Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka October 26, 2015.
Pego e e mo go 2 Dikgosi 13:18, 19 e bontsha jang botlhokwa jwa go direla Modimo ka tlhoafalo le ka pelo e e feletseng? [Sept. 7, w10 4/15 ts. 26 ser. 11]
Ke mang yo e neng e le kgosi kwa Iseraele ka nako ya fa Jona a ne a porofeta, mme 2 Dikgosi 14:23-25 e re thusa go lemoga eng malebana le tiro ya gagwe? [Sept. 7, w09 1/1 ts. 25 ser. 4]
Kgosi Ahase o ne a bontsha jang gore ga a ikanye lefoko la Modimo le le neng le buiwa ke moporofeti Isaia, mme re ka ipotsa potso efe pele ga re dira ditshwetso tsa botlhokwa? (2 Dikg. 16:7) [Sept. 14, w13 11/15 ts. 17 ser. 5]
Ke leano lefe le le tshwanang le la ga Rabeshake le baganetsi ba batho ba Modimo ba le dirisang mo motlheng wa rona, mme ke nonofo efe e e ka re thusang go gana dikgopolo tse di sa siamang tsa baganetsi bano? (2 Dikg. 18:22, 25) [Sept. 14, w10 7/15 ts. 13 ser. 3-4]
Sekao sa ga Josia sa go nna boikokobetso se re thusa jang gore re solegelwe molemo fa re bala le fa re ithuta Baebele? (2 Dikg. 22:19, 20) [Sept. 21, w00 3/1 ts. 30 ser. 2]
Se baithutamarope ba se ribolotseng se bontsha jang gore dikgosi tse pedi tse go buiwang ka tsone mo go 2 Dikgosi 25:27-30 di kile tsa nna gone? [Sept. 28, w12 6/1 ts. 5 ser. 2-3]
Ke dilo dife tse tharo tse Jabese a ileng a di kopa Jehofa, mme seno se re ruta eng ka thapelo? (1 Ditir. 4:9, 10) [Oct. 5, w10 10/1 ts. 23]
Diphelelo tsa ntwa e go builweng ka yone mo go 1 Ditiragalo 5:18-22 di re thusa jang gore re nne pelokgale fa re le mo ntweng ya semoya? [Oct. 12, w05 10/1 ts. 9 ser. 7]
Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a tlhaloganya e bile a tlotla molao wa ga Jehofa o o malebana le madi, mme sekao sa gagwe se tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng? (1 Ditir. 11:17-19) [Oct. 19, w12 11/15 ts. 6-7 ser. 12-14]
Ke eng se Dafide a paletsweng ke go se dira pele ga a ka fudusetsa letlole la kgolagano kwa Jerusalema, mme re ka ithuta eng sa botlhokwa mo go se a se dirileng? (1 Ditir. 15:13) [Oct. 26, w03 5/1 ts. 10-11 ser. 11-13]