LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be ts. 13-ts. 16 ser. 5
  • ‘Tlhokomela Kafa o Reetsang ka Gone’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Tlhokomela Kafa o Reetsang ka Gone’
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baakanya Pelo ya Gago
  • Tlhoma Mogopolo
  • Go Reetsa Dipuo
  • Go Reetsa fa go Tshwerwe Metlotlo
  • Go Reetsa Kwa Dikopanong Tse Dinnye le Tse Dikgolo
  • Go Ruta Bana go Reetsa
  • Ela Tlhoko Kafa o Reetsang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Nna Moreetsi yo o Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Kafa Jehofa a re Gogang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • “Reetsa Mme o Amogele Thuto e e Oketsegileng”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be ts. 13-ts. 16 ser. 5

‘Tlhokomela Kafa o Reetsang ka Gone’

GO REETSA ke selo se se botlhokwa thata fa motho a ithuta. Gape go ka thusa motho fela thata. Fa Jehofa a ne a baakanyetsa go golola batho ba gagwe mo botshwarong jwa Egepeto, o ne a naya Moshe ditaelo, mme ene a bolelela banna ba bagolwane ba Iseraele gore ba tshwanetse go dira eng gore ba sireletse maitibolo a bone mo moengeleng wa loso. (Ekes. 12:21-23) Morago ga moo, banna ba bagolwane ba ne ba fetisetsa molaetsa ono kwa lelapeng lengwe le lengwe. Seno se ne se dirwa ka molomo. Batho ba ne ba tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko. Ba ne ba arabela jang? Baebele e bega jaana: “Bomorwa Iseraele botlhe ba dira fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe le Arone. Ba dira fela jalo.” (Ekes. 12:28, 50, 51) Ka ntlha ya moo, Iseraele e ne ya gololwa ka tsela e e gakgamatsang.

Gompieno, Jehofa o re baakanyetsa kgololo e kgolwanyane go feta eo. Ga go na pelaelo gore re tshwanetse go reetsa ditaelo tsa gagwe ka tlhoafalo. Re newa ditaelo tseo kwa dipokanong tsa phuthego. A dipokano tse di ntseng jalo di go solegela molemo ka botlalo? Go ikaegile thata ka gore o reetsa jang.

A o boloka dintlha tsa konokono tsa ditaelo tse re di rutwang kwa dipokanong? A o go dirile mokgwa gore beke le beke o batle ditsela tse o ka dirisang ditaelo tse re di rutwang tseno ka gone mo botshelong jwa gago kgotsa go di bolelela ba bangwe?

Baakanya Pelo ya Gago

Re tlhoka go baakanya dipelo tsa rona gore ditaelo tse re di rutwang kwa dipokanong tsa Bokeresete di re solegele molemo ka botlalo. Re kgona go bona kafa go dira seno go leng botlhokwa ka gone fa re leba se se neng sa diragala mo pusong ya ga Kgosi Jehoshafate wa Juda. Jehoshafate o ne a emela kobamelo ya boammaaruri ka bopelokgale. O ne “a tlosa le mafelo a a kwa godimo le dikota tse di boitshepo mo Juda” a ba a roma dikgosana, Balefi le baperesiti gore ba ye go ruta batho Molao wa ga Jehofa mo metseng yotlhe ya Juda. Le fa go ntse jalo, ‘mafelo a a kwa godimo a ne a se ka a nyelela.’ (2 Ditir. 17:6-9; 20:33) Kobamelo ya medingwana ya maaka le mofuta o o sa laolelwang wa go obamela Jehofa o o neng o dirisiwa kwa mafelong a a kwa godimo a boheitane di ne di tseneletse thata jaana mo go bone mo e leng gore mafelo ano a ne a se ka a nyelediwa gotlhelele.

Ke ka ntlha yang fa thuto e e neng e rulagantswe ke Jehoshafate e se kile ya nna le matswela a go ya go ile mo bathong? Pego e tswelela jaana: “Batho ka bobone ba ne ba ise ba baakanyetse Modimo wa borraabonemogologolwane pelo ya bone.” Ba ne ba utlwa mme ba se ka ba dira tumalanong le se ba neng ba se utlwa. Gongwe ba ne ba na le maikutlo a gore ga ba ka ke ba kgona go nna ba tsaya loeto go ya kwa tempeleng kwa Jerusalema go ya go ntsha ditlhabelo. Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, dipelo tsa bone di ne di sa tlhotlhelediwe ke tumelo.

Gore re se ka ra boela gape kwa ditseleng tsa lefatshe la ga Satane, re tshwanetse go baakanya dipelo tsa rona gore re amogele thuto e Jehofa a re rutang yone gompieno. Ka tsela efe? Tsela e nngwe e e botlhokwa ke ka go rapela. Re tshwanetse go rapelela gore re amogele thuto e Modimo a re rutang yone ka moya o o bontshang tebogo. (Pes. 27:4; 95:2) Seno se tla re thusa go anaanela maiteko a a dirwang ke bakaulengwe ba rona ba, le fa ba sa itekanela, ba ithaopelang go dirisiwa ke Jehofa go ruta batho ba gagwe. Se tla re tlhotlheletsa go leboga Jehofa, e seng fela ka dilo tse disha tse re di ithutang, mme gape re mo lebogele sebaka se re nang le sone sa go nonotsha kanaanelo ya rona ya dilo tse re di ithutileng mo nakong e e fetileng. E re ka re na le keletso ya go dira thato ya Modimo ka botlalo, re rapela jaana: “Nthute tlhe Jehofa, kaga tsela ya gago. . . . Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago.”—Pes. 86:11.

Tlhoma Mogopolo

Go na le dilo di le dintsi tse di re itayang tsebe gore re se ka ra reetsa ka kelotlhoko. Re ka tswa re tlhobaela thata mo mogopolong. Re ka nna ra itewa tsebe ke modumo le go tsamayatsamaya ga bareetsi kgotsa ga dilo tse di kwa ntle ga lefelo le dipokano di tshwaretsweng mo go lone. Go nna le mathata mangwe mo mmeleng go ka nna ga re ketefaletsa go tlhoma mogopolo mo go se re se utlwang. Ba ba nang le bana ba bannye gantsi ba fitlhela gore ga ba kgone go tlhoma mogopolo ka botlalo. Ke eng se se ka re thusang go tlhoma mogopolo mo thulaganyong?

Matlho a na le tlhotlheletso e kgolo mo go se re tlhomang mogopolo wa rona mo go sone. Dirisa matlho a gago ka tsela e e tla go thusang go tlhoma mogopolo ka go nna o lebile sebui. Fa a umaka temana ya Baebele—le fa e le e o e itseng—e lebe, mme o tsamaisane le ene fa a ntse a e bala. O se ka wa itetla go raelesega go isa tlhogo gongwe le gongwe kwa modumo o tswang gone kgotsa kwa go nang le sengwe se se tshikinyegang gone. Fa matlho a gago a tlatsa mogopolo wa gago ka dilo tse di go itayang tsebe, o tla latlhegelwa ke dilo di le dintsi tse di buiwang mo seraleng.

Fa ‘dikakanyo dipe fela tse di tlhobaetsang’ di go ketefaletsa go tlhoma mogopolo mo thulaganyong, rapela Jehofa gore a go ritibatse tlhaloganyo le pelo gore o kgone go reetsa. (Pes. 94:19; Bafil. 4:6, 7) Dira jalo gangwe le gape fa go tlhokega. (Math. 7:7, 8) Dipokano tsa phuthego ke thulaganyo e re e filweng ke Jehofa. O ka solofela gore o batla gore di go solegele molemo.—1 Joh. 5:14, 15.

Go Reetsa Dipuo

Go ka direga gore o gakologelwe dintlha dingwe tse o di ratileng tse o di utlwileng mo dipuong. Le fa go ntse jalo, go reetsa dipuo ga se kgang fela ya go kgobokanya dintlha tse di tlhomologileng. Puo e tshwana le go tsaya loeto. Le fa go ka tswa go na le dilo tse di kgatlhang tse o di bonang mo tseleng, selo sa konokono ke lefelo le o yang kwa go lone, mokgele wa gago. Sebui se ka tswa se leka go dira gore bareetsi ba fitlhe mo tshwetsong nngwe e e rileng kgotsa go ba tlhotlheletsa gore ba tseye kgato nngwe.

Akanya ka puo e Joshua a neng a e neela setšhaba sa Iseraele, e e kwadilweng mo go Joshua 24:1-15. Mokgele wa gagwe e ne e le go tlhotlheletsa batho gore ba emele kobamelo ya boammaaruri ka tlhomamo ka gore ba ikgaoganye gotlhelele le kobamelo ya medingwana ya ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Ke ka ntlha yang fa seo se ne se le botlhokwa jalo? Go ntsifala ga kobamelo ya maaka go ne go tsenya boemo jo bo siameng jo setšhaba seno se neng se na le jone le Jehofa mo kotsing. Batho ba ne ba arabela boikuelo jwa ga Joshua ka go re: “Go ka se direge gore re tlogele Jehofa re direle medimo e mengwe. . . . Re tla direla Jehofa.” Mme ba ne ba dira jalo!—Josh. 24:16, 18, 31.

Fa o ntse o reeditse puo, leka go lemoga boikaelelo jwa yone. Akanya kafa dintlha tse di ntshiwang ke sebui di ka go thusang gore o fitlhelele boikaelelo jwa yone ka gone. Ipotse gore tshedimosetso eno e batla gore o dire eng.

Go Reetsa fa go Tshwerwe Metlotlo

Thuto ya Tora ya Tebelo, Thuto ya Buka ya Phuthego, le dikarolo dingwe tsa Pokano ya Tirelo di tshwarwa e le metlotlo ya dipotso le dikarabo e e tswang mo kgatisong e e theilweng mo Baebeleng.

Go reetsa fa go tshwerwe motlotlo, ka tsela nngwe go tshwana le fa o buisana le motho yo mongwe. Reetsa ka kelotlhoko gore o solegelwe molemo ka botlalo. Ela tlhoko gore motlotlo o lebile ntlheng efe. Ela tlhoko kafa yo o tshwereng motlotlo ono a gatelelang setlhogo ka gone le dintlha tsa konokono. Araba dipotso tsa gagwe mo mogopolong wa gago. Reetsa jaaka ba bangwe ba tlhalosa dintlha e bile ba bontsha le gore di ka dirisiwa jang. Go leba dintlha ka tsela e ba bangwe ba di lebang ka yone go ka go thusa go bona kgang e o ntseng o e itse go le gale ka tsela e e farologaneng gotlhelele. Nna le seabe mo puisanong ka go dira gore le wena o tlhalose tumelo ya gago.—Bar. 1:12.

Go ithuta dintlha tse go tlileng go tlotliwa ka tsone go sa le gale go tla go thusa gore o nne le seabe ka botlalo mo motlotlong le gore o tlhaloganye dikakgelo tse di dirwang ke ba bangwe. Fa maemo a gago a dira gore go se ka ga nna motlhofo go ithuta dintlha tseno ka botlalo, bogolo iphe metsotso e se kae pele ga dipokano go bona gore di bua ka eng. Go dira jalo go tla dira gore o solegelwe molemo thata ke motlotlo ono.

Go Reetsa Kwa Dikopanong Tse Dinnye le Tse Dikgolo

Ga go na pelaelo gore kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo, go na le dilo di le dintsi tse di itayang tsebe go gaisa kwa dipokanong tsa phuthego. Seno se ka dira gore go reetsa e nne kgwetlho e kgolo. Ke eng se se ka re thusang?

Selo se se botlhokwa ke go ikhutsa mo go lekaneng bosigo. Pele thulaganyo e simolola mo letsatsing lengwe le lengwe, tsepa mogopolo mo setlhogong sa lone. Leba setlhogo sa puo nngwe le nngwe mme o leke go akanya gore e tlile go bua ka eng. Dirisa Baebele ya gago sentle. Batho ba le bantsi ba fitlhetse gore go kwala dintlha tse dikhutshwane tsa dintlhakgolo go ba thusa go tlhoma megopolo ya bone mo thulaganyong. Kwala dintlha dingwe tse o ikaelelang go di dirisa mo botshelong jwa gago le mo bodireding. Tlotlang ka dintlha di le mmalwa fa lo ya kwa lefelong la kopano le fa lo boa letsatsi lengwe le lengwe. Seno se tla go thusa gore o tshwarelele dintlha tseo.

Go Ruta Bana go Reetsa

Batsadi ba Bakeresete ba ka thusa bana ba bone—tota le masea—go ‘tlhalefa gore ba bone poloko’ ka go tla le bone kwa dipokanong tsa phuthego, kwa dikopanong, tse dinnye le tse dikgolo. (2 Tim. 3:15) E re ka bana ba sa tshwane ka maikutlo le ka lobaka lo ba kgonang go tlhoma mogopolo ka lone, go ba thusa gore ba ithute go reetsa ka kelotlhoko go tlhoka temogo. O ka nna wa fitlhela dikakantsho tse di latelang di thusa.

Kwa gae, dira gore go nne le dinako tse ka tsone bana ba gago ba babotlana ba nnang ka tidimalo mme ba bale kgotsa ba lebe ditshwantsho mo dikgatisong tsa rona tsa Bokeresete. O se ka wa dirisa ditshamekisabana kwa dipokanong go dira gore bana ba nne ba tshwaregile ka tsone. Fela jaaka go ne go ntse kwa Iseraele wa bogologolo, gompieno bana ba nna teng “gore ba reetse le gore ba ithute.” (Dute. 31:12) Fa go bonalang go tshwanela gone, batsadi bangwe ba naya le bana ba bannye thata dikhopi tsa bone tsa dikgatiso tse di balwang. Fa bana ba ntse ba gola, ba thuse gore ba baakanyetse gore ba nne le seabe mo dithulaganyong tse bareetsi ba nnang le seabe mo go tsone.

Dikwalo di bontsha kafa go reetsa Jehofa le go mo utlwa di amanang fela thata ka gone. Re bona seno mo mafokong a Moshe a neng a a bolelela setšhaba sa Iseraele: “Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo . . . ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela.” (Dute. 30:19, 20) Gompieno, go reetsa thuto e Jehofa a re rutang yone le go e dirisa ka kutlo mo matshelong a rona go botlhokwa gore re amogelwe ke Modimo le gore re bone masego a botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore re tseye tsia kgakololo ya ga Jesu e e reng: “Tlhokomelang kafa lo reetsang ka gone”!—Luke 8:18.

DIKAKANTSHO TSA GO GO THUSA GO REETSA KA TSELA E E MOLEMO

  • Rapelela thuso ya gore o tlhome mogopolo wa gago mo thulaganyong

  • Nna o lebile sebui

  • Fa go balwa ditemana, di lebe mo Baebeleng ya gago, mme o bale le sebui

  • Leba gore mokgele wa puo ke ofe

  • Mo mogopolong wa gago, araba dipotso tse di bodiwang; reetsa ka kelotlhoko dikakgelo tse di dirwang

  • Kwala dintlha tse dikhutshwane

  • Tlhomolola dintlha tse o batlang go di dirisa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela