela, “batho ba ba bosula le batsietsi ba tlaa nna ba sulafalela pele.”
A seno se tshwanela se se diregang mo metlheng eno ya rona? Mma re sekasekeng dintlha tse di rileng tse di begilweng mo go 2 Timotheo 3:2-5, go bona gore a di supa fa re tshela mo metlheng ya bofelo.
“Batho ba tlaa nna . . . barati ba madi.”—2 Timotheo 3:2.
Jaaka fa U.S.News & World Report e go tlhalosa, go tsietsa e setse e fetogile, “ngwao ya sephiri ya bonokwane jwa ikonomi.” Kwa United States, madi a a utswiwang mo go tsa tlhokomelo ya boitekanelo fela, a fa gare ga didolara di le dimilione di le dikete tse 50 (diranta di le dimilione di le dikete tse 181) le didolara di le dimilione di le dikete tse 80 (diranta di le dimilione di le dikete tse 290) ngwaga le ngwaga. Se se utlwisang botlhoko ke gore, go lejwa bogodu joo e le selo se se tlwaelegileng fela. Jaaka fa Gary Edwards, poresidente wa Ethics Resource Center a bolela, re na le “setšhaba se ka dinako tse dingwe se itumelelang go se tshepege.” O tlhalosa jaana: “Re tlotlomatsa dinokwane tsa boradipolotiki le borakgwebo ba ba utswang madi a puso ba bo ba sa dirwe sepe.”
“Baipegi.”—2 Timotheo 3:2.
Moipegi o nyatsa batho ba bangwe. A bo gompieno seno se lemotshega thata jang ne mo tseleng e batho ba tlhaolanang ka yone ka ntlha ya lotso le bomorafe! “Merafe yotlhe e mennye e a nyadiwa,” go rialo The Globe and Mail ya Toronto kwa Canada. “Go lwantshana ga ditso go a oketsega kwa Jeremane, Ku Klux Klan [segongwana sa sephiri sa Amerika se maloko a sone e leng makgoa fela] e a anama kwa United States e bile o fitlhela go tladikilwe ditsela tsa batsamaakadinao le dipota tsa disinagoge tsa Toronto ka diswasetika.” Irving Abella yo e leng poresidente wa Canada wa Kongerese ya Sejuta, a re: “Re go bona gongwe le gongwe: kwa Sweden, Italy, Holland le Belgium mmogo le kwa Jeremane.”
“Ba ba sa utlweng batsadi ba bone.”—2 Timotheo 3:2.
“Batho ba le bantsi ba re batsadi ba ba ileng ba tshola phiphitha ya bana ba bakile gore go nne le losika lwa diganana tse di melomo e sepha, tse di manganga e bile di sena maitseo,” go rialo The Toronto Star. Botsuolodi jo bo simologang kwa gae gantsi bo fetela le kwa sekolong. Morutabana mongwe o bolela gore tota le bana ba bannye ba dingwaga tse nnè ba a ikarabisetsa. “Barutabana ba dirisa nako e ntsi ba leka go baakanya maitshwaro a bone go na le go ba ruta,” a rialo. Ke boammaaruri gore, ga se basha botlhe ba ba tsuologang. Lefa go ntse jalo “go lebega ba sa batle go tlotla sepe,” go rialo Bruce MacGregor, yo o nang le nako e ntsi e le morutabana wa sekolo se segolo.
“Ba se na lorato lwa tlholego.”—2 Timotheo 3:3.
Mo metlheng ya bofelo go ne go tla nna le mathata mo malapeng—koo go neng go tshwanetse ga nna le lorato lwa tlholego go gaisa mafelo otlhe teng. The New York Times e bega gore, “dintwa tsa mo lapeng ke tsone selo se segolo go gaisa tsotlhe se se bakang dikgobalo le go swa ga basadi ba Baamerika, go feta ba ba gobalang mo dikotsing tsa dikoloi, ba ba betelelwang le ba ba tseelwang ditsabone ka dikgoka ba kopantswe.” Bana ba le bantsi ba ba sotlwang ka tlhakanelodikobo ba dirwa jalo ke ba lelapa ba ba ba tshepang. Dipalo tse di kwa godimo tsa ditlhalano, go sotliwa ga batsofe le go senya dimpa le tsone di supa gore batho ba le bantsi “ga ba na . . . lorato lo lo tlwaelegileng lwa tlholego.”—Phillips.
“Ba le bogale, e se barati ba molemo gope.”—2 Timotheo 3:3.
“Basha ba babolai ga ba tshabe go bolaya,” go kwala jalo Bob Herbert mokwadi wa dikgang wa lokwalodikgang longwe. “Bana ba le bantsi ba dumelana ka matlhagatlhaga go gatlampola batho ba bangwe ka ditlhobolo ‘kwantle ga lebaka lepe le le utlwalang.’” Tota le batsadi bangwe ba lebega ba sa itse gore boitsholo jo bo siameng le jo bo sa siamang ke bofe. Fa setlhopha sengwe sa basimane se ne se latofadiwa ka gore ba gaisana ka go tlhakanela dikobo le basetsana ba le bantsi kafa ba ka kgonang ka teng, rre mongwe o ne a akgela jaana: “Morwaake ga a dira tiro epe e mosha mongwe le mongwe wa dingwaga tsa gagwe wa Moamerika a neng a ka e dira.”
“Barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:4.
Go ya ka phopholetso nngwe, basha ba fetsa diura tse 15 ba lebile kana ba reeditse dilo tsa eleketeroniki fa ba dirisa ura fela mo dilong tsa bodumedi. “Gompieno botshelo jwa basha bo tlhotlhelediwa thata ke dilo tsa metswedi ya tshedimosetso tse di tletsetletseng mo mabenkeleng le mo dikolong,” go bega Altoona Mirror jalo. “Morago ga seo go latela tlhotlheletso ya lelapa. Sa bofelo mo lenaaneng leno [ke] kereke.” Gape Mirror e bolela gore, “fa batsadi ba seyo mme kereke e sa thuse ka tharabololo, he metswedi eno ya tshedimosetso e nna dilo tse dikgolo tse di tlhotlheletsang botshelo jwa basha.”
“Ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse.”—2 Timotheo 3:5.
Boammaaruri jwa Baebele bo nonofile go fetola matshelo a batho. (Baefeso 4:22-24) Lefa go ntse jalo go na le dilo di le dintsi tse di maswemaswe tse di dirwang go itshirilwe ka bodumedi. Sekai se se utlwisang botlhoko thata ke sa bana ba ba sotliwang ka tlhakanelodikobo ke baruti. Go ya ka The New York Times, ramolao mongwe wa United States “o bolela gore o na le dikgetsi tse 200 tse di santseng di sekwa mo dinageng tse 27 tse mo go tsone batho ba a ba buelelang ba bolelang gore ba ne ba sotlwa ke baruti ka tlhakanelodikobo.” Ruri, ditiro tse di boikepo tsa baruti bano di senola fa poifomodimonyana e ba dirang gore ba lebege e kete ba na le yone e le boitimokanyi fela.
BOSUPI JO BO OKETSEGILENG JWA METLHA YA BOFELO
GAPE 2 TIMOTHEO 3:2-4 E BOLELA GORE BATHO BA TLA NNA . . .
□ Babelafadi
□ Bakgadi
□ Ba ba sa lebogeng
□ Ba ba sa itshepang
□ Ba ba sa itshwareleng
□ Bapateletsi
□ Ba se na boithibo
□ E le baoki
□ Ba ba tlhogoethata
□ Ba ba ikgogomosang
“SESUPO SA GO NNA GONE GA GAGO”
Jesu o ne a bodiwa jaana pele ga a swa: “Sesupo sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo e tla nna eng?” (Mathaio 24:3, NW) Jesu o ne a tlhalosa maemo le ditiragalo tse ka tlhamalalo di neng di tla tshwaya metlha ya bofelo. Mma re sekaseke dingwe tsa tsone.
“Morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi.”—Mathaio 24:7.
“Lekgolo la bomasomeamabedi la dingwaga—le mororo mo go lone go ilwe ga tokafadiwa dilo di le dintsi mo loagong e bile dipuso tse dintsi di ile tsa supa fa di amegile ka go tokafatsa botshelo jwa bahumanegi—le ile la tlala ka ditlhobolo tsa motšhinikane, dikoloi tsa ntwa tse di rwalang dibetsa, difofane tsa dibomo tsa B-52, dibomo tsa nuklea mme kwa bokhutlong ya nna dimmisaele. Go ile ga nna le dintwa tse di tsholotseng madi a mantsi le tse di sentseng go gaisa tsa metlha epe e mengwe.”—Milestones of History.
“Dithoromo tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe.”—Mathaio 24:7.
Mo lekgolong leno la dingwaga go ile ga direga dithoromo tsa lefatshe tse di begang go tloga ka 7,5 go ya go 8,3 mo selekanyong sa Richter kwa Chile, China, India, Iran, Italy, Japane, Peru, le Turkey.
“Go tlaa nna dilotse di rerisang fa di bonwa.”—Luke 21:11.
Ka ntlha ya dilo tse di tshosang thata tse di diregileng mo dingwageng tsa bosheng jaana, gongwe poifo ke selo se segolo go gaisa tsotlhe se se amang maikutlo a batho thata. Batho ba boifa ntwa, bokebekwa, kgotlelo, malwetsi, go tlhatloga ga ditlhwatlhwa le dilo tse dingwe tse dintsi tse di tshosetsang polokesego le matshelo a bone.
“Meswele.”—Mathaio 24:7.
“Tlala e Gaketse fa Ditlhopha Tsa Namolo di Nnetse go Kgakgauthana,” setlhogo sengwe sa dikgang sa makasine wa New Scientist se ne sa bega jalo. Go ya ka poresidente wa pele wa United States, go na le matshosetsi a gore leuba le tla ganyaola polanete eno mo masomeng a le mabedi fela a dingwaga. “Lefa go na le diponelopele tseo tse di tshosang, selekanyo sa madi a go tlhabolola temothuo a dinaga tse di humileng di thusang tse di santseng di tlhabologa ka one se fokotsega fela thata,” setlhogo seno se bolela jalo.
“Mo mafelong mangwe le mangwe go nne . . . dikgogodi tsa bolwetse.”—Luke 21:11.
Go ya ka setlhopha sengwe sa baitse, maiteko a puso ya United States e a dirang go lwantsha AIDS—a a jang go feta didolara di le dimilione di le 500 (diranta di le dimilione di le 1 815) ngwaga le ngwaga—a ile a bidiwa gore ke go palelwa go go utlwisang botlhoko. “Re latlhegelwa ke batho ba e neng e ka nna dinatla mo tirong ka ntlha ya AIDS,” go ne ga tlhagisa jalo Dr. Donna Sweet, yo o tlhatlhobang balwetsi ba bolwetsi jono ba le 200 go ya go 300. Gone jaanong AIDS ke sengwe sa dilo tse di bakang dintsho tsa banna ba dingwaga tse di fa gare ga 25 le 44 go gaisa botlhe kwa United States.
“Boikepo bo tlaa bo bo ntsifetse.”—Mathaio 24:12.
Patlisiso nngwe ya kwa United States e e neng ya dirwa mo basheng ba le 2 500, e ne ya supa gore 15 lekgolong ya bone e ne e kile ya tshola tlhobolo nako nngwe mo malatsing a le 30 pele ga foo, 11 lekgolong ya bone e ne e kile ya hulwa ka yone mo ngwageng fa pele ga oo mme 9 lekgolong yone e ne e kile ya hula mongwe ka tlhobolo.
KE ENG SE SE KWA PELE?
Jaaka fa re bone, motho o kgakala, o kgakalakgakala le go tshela ka kagiso. Fa o akanya ka bogolo jwa tsone, dilo tseno tse di umakilweng fa godimo di direga ka tsela e di iseng di ko di direge ka yone pele. Ruri, motho o iphitlhela a le mo lefelong le a sa le tlwaelang. O kgabaganya paka e e bidiwang gore ke metlha ya bofelo.
Go tla latela eng morago ga paka eno?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
Michael Lewis/Sipa Press