LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • hdu setlhogo 34
  • Go Printa Motlhofo go Thusa “Batho ba Mefuta Yotlhe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Printa Motlhofo go Thusa “Batho ba Mefuta Yotlhe”
  • Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re na Le Mafelo a go Printa a le Mmalwa le Didirisiwa Tsa go Gatisa Tse di Botoka
  • Re Fokotsa Ditshenyegelo ka Gonne ga re Boloke Dipampiri le Dikgatiso Tse Dintsi
  • “O Nkgopotse!”
  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela Tse Di Dirisiwang mo Bodiheding
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Tlhokomela Dilo Tsa Mong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela ka Nako ya fa Tiro E Ne E Thibetswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Bosupi Jwa Lorato, Tumelo le go Nna Kutlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
hdu setlhogo 34
Mokaulengwe o tsenya poleiti e ntšha mo motšhining wa go printa.

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Go Printa Motlhofo go Thusa “Batho ba Mefuta Yotlhe”

OCTOBER 1, 2025

Jehofa Modimo o batla “gore batho ba mefuta yotlhe . . . ba nne le kitso ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:3, 4) Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi le batho ba re ba rerelang ba bua dipuo tse dintsi tse di farologaneng. Ngwaga le ngwaga re printa dikgatiso tse di ka nnang dibilione tse pedi ka tsone dipuo tseo. Re kgonne jang go gatisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo tse dintsi jaana re dirisa meneelo sentle?

Re na Le Mafelo a go Printa a le Mmalwa le Didirisiwa Tsa go Gatisa Tse di Botoka

Ka bo 1980, re ne re printa dimakasine mo dinageng di feta 40. Fa e sa le ka nako eo, ka bonya ka bonya re ile ra kopanya mafelo a go printa, mme gone jaanong tiro ya go printa e dirwa mo dinageng tse 9 fela. Mo go yone nako eo, palo ya dipuo tse re di printelang dikgatiso e ile ya oketsega ka diperesente di ka nna 500! Re kgona jang go printela dipuo tse dintsi jaana mme gone re na le mafelo a go printa a le mmalwa? Sengwe se se re thusitseng go dira seo, ke go bo re na le didirisiwa tsa go gatisa tse di botoka.

Metšhini e mesha ya go gatisa e re thusa gore re kgone go printa dikgatiso tse dintsi ka nako e khutshwane. Metšhini ya bogologolo ya go printa e ne e tlhoka tiro e ntsi gore e baakanyediwe go printa puo e nngwe, mme go tswa foo e bo e baakanyediwa go printa puo e e latelang. Tiro e e dirwang go baakanyetsa metšhini e mesha go printa e dirwa ka bonako thata go gaisa pele. Re kgona go fetsa ditiro tse dintsi ka bonako, go akaretsa le go printa dikgatiso tse dinnye tsa dipuo tse di buiwang ke batho ba le mmalwa fela. Boammaaruri ke gore, ditiro tseno tsotlhe di tlhoka gore go nne go dirwa dipoleite tse disha tsa go printa. Mo ngwageng o le mongwe fela go ile ga dirisiwa madi a a ka nnang diranta di le 35 520 000, mo dipoleiting tsa go printa fela. Ka jalo, fa go printiwa dilo tsa palo e e kwa tlase, re dirisa metšhini e e sa tlhokeng dipoleite. Metšhini eno, go akaretsa le e e dirisang thekenoloji ya laser, e printa dikgatiso di le mmalwa ka madi a a kwa tlase, ka jalo seo se re thusa gore re se ka ra senya madi.

Bakaulengwe ba tsenya dipoleite tse disha e bile ba baakanya motšhini o mogolo wa go printa.

Bakaulengwe ba tsenya dipoleite tse disha tsa go printa

Mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, re dirisitse madi a a ka nnang diranta di feta 177 600 000 go tlhabolola metšhini ya go printa le ya go kopanya dikgatiso lefatshe ka bophara. Ela tlhoko kafa re dirisang mengwe ya metšhini eno ka gone go gatisa Dibaebele. Mo nakong e e fetileng, re ne re tlhoka go dira ditiro di feta 40 go gatisa Baebele fa e sena go printiwa. Ditiro tseno di ne di akaretsa go e rokaganya, go sega dipampiri tse di mo matlhakoreng, go e rethefatsa le go tshasa pente e e selefera mo matlhakoreng a yone go e sireletsa. Go ne go tlhokega gore go tsewe Dibaebele di isiwe kwa motšhining o o dirang ditiro tse go builweng ka tsone fa godimo. Gompieno bakaulengwe ba tlhoka go dira ditiro di le 10 fela, ka gonne metšhini e mesha e kgona go dira ditiro di le mmalwa, e bile Dibaebele di tsamaisiwa ke metšhini, gore di ye kwa dikgatong tse di latelang. Seno se thusitse gore tiro e e neng e dirwa ke bakaulengwe fa go gatisiwa Dibaebele e fokotsege ka diperesente di le 55. Kwa lekaleng la Japane go ne go gatisiwa Dibaebele di le 2 000 mo diureng di le 8. Gone jaanong, ka tsone diura tseo go gatisiwa Dibaebele di le 35 000!

Mokaulengwe o bapisa di-barcode tsa dikarolo tse pedi tsa Baebele.

Go dirisiwa di-barcode go itse dikarolo tsa Baebele, go di kokoanya le go di rulaganya

Re Fokotsa Ditshenyegelo ka Gonne ga re Boloke Dipampiri le Dikgatiso Tse Dintsi

Diphetogo tse re buileng ka tsone di re thusitse gore re kgone go somarela meneelo ya bakaulengwe. Ka sekai, e re ka jaanong re gatisa dikgatiso tsa palo e e kwa tlase, seno se re thusitse gore re se ka ra dirisa pampiri e ntsi go gatisa, ka jalo ga re tlhoke go baya dikgatiso le pampiri e ntsi kwa lefelong la go printa. Gary yo o direlang kwa lekaleng la kwa United States a re: “Kwa tshimologong, go ne go le thata go tlhaloganya gore go printa dilo tsa palo e e kwa tlase kgapetsakgapetsa, go ka nna mosola jang. Go ne go lebega go le botoka go printa dikgatiso tse dintsi mme re sa printe gantsi.” Gary gape a re: “Mo ngwageng wa ntlha morago ga gore re simolole go printa dikgatiso tsa palo e e kwa tlase kgapetsakgapetsa, ditshenyegelo tsa dipoleite tsa go printa le tsa pampiri e e senyegileng di ile tsa tlhatloga ka diranta di le 1 065 600. Le fa go ntse jalo, mo go one ngwaga oo re ile ra somarela diranta di feta 26 640 000 tse re ka bong re di dirisitse go baya pampiri le dikgatiso tse di printilweng.” Re kgona go dirisa madi a re a bolokileng go dira ditiro tse dingwe tsa botlhokwa tse di jaaka go aga Diholo Tsa Bogosi le go thusa mo tirong ya namolo.

E re ka jaanong re sa tlhoke go baya pampiri le dikgatiso tse dintsi, re kgona go dirisetsa lefelo leo ditiro tse dingwe tse di tlhokiwang ke lekala la rona. Gape, e re ka go printiwa mo mafelong a le mmalwa fela, re kgona go fokotsa dikago tsa makala a masha a re neng re tshwanetse go a aga. Ka sekai, fa e sa le ka 2018, tiro ya go printa e e neng e dirwa kwa lekaleng la Britain jaanong e dirwa ke lekala la Central Europe le makala a mangwe. Seno se ile sa thusa gore go bolokiwe dimilionemilione tsa diranta fa go ne go agiwa lekala le lesha kwa Chelmsford, England.

“O Nkgopotse!”

Sengwe se se botlhokwa ke gore tiro ya rona e e tlhofofaditsweng ya go printa e thusa batho ba bantsi gore ba atamalane le Jehofa. Gone jaanong, re kgona go printa dikgatiso ka dipuo tse di oketsegileng, tota le fa go tlhokega dikhopi di le mmalwa fela tsa kgatiso eo. Ka sekai, go na le batho ba ba buang puo ya Se-Wallis ba le 35 000 fela ba ba nnang kwa New Caledonia, kwa Wallis le kwa Futuna. Le fa go ntse jalo, ka August 2024, go ile ga gololwa Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e feletseng ka puo ya Se-Wallis. Kgaitsadi mongwe yo o buang Se-Wallis yo o bidiwang Selafina o ne a re: “Ke ne ke a tle ka bale mafoko mangwe mo Baebeleng ya Se-French a ke neng ke sa a tlhaloganye. Ka jalo, fa ke ne ke amogela Baebele ya Se-Wallis matlho a me a ne a gelela dikeledi. Ke ne ka rapela Jehofa ka re, ‘Ao tlhe Jehofa, o nkgopotse! Ruri o Modimo yo o se nang tlhaolele.’”

Kgaitsadi o bala kgatiso ya “Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha” ka puo ya gaabo ya Se-Wallisian.

Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha jaanong e gone ka Se-Wallis e feletse

Le fa go ne go na le batho ba ba sa feteng 500 000 ba ba buang Se-Sanga kwa Democratic Republic of the Congo, go ile ga gatisiwa buka e e feletseng ya Itumelele go Tshelela Ruri! ka yone puo eo. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Josué yo o mo phuthegong ya Se-Sanga o ne a re: “Go ne go tsaya nako e ntsi go tlhalosetsa kgotsa go ranolela batho ba ke ithutang Baebele le bone mafoko a a thata le a sa tlwaelegang. Ka dinako tse dingwe le fa ke setse ke ba tlhaloseditse, ba ne ba sa ntse ba sa tlhaloganye se se mo bukeng. Ruri re ne re itumetse tota fa re ne re amogela buka eo ka Se-Sanga! Gone jaanong, batho ba ke ithutang Baebele le bone ba tlhaloganya se ba se ithutang mo bukeng eo, e bile ga ke tlhole ke tlhoka go ba tlhalosetsa bokao jwa mafoko a a rileng.”

Banyalani ba tshwaretse monna mongwe thuto ya Baebele ka buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! ba le gaufi le lotshitshi lwa lewatle.

Banyalani ba tshwere thuto ya Baebele kwa Honduras, ba dirisa buka ya Itumelele go Tshelela Ruri!, ka puo ya Se-Garifuna, e e buiwang ke batho ba ka nna 120 000

Re gatisa dikgatiso tsa Baebele ka dipuo tse dintsi tse di farologaneng e bile re di abela batho ba bantsi go gaisa le fa e le leng pele. Meneelo ya lona go akaretsa le e lo e ntshang ka donate.jw.org, e thusitse gore seno se direge. Re leboga bopelotshweu jwa lona fela thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela