Re Lebile Kae?
ARE re o tsere mosepele mo lefelong le o iseng o ko o ye kwa go lone. Gone jaanong o tshwanetse o ka bo o setse o gorogile, lefa go ntse jalo, matshwao a mo mebileng, maina a toropo le matshwao a mangwe ga se a o neng o a solofetse. ‘Ke fa kae?’ o ipotsa jalo. ‘A ke tsere tsela e e siameng?’
Gompieno lefatshe le mo seemong se se tshwanang le seo. Motho o iphitlhela a le mo lefelong le a sa le itseng jaaka fa setšhaba se ntse se senyegela pele go feta lefa e le leng pele. Ka ntlha ya kgatelopele ya saense le tegenoloji, re ka nna ra tsaya gore re tshwanetse re ka bo re tshela mo lefatsheng le le botoka. Mo bukeng ya Great Ages of Man, Russell Bourne wa mokwadi, o bolela gore ke fela mo lekgolong la bo20 “selo se se sa bolong go elediwa sa gore go nne le bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe se simolotseng go bonala fa se ka nna sa kgonega.”
Lefa go ntse jalo, ga go ise go nne le “bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe.” Matshwao a go solofeditsweng gore go tla bonwa ka one a a jaaka ikonomi e e tlhomameng, dijo tse di lekaneng, boitekanelo jo bo botoka le botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa, ga re ise re a bone le e seng. Buka ya Milestones of History, e bolela jaana: “Kgatelopele ya saense e ile ya amanngwa ka ditsela tse dintsi le tshenyo le bosetlhogo.”
Ee, gompieno motho o iphitlhela a latlhegile mo lefelong le a sa le tlwaelang, a le kgakalakgakala le tsela e a e batlang, kgakalakgakala le kagiso le polokesego tse di ileng tsa bonelwa pele fa lekgolo leno la dingwaga le ne le simologa. Ka gone, gompieno batho ba le bantsi ba ipotsa jaana ba batla tsela e e siameng: “Go tlile jang gore dilo di nne jaana? Lefatshe leno le lebile kae? A re tshela mo metlheng ya bofelo?”
Gore re tle re lemoge gore re fa kae, re tshwanetse gore re sekaseke pele fa re leng gone. Bangwe ba re re tloga re tsena mo thulaganyong e ntšha ya lefatshe; bangwe bone ba re re gaufi le tshenyego e e boitshegang. Baebele e re thusa go lemoga fa re leng gone le koo re lebileng teng fela jaaka mmapa wa tsela.
Fa o tsere mosepele, go botlhokwa gore o ele tlhoko matshwao a a tla supang lefelo le o leng mo go lone. Baebele le yone e tlhalosa matshwao—maemo a lefatshe le boitshwaro jwa lone—a a neng a tla supa paka e e bidiwang “metlha ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Mafoko ano a a reng, “metlha ya bofelo,” ga a bue ka go nyelediwa ga legodimo le lefatshe la mmatota. Go na le moo, a bolela “bokhutlo jwa tsamaiso ya jaanong ya dilo,” (NW) kana “bokhutlo jwa motlha,” jaaka fa thanolo e nngwe ya Baebele e bolela.—Mathaio 24:3; Today’s English Version.
“Mo metlheng ya bofelo go tlaa tla dipaka tse di tlhokofatsang,” go ne ga kwala jalo moaposetoloi wa Mokeresete, Paulo. (2 Timotheo 3:1) Ke boammaaruri gore, metlha e mengwe mo hisitoring e ka nna ya bo e ne e ntse jalo. Ee, motlha mongwe le mongwe o ile wa nna le mathata a one.
Ka gone, ke lebaka lefe le le re dirang gore re dumele gore mafoko ano a bua ka motlha ono wa rona?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Tom Haley/Sipa Press