Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng Tsa Katlholo
Karolo 5—Maatla a go Busa A A Senang Melelwane—A Ke Tshegofatso Kana Ke Phutso?
Puso ya “Autocracy”: puso ka motho a le mongwe yoo o nang le maatla a go busa ao a senang melelwane; Puso ya “Authoritarianism”: go dirisa maatla a go busa o sa ye ka gore bao o ba busang ba a reng, e fetwa ke ya “totalitarianism” ka bokgokgontshi; Puso ya “Dictatorship”: puso eo motho yo o busang mo go yone a nang le maatla a go busa mo go sengwe le sengwe a sa beelwa melelwane ke molao kana ke setlhopha sepe sa semmuso; Puso ya “Totalitarianism”: taolo eo e beilweng mo magetleng a setlhopha sengwe sa puso eo maatla a yone a go busa a senang melelwane, eo e dirang baagi gore ba nne kafa tlase ga Puso mo e batlang e le mo go sengwe le sengwe.
DIPUSO tsa authoritarian, di na le puso e kgolo mme di naya batho kgololesego e potlana fela, ka bofefo fela di re gopotsa matlhalosi a a ntseng jaaka “tse di gatelelang,” “tsa bokgokgontshi,” le “tse di sa diriseng maatla ka tshwanelo.” Di tletse bomorafe thata, ke dipuso tseo di laolang lephata lengwe le lengwe la puso, tseo di disang baagi ba tsone botlhe ka leitlho le le bogale, le go thibela ditiro, go sa kgathalesege gore di ka tswa di sena kotsi go le kana kang, tseo di sa rotloetseng dikgatlhego tsa morafe. Ka maswabi, ga go na gope mo hisitoring moo dipuso tsa authoritarian di ileng tsa se ka tsa nna gone tseo go ka begwang ka tsone.
Kgang ya Selekanyo
The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Puso ya Russia eo e neng e le kafa tlase ga bo-czar go ne ga boa go le gonnye fela gore e fetoge puso ya autocracy.” Mme lefa go ntse jalo ga se dipuso tsotlhe tsa authoritarian tseo eleng tse di busang batho mo go sengwe le sengwe; gantsi ke kgang fela ya selekanyo sa seno. Mme ebile ga se gore dipuso tsotlhe tsa authoritarian ke dipuso tsa autocracy, ke gore, dipuso tseo di etelelwang pele ke motho a le mongwe yo o busang, mmusaesi, kana czar. Tse dingwe di ka nna tsa tswa di laolwa ke setlhopha, gongwe ke lekgotla la sesole, kana ke batshwanelegi ba puso ya ba sekae fela ba maemo kana ya bahumi.
Esita le dipuso tsa temokeratiki e ka nna tsa authoritarian. Ke boammaaruri gore di na le makoko a sepolotiki, di tshwara ditlhopho, di na le dikgotlatshekelo tsa molao, mme ebile di ikgantsha ka gore di na le palamente kana theomolao. Lefa go ntse jalo, selekanyo seo puso e nang le letsogo ka sone mo go laoleng maphata ano, e a pateletsa gore a dire jaaka fa e batla, ke ya authoritarian go ya go jone bokgakala joo, go sa kgathalesege gore ke ya mofuta mang. Seo ga se bolele gore e rulagantswe jalo ka boomo. Ka dinako tsa ntwa kana ka dinako tsa dikhuduego tsa semorafe, boemo joo bo ka nna jwa tswa e ne e le jo bo batlang gore puso e dirise maatla ao e nang le one a maemo a tshoganyetso. Gongwe maemo ao a tshoganyetso a a kokobela; lefa go ntse jalo, ga se ka ga nna jalo ka maatla a maemo a tshoganyetso.
Dipuso tsa bo-monarch ke tsa authoritarian ka dilekanyo tse di farologaneng. Mme lefa go ntse jalo dipuso tsa bo-monarch tseo di busang batho mo go sengwe le sengwe bontsi jwa tsone di ile tsa emisediwa ka dipuso tsa bo-monarch tseo di sa buseng batho mo go sengwe le sengwe. Ditlhopha tsa theomolao mme gongwe le melaotheo eo e kwadilweng e beela dipuso tse di ntseng jalo tsa bo-monarch melelwane mo pusong ya tsone, e dira gore kgonego ya gore e nne tsa authoritarianism e se ka ya nna kalokalo. Ka gone, go nna le kgololesego ga batho mo dipusong tsa gompieno tsa bo-monarch tseo di sa buseng batho mo go sengwe le sengwe go kwa godimo thata ga mo dipusong tsa bo-monarch tsa mo nakong e e fetileng.
Le eleng ka nako eo dipuso tsa bo-monarch di neng di tumile ka yone, maatla a tsone a go busa a ne a beetswe melelwane. Porofesara wa hisitori ebong Orest Ranum o tlhalosa gore “bontsi jwa dikgosi di ne di sena boikutlo mmogo le maatla a go ka gatelela babusiwa ba bone ka mo go feletseng kana go nyeletsa bao ba neng ba le babotlana ka morafe le bao setso sa bone se neng se le sebotlana jaaka fa go ne ga dira Hitler kana Mussolini kana Stalin.” Kwantle ga pelaelo, ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitshwaro tsa kgosi mmogo le dinonofo tsa yone tse di molemo—kana go tlhaela tse di tshwanang natso—e ne e le tsone dilo tseo go neng go ikaegile ka tsone. Lefa go ntse jalo, Ranum o bolela jaana: “Ga go na puso epe ya bo-monarch eo e neng e atamela puso ya segompieno ya totalitarian ka selekanyo sa yone sa maatla ao e nang le one mo setsong sa batho mmogo le mo go tsa itsholelo.”
Go Ikemisetsa go Nna le Maatla a go Busa Batho mo go Sengwe le Sengwe
Mo dingwageng tsa bo 1920 le tsa bo 1930, kwa Italy, kwa Soviet Union, le kwa Jeremane, go ne ga runya mofuta o mosha wa puso ya bokgokgontshi mo godimo ga lefatshe, eleng ya mofuta oo go neng ga tlhokafala gore go tlhamiwe lefoko le lesha go ka e tlhalosa ka mo go lekaneng. Mo dinageng tseno metswedi ya dikgang e ne e laolwa ke Puso. Mapodisi a ne a fetogile batlhanka ba lekoko le le busang la sepolotiki mme a ne a sa tlhole e le batlhanka ba batho. Go ne go dirisiwa dikgopolo tsa tsietso, go laolwa ga metswedi ya dikgang ke molao, go rulaganngwa ka ditlhopha, go disiwa ka leitlho le le bogale ke mapodisi a sephiri, mme le one mashetla tota a go ka lwantsha kganetso. Baagi ba ne ba patelediwa ka go tlhorontshiwa gore ba amogele kgopolo ya puso ya semmuso ya sepotolotiki mmogo le ya loago jaaka ya bone. Bao ba neng ba gana ba ne ba tshwarwa jaaka batsietsi. Lefoko “totalitarianism” le ne le lebega jaaka le le tshwanelang—eleng puso eo e gagamaletseng go ka fitlhelela mekgele ya yone, eo e laolang baagi ba yone mo go sengwe le sengwe.
Makasine wa Jeremane eleng Informationen zur politischen Bildung (Tshedimosetso ya Thuto ya Sepolotiki) o tlhalosa jaana: “Puso eo maikaelelo a yone e leng gore e laole batho mo go sengwe le sengwe, go farologana le puso eo e sa yeng ka gore babusiwa ba a reng, ga e kgotsofalele go tsaya maemo ao e nang nao a semmuso a go busa. Ga e a iketleeletsa go neela baagi kgololesego e sekae fela mme lefa go ntse jalo e batla gore ba ineele mo go yone le gore ba tshegetse melao ya yone ka matlhagatlhaga ka dinako tsotlhe. Dilo tseno tseo di senang melelwane di tlhoka gore puso ya totalitarian e nne le tlhotlheletso mo dikarolong tseo ka tlwaelo puso e sa itshunyeng nko mo go tsone, tse di ntseng jaaka lelapa, bodumedi, le nako ya boikhutso. Gore puso ya totalitarian e fitlhelele dilo tseno tse di batlegang, e tshwanetse ya oketsa maatla a yone a go laola gore e bo e kgone go ka disa mongwe le mongwe ka dinako tsotlhe.”
Gone ke bommaaruri, go ya ka Puso mmogo le dikgatlhego tsa yone, puso ya totalitarian e na le bokgoni thata. Mme lefa go ntse jalo ga go kgonege go ka e boloka gore e tswele pele e le teng, go bolela jalo mmegadikgang ebong Charles Krauthammer. Go na le dilo di le dintsi thata tseo di tshwanelwang go laolwa. “O kgona go ka latlhela batho mo kgolegelong ka ponyo ya leitlho, le gone go ka ba hula,” o bolela jalo, “mme lefa go ntse jalo morago ga nakonyana e khutshwane o felelwa ke marumo, ke dikgolegelo, ke maikatlapelo, le eleng ke bao o ka ba tshwarang. . . . Ke menolopuso e e nnelang ruri fela eo e ka fitlhelelang mokgele wa puso ya totalitarian, mme menolopuso e e nnelang ruri ga se selo se se ka kgonegang. Le ene mokgokgontshi ka boene o tlhoka gore a robale.”
A go Bakwa ke ‘Batho Bao Ba Nnang E Le Matshutitshuti’?
Go ile ga dirwa dikgopolo tse di farologaneng di direlwa go ka tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa puso ya authoritarianism, segolobogolo fa e le ka sebopego sa yone se se feteletseng ebile e le se e nang le katlego mo go sone, eleng ya totalitarianism, e tumile jaana mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga. Go ya ka The World Book Encyclopedia, “peditharong ya ntlha ya dingwaga tsa bo 1900 e ne e le lobaka lwa phetogo e kgolo—eo gongwe e leng phetogo e e diragetseng ka bonako ebile e diragala mo karolong e kgolo go feta lefa e le leng mo hisitoring.” Kwantle ga pelaelo, seno se ile sa tlatseletsa thata go dira gore ba le bantsi ba rate puso ya authoritarianism.
Go oketsega ka selekanyo se segolo ga baagi, go fudugela kwa metsesetoropong, mmogo le dikgatelopele tsa botegeniki ke ditiragalo tse di sa tlwaelegang tsa segompieno tseo di thusitseng go dira gore go nne le seo se bidiwang batho bao ba nnang e le matshutitshuti. Polelo eno e kaya setšhaba sa diindaseteri seo se itsegeng ka maphata a puso a magolo, ao go utlwiwang ka one fela, a a bopilweng ka batlhankedi ba puso, ebile e le a a sa kgathaleleng batho. Ke lesomo la batho leo mo go lone dikamano tsa batho gantsi di seng boteng go le kalo ebile e le tse di tsayang lobakanyana fela. Ke lesomo la batho leo, mo matshutitshuting a batho, ba batlanang ka metlha le batho bao ba ka amanang ka tsela e e gautshwane le bone ebile ba batla go ikutlwa e le karolo ya setšhaba.
Gore go nna ka matshutitshuti ga batho go ile ga pateletsa ka selekanyo se se kae gore go nne le puso ya totalitarianism ga go tlhaloganyesege sentle. Go ya ka rasaense wa dipolotiki yo o tsaletsweng kwa Jeremane ebong moswi Hannah Arendt, go nna ga batho ka matshutitshuti go ile ga nna le tlhotlheletso e eseng kana ka sepe. Buka ya gagwe ya The Origins of Totalitarianism e bolela gore puso ya totalitarianism ga e agelwe mo ditlhopheng tsa batho, mme go na le moo e agelwa mo matshutitshuting a batho bao “e ka tswa e le ka ntlha ya dipalo fela, kana ka ntlha ya go sa kgathaleng, kana e le ka ntlha ya dilo tseno ka bobedi jwa tsone di tlhakane, ba se kakeng ba tsenngwa mo mokgatlhong ope oo o theilweng mo dikgatlhegong tsa botlhe, mo makokong a sepolotiki kana mo dipusong tsa bommasepala kana mo mekgatlhong ya seporofeshenale kana mo mekgatlhong ya kgwebisano.”
Arendt gape o umaka dilo tse dingwe tseo di ileng tsa baka gore go nne le puso ya totalitarianism: eleng mebusotona, kilo kgatlhanong le Bajuda, le go faladiwa ga dinagasemorafe tseo di neng di tlwaelegile.
Mebusotona?
Ka bonako fela pele ga lekgolo la dingwaga le ya bokhutlong, go dirwa ga dikoloni go ne ga ya magoletsa. Raikonomi wa Moborithane ebong John Atkinson Hobson o bolela dingwaga tsa 1884 go ya go 1914 gore ke lobaka loo jaanong lo bidiwang mebusotona ya mofuta o mosha. Seno e ne e se sepe fela fa e se mokgwa wa go dirisa maatla a go busa ka tsela ya puso ya authoritarian wa dipuso tsa bo-monarch kana tsa temokeratiki ka maikaelelo a go godisa mebusotona ya tsone. Go nna le taolo mo dinageng tse dingwe go ne go fitlhelelwa ka go tsaya marapo ka tlhamalalo mo mererong ya tsone ya dipolotiki mmogo le ya tsa itsholelo kana ka go laola merero eo ka tsela eo e seng ya ka tlhamalalo. Hobson o tlhalosa bopusotona gore bo nnile teng segolobogolo ka ntlha ya tsa itsholelo. Ke boammaaruri, mofuta ono o mosha wa go dira dikoloni gantsi o ne o sa amane go le kalokalo le maatla a sepolotiki go fetisa kafa o neng o amana ka gone le go atolosiwa ga tsa itsholelo mmogo le go direla dilo tsa morafe marekisetso a masha.
Ga go na gope koo seno se neng sa bonala teng thata go gaisa kafa se neng se bonala ka gone kwa go seo morago se neng sa itsege jaaka Semphete Ke go Fete ya Afrika. Mo masimologong a dingwaga tsa bo 1880, Borithane, Fora, mmogo le Portugal di ne di setse di na le dikoloni di le mmalwa kwa Afrika. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re fa Belgium mmogo le Jeremane di ne di simolola go di leba ka go di tswela pelo, lebelo le ne la simolola go beta mokodue. Kwantle ga Ethiopia fela le Liberia, e ne ya re go ise go ye kae Afrika yotlhe e bo e setse e le kafa tlase ga taolo ya Yuropa. Bantsho ba Afrika ba ne ba patelesega go bogela fela ka nako ya fa basweu ba “Bakeresete” ba bathibeledi ba ne ba ba itsa naga ya bone.
United States of America le yone e ne ya fetoga mmusotona. Mo boaphelong jwa lekgolo la dingwaga la bo 19 e ne ya gapa Alaska, Hawaii, Ditlhaketlhake tsa Philippine, Guam, le Samoa mmogo le ditlhaketlhake tse dingwe tsa Pacific, mmogo le Puerto Rico le ditlhaketlhake tse dingwe tsa Caribbean. Kakgelo eno eo e neng ya dirwa ke porofesara wa hisitori kwa Columbia University, ebong Henry F. Graff, yo o neng a kwala jaana, e kgatlhisa thata: “Ditiro tsa barongwa ba Bakeresete di ne di na le tlhotlheletso e e tshwanang le eo baphasalatsi ba neng ba na le yone mo go direng mebusotona ya segompieno.” Mme lefa go ntse jalo fa barongwa bano ba Labodumedi e ka bo e ne e le Bakeresete ba boammaaruri, ba ka bo ba ile ba nna ba sa itshunye nko mo dipolotiking mo sempheteng ke go fete ya Afrika mmogo le mo mebusotoneng e mengwe ya dikoloni, tumalanong le mafoko ano a ga Jesu: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.”—Yohane 17:16; Yakobe 4:4.
Motlha wa dipusotona go bolelwa fa o fedile ka 1914. Lefa go ntse jalo, ga go a nna jalo ka moya wa tsone wa puso ya authoritarian. Moya ono o ne wa bontshiwa sentle ke Cecil Rhodes, yoo e neng e le tonakgolo mo dingwageng tsa bo 1890 kwa go seo jaanong eleng karolo ya Afrika Borwa, fa a ne a re: “Kgolo e mo go sengwe le sengwe.” Ereka e le ene yo o neng a na le tlhotlheletso e kgolo mo go godiseng Mmusotona wa Borithane, o kile a bolela jaana ka mabela: “Ke ne ke tla gapa le dipolanete fa ke ne ke kgona.” Moya ono wa boithati o santse o tlhotlheletsa merafe gore e laole, go ya kgakala ka mo go ka kgonegang ka gone, ditsamaiso tsa sepolotiki le tsa itsholelo tsa dinaga tse dingwe gore di solegelwe molemo tsone ka namana. Ka sekai, Japane, ereka e reteletswe ke go fenya ka tsela ya sesole, ka dinako tse dingwe e latofadiwa ka gore jaanong e leka go “fenya” ka tsa itsholelo.
A go Menola Puso ya “Authoritarian” Ke Gone Tharabololo?
Maatla a go busa a a senang melelwane fa a le mo diatleng tsa batho ba ba bosula le ba ba bogagapa ke phutso, eseng tshegofatso. Mafoko ano a ga Kgosi Solomone ke a a opang kgomo lonaka: “Bōnañ, dikeledi tsa ba ba patikwañ, me ba bo ba sena mogomotsi; me mo ntlheñ ea bapatiki ba bōnè go no go na le nonohō, me bōnè ba bo ba sena mogomotsi.”—Moreri 4:1.
Kafa tlase ga puso ya authoritarian eleruri “dikeledi tsa ba ba patikwañ” di ile tsa nna dintsi. Lefa go ntse jalo, Mikhail Gorbachev o ne a tlhagisa jaana mo bukeng ya gagwe ya 1987 ya Perestroika: “Go a kgonega gore o gatelele, o pateletse, o dirise pipamolomo, o thube kana o thuntshe, mme lefa go ntse jalo seo se nna ka lobaka lo lo rileng fela.” Ka gone, go sa kgathalesege go bo “bapatiki ba bōnè” e le bone ba ba nang le nonofo, baagi ba ile ba ema ka dinao kgapetsa kgapetsa go ka ikgolola mo dikeetaneng tsa puso ya authoritarian. Go folosiwa mo setulong ka tshololo ya madi ga ga Nicolae Ceauşescu mmogo le matsholo a gagwe a ipabalelo, eleng Securitate, ga kwa Romania, ka December ngogola, ke sekai sa seno.
Go menola puso ya bokgokgontshi eleruri go ka lere kgololesego mo go yone. Mme lefa go ntse jalo gape ke boammaaruri, jaaka fa seane seno sa kwa Burma se bolela, gore “ke fela fa o sena go nna le mmusi yo mosha o simololang go lemoga kafa wa bogologolo a neng a le molemo ka gone.” Ke mang yo o ka tlhomamisang gore seo se neng se le bosula ga se kitla se emisediwa ka sengwe seo se leng bosula le eleng go se feta?
Fa re umaka sekai se le sengwe fela, puso ya authoritarian ya naga nngwe ya Latin America e ile ya menolwa. Baagi ba ne ba tletse tsholofelo gore dilo di tla tokafala, mme lefa go ntse jalo a di ne tsa tokafala? Fa makasine mongwe wa dikgang o ne o akgela malebana le boemo jwa koo dingwaga di le mmalwa moragonyana ga moo, o ne wa bolela gore botshelo bo “maswe le go feta.” Fa makasine oo o ne o latlhela tlhware legonyana malebana le enfoleishene e e ileng kwa godimodimo, o ne wa bitsa madi a kwa nageng eo wa re “a batla a tshwana fela le a a sa thuseng ka sepe,” o ne wa lela ka ntlha ya “mafelo a a sa lekanang a pholo” ebile o ne wa bolela gore phepelotlase e ntse e golela pele. Fa nako e ntse e tsamaya, puso eo le yone e ne ya pagololwa mo setulong.
A ga go mo pepeneneng gore mofuta mongwe le mongwe wa puso ya motho o fitlhetswe o tlhaela? Mme lefa go ntse jalo batho ba tswela pele go batlana le puso e e molemo go di phala tsotlhe. Dikai di le pedi tse di tlhomologileng tsa kafa seno se ka felelang ka go kgobega marapo ka gone, eleng go thabuetsa merafe yotlhe kwa tengteng ga masetlana e “sena ope yoo a ka e gomotsang,” go tla tlotliwa ka tsone mo setlhogong sa rona sa mo nakong e e tlang.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Sekai sa puso ya autocracy e ne e le Russia kafa tlase ga bo-czar
[Motswedi wa Setshwantsho]
Alexander II by Krüger, c. 1855