LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • hdu setlhogo 35
  • Dikgatiso Tse di Printilweng mo Motlheng wa Thekenoloji

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Printilweng mo Motlheng wa Thekenoloji
  • Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng re sa Ntse re Tlhoka Dikgatiso Tse di Printilweng?
  • Go Naya Bakaulengwe Se ba Se Tlhokang
  • “Ruri Modimo o Amega ka Batho Botlhe”
  • Di Diriseng Go na Le Gore di Bolokiwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • A o Dirisa Thekenoloji Sentle?
    Tsogang!—2015
  • Dikarolo Tse di Thusang mo Kgatisong ya “Itumelele go Tshelela Ruri!”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Lebokoso le Lennye Mme Le na Le Tshedimosetso e Ntsi
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
hdu setlhogo 35
Kgaitsadi o a ithuta a dirisa Baebele le “Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona” tse di printilweng.

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Dikgatiso Tse di Printilweng mo Motlheng wa Thekenoloji

APRIL 1, 2026

Fa o batla go bala Baebele kgotsa nngwe ya dikgatiso tsa rona, o e bala mo go eng? Bontsi jwa rona ga re sa tlhole re dirisa dibuka le dimakasine tse di printilweng mme re dirisa difouno kgotsa di-tablet. Le jaanong o ka tswa o bala setlhogo seno mo sedirisiweng sa gago sa ileketeroniki. Re itumela tota go bo re kgona go bona dikgatiso tsa rona mo app ya JW Library le mo websaeteng ya jw.org!

Goreng re dirile gore bontsi jwa dikgatiso tsa rona di nne gone ka ileketeroniki? Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rata go bala dikgatiso mo didirisiweng tsa ileketeroniki, ka gonne ba bona go le motlhofo go dira jalo, kgotsa ka gonne ba kgona go dira dilo dingwe tse o ka se kgoneng go di dira mo dikgatisong tse di printilweng. Lebaka le lengwe ke ka gonne ga re sa tlhole re tlhoma mogopolo mo go neeleng batho dikgatiso, go na le moo re o tlhoma mo go simololeng motlotlo.

Gone jaanong ga re sa tlhole re printa dikgatiso tse dintsi jaaka re ne re dira dingwaga tse di lesome tse di fetileng! Ka 2015, pele ga batho ba le bantsi ba simolola go downlouda dikgatiso mo JW Library, bontsi jwa mafapha a go gatisa a a mo makaleng a rona a ne a bereka diura di le 16 kgotsa di le 24 mo letsatsing go printa dikgatiso tse di neng di tlhokega. Gompieno bontsi jwa bone ba bereka diura di le 8.

Ga se phuthego ya Modimo fela e sa tlholeng e printa dikgatiso tse dintsi. Batho ba ba dirang dipatlisiso ba lemogile gore mo malatsing ano ga go tlhole go printiwa makwalodikgang a mantsi, dimakasine tse dintsi kgotsa dibuka tse dintsi. Mme gone, e re ka batho ba le bantsi ba dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki gompieno, a re sa ntse re tlhoka go printa dikgatiso? Ee! A re bone gore ke ka ntlha yang fa re tswelela re printa dikgatiso le gore moneelo wa gago o re thusa jang gore re kgone go dira seno.

Bokgaitsadi ba kwa Malawi ba tshwere thuto ya Baebele ba dirisa khopi e e printilweng ya boroutšhara jwa Itumelele go Tshelela Ruri!

Goreng re sa Ntse re Tlhoka Dikgatiso Tse di Printilweng?

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba tlhoka dikgatiso tse di printilweng. Akanya ka dikai tseno tse di latelang:

“Ke dirisa dikgatiso tse di printilweng ka gonne ga ke na madi a go reka sedirisiwa sa ileketeroniki. Mme le fa nka bo ke na le madi a go se reka, lefelo le re nnang mo go lone le na le mathata a motlakase. Fa beteri ya sedirisiwa seo e fedile ke ne ke tla palelwa ke go se dirisa. Ka jalo, ga go utlwale gore ke batle go bala dikgatiso ka sedirisiwa sa ileketeroniki.”—Odete, Mozambique.

“Ga ke na madi a go reka sedirisiwa sa ileketeroniki, mme le fa nkabo ke na le madi a go se reka, didirisiwa tse di sa jeng madi a mantsi di senyega ka bonako. Ke ne ke tla tlhoka se ke balang ka sone fa ke emetse gore sedirisiwa sa me se baakanngwe.”—Linley, Malawi.

“Ka gonne ke se na madi a a lekaneng, nna le bomorwadiake ba babedi re dirisa founo e le nngwe fela. Fa re le kwa dipokanong re a refosana: Fa yo mongwe a dirisa founo ba bangwe ba babedi ba bala ka dikgatiso tse di printilweng.”—Sinine, Micronesia.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe bone ba na le didirisiwa tsa ileketeroniki, mme gone ba rata go bala dikgatiso tse di printilweng. Utlwa se ba bangwe ba se buang:

“Gantsi ke bala dikgatiso mo sedirisiweng sa ileketeroniki. Mme fa ke baakanyetsa dipokano, ke rata go dirisa dikgatiso tse di printilweng. Ke rata go tshwara dikgatiso tsa pampiri fa ke bala. Ke rata go thalela le go kwala dintlha mo matlhakoreng a kgatiso eo. Gone ke ne nka kgona go dira seo mo sedirisiweng sa ileketeroniki le fa go ntse jalo fa ke kwala mo pampiring, ke utlwa e kete tshedimosetso eo e tsenelela kwa teng mo pelong e bile ke kgona go e gopola.”—Márcia, Brazil.

“Go motlhofo go bala dikgatiso tse di printilweng ka gonne ga di lapise matlho jaaka tse di mo sedirisiweng sa ileketeroniki. Gape, ga ke motho yo o itseng go dirisa thekenoloji go le kalo. Go thata mo go nna go kwala dintlha, go downlouda dibuka le dibidio le go batla tshedimosetso mo sedirisiweng sa ileketeroniki.”—Selina, Mozambique.

“Ke dirisa founo le khomputara letsatsi lotlhe. Mme fa ke batla go ithuta ka tsela e e dirang gore ke atamalane le Jehofa, ga ke batle go dirisa sedirisiwa sa ileketeroniki, ka jalo ke bala dikgatiso tse di printilweng. Seo se nthusa gore ke bale ke iketlile, ke sa itewe tsebe ke melaetsa e e tsenang.”—Guillaume, Canada.

“Fa re bua le motho lekgetlo la ntlha mo tshimong ya rona, ka dinako tse dingwe ga go motlhofo gore re kope motho dinomoro tsa founo gore re mo romele kgatiso ka Internet. Re tlwaetse go naya motho kgatiso e e printilweng. Gape, mafelo a mangwe a re rerang mo go one a kotsi, ka jalo fa re rera koo re leka gore re se ka ra dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki.”—Molebedi wa potologo wa kwa Amerika Borwa.

Mokaulengwe o a ithuta e bile o thalela makasine wa gagwe o o ithutiwang wa “Tora ya Tebelo,” o o printilweng. Fa pele ga gagwe go na le Baebele e e butsweng e e nang le ditemana tse di thaletsweng.

Batho ba bantsi ba rata go baakanyetsa dipokano ba dirisa dikgatiso tse di printilweng

Re dira eng go thusa bakaulengwe ba rona ba ba tlhokang dikgatiso tse di printilweng kgotsa ba ba itumelelang go di dirisa?

Go Naya Bakaulengwe Se ba Se Tlhokang

Kwa makaleng a rona a le robonngwe a go printa re sa ntse re tsweletse ka tiro ya rona ya go printa dikgatiso. Mo ngwageng wa tirelo wa 2025, re printile dikgatiso di feta dibilione di le 1,5 go akaretsa le Dibaebele di feta dimilione di le tharo, dibuka di feta dimilione di le 18, le dipampitshana le ditaletso di feta dimilione di le 941. Re dirisitse diranta di ka nna dimilione di le 573 re printa dikgatiso tseo. Mo godimo ga moo, mo dingwageng tse tharo tse di fetileng re dirisitse diranta di ka nna dimilione di le 164 re tlhabolola metšhini ya rona ya go printa le metšhini ya go kopanya dikgatiso.

Gore re dirise meneelo ka botlhale, re printa fela dikgatiso tse bakaulengwe ba tla di dirisang. Jaaka fa re buile kwa godimo, le fa re sa ntse re tsamaisa dikgatiso, gone jaanong re tlhoma mogopolo mo go simololeng motlotlo le batho. Ka jalo, mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, re ne re printela mmoledi mongwe le mongwe dimakasine tsa Tsogang! di le 86 ka ngwaga mme gone jaanong mmoledi a le mongwe o tlhoka go printelwa di le 11 fela ka ngwaga. Mme ka gonne Basupi ba le bantsi ba rata go dirisa dikarata tsa go ikgolaganya le rona, gone jaanong re gatisa dikarata tseo tse dintsi go menagane gararo go feta ka 2020.

“Ruri Modimo o Amega ka Batho Botlhe”

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba anaanela gore re sa ntse re tswelela re printa dikgatiso. Ricardo, wa kwa Brazil, a re: “Ke itumelelela go nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa e e lorato jaana e e amegang ka gore batho botlhe ba bone dikgatiso tsa Baebele, go akaretsa le batho ba ba sa kgoneng go bala dikgatiso mo sedirisiweng sa ileketeroniki kgotsa go di downlouda. Seno se dira gore ‘ope fela yo o nyorilweng,’ le ‘ope fela yo o batlang,’ a kgone go ithuta boammaaruri jo bo bolokang matshelo.” (Tshenolo 22:17) Bernard, wa kwa Tahiti, a re: “Ke anaanela thata dikgatiso tsa rona tse di printilweng. Di bontsha gore phuthego ya ga Jehofa e lorato, e botlhale e bile e akanyetsa batho ba bangwe. Phuthego eno e tlhomamisa gore mongwe le mongwe o kgona go ithuta dikgang tse di molemo tsa Bogosi, go sa kgathalesege gore motho yoo o godile kgotsa o monnye, o humile kgotsa o humanegile. Re kgona go lemoga gore Modimo o amega ka motho mongwe le mongwe.”

Andréia, wa kwa Brazil, o a tlhaloganya gore moneelo wa gagwe o thusa gore dikgatiso di printiwe. A re: “Phuthego ya Modimo e dirisa madi, nako, bokgoni le maatla a batho ba ba ithaopang, go printa dikgatiso tse di thusang batho ba ba se nang didirisiwa tsa ileketeroniki. Seno se dira gore ke tlhatswege pelo gore ruri Modimo o amega ka batho botlhe. Le fa moneelo wa me o ka bo o dirisediwa fela go printa dikgatiso, ke ne ke sa ntse ke tla itumelela go o ntsha.”

Ruri re anaanela meneelo yotlhe e lo e e ntshang, go akaretsa le e lo e ntshang ka donate.jw.org. Meneelo eo, e re thusa gore re tswelele re printa dikgatiso, gore batho ba ba di tlhokang le ba ba ratang go bala ka tsone ba solegelwe molemo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela