KGANG YA BOTSHELO
Jehofa o Nthusitse go Nna Motho yo o Botoka
GA NKITLA ke lebala letsatsi le ke simolotseng go bereka kwa Lefapheng la go Dira Dibuka kwa Bethele ya kwa Brooklyn kwa New York, U.S.A. Fela fa ke tsena, ke fa ke kgatlhantshiwa ke modumo o o kwa godimo, metšhine e bereka e sa eme, go tletse lorole lwa dipampiri e bile go nkga oli.
Le fa go ne go na le dilo tse dintsi tse di neng di direga, ke ile ka kgatlhiwa thata ke batho. Go ne go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba ba neng ba dira tiro e batho ba bangwe ba ka e tsayang e lapisa. Ba ne ba sa tseelwe kwa godimo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba itumetse e bile ba kgotsofetse. Seo se ile sa nthuta gore ke tshwanetse go direla Jehofa ke le boikokobetso.
Go fetile dingwaga di le dintsi Jehofa a nthusa gore ke nne motho yo o botoka. Mma ke simolole ka go go tlotlela gore go tlile jang gore ke itse boammaaruri le fa ke ne ke le Mobuda.
KE BATLA MODIMO WA BOAMMAARURI KE SA LE MONNYE
Ke tsholetswe kwa Chicago kwa Illinois, U.S.A. Ke na le bonnake ba le bararo. Batsadi ba me ba fudugetse kwa Chicago ba tswa kwa Japan ka gonne ba akanya gore ba tla tshela monate kwa United States. Ba ne ba batla gore bana ba bone ba rutege le gore ba atlege mo botshelong.
Batsadi ba me ba ne ba tsene ka tlhogo mo tumelong ya Bobuda. Kwa gaabo Mama go ne go na le tempele ya Babuda. Papa wa gagwe le bokgaitsadie ba le babedi e ne e le baitlami ba Babuda. Ka jalo, tumelo ya Bobuda e ne e le botlhokwa thata mo lelapeng la gaetsho fa ke tla ke gola. Selo sa ntlha se ke neng ke se dira fa ke tswa sekolong, ke go fisa maswalo le go naya modingwana wa Babuda raese le metsi. Ka boSontaga re ne re ya kwa tempeleng ya Babuda re ya go obamela modingwana o o neng o tshwana le o o neng o le kwa gae, ke fela gore one o ne o le mogolo e bile o manegilwe gauta.
Ke gopola fa ke ne ke na le dingwaga di le supa, ke lebeletse modingwana o o neng o le kwa gae ke ipotsa go re, ‘Go tlile go direga eng ka nna fa ke sena go swa?’ Babuda ba ne ba nthutile gore fa motho a sena go swa, o ya go tshela kwa lefelong lengwe la moya. Ka jalo, ke ile ka lemoga gore letsatsi lengwe go tla bo go ile fela jalo ka nna. Ke ne ke tla bo ke le moya, ke sa tlhole ke itumelela botshelo jaaka batho ba bangwe. Seo se ne se nkhutsafatsa. Ka bonako fela, ke ile ka felelwa ke tsholofelo.
Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ile ka simolola go nna le boikutlo jwa gore meetlo e Babuda ba neng ba e dira, e ne e se na mosola. Ke ne ka lemoga gore go na le sengwe se se tlhaelang mo botshelong jwa me. (Math. 5:3) Ke ne ke tlhomamisegile gore go na le Modimo yo o tshelang e bile a na le maatla. Ke ne ke batla go mo itse. Ke ne ke akanya gore Baebele ke yone e e neng e tla araba dipotso tse ke neng ke na le tsone. Ka jalo, ke ile ka reka Baebele e e dirisitsweng ya King James Version kwa moletlong wa Babuda, kwa go neng go sa tlwaelega gore motho a ka bona Baebele gone.
Ke na le Wilson Bashou, yo o nthutileng boammaaruri
Fa ke na le dingwaga di le 17, mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Wilson Bashou o ile a tla go bua le nna ke tsamaisa ntša ya me mo mmileng. O ile a mpotsa go re, “A o a itse gore Modimo o solofetsa gore o tla re direla eng mo nakong e e tlang?” Potso eo e ile ya dira gore re simolole go tlotla ka dilo tse di boteng tse di mo Baebeleng. Wilson o ile a mpalela Tshenolo 17:1 a bo a mpotsa go re, “‘Metsi a mantsi’ a seaka se ntseng mo go one ke eng?” Ke ne ke sa itse. O ile a mpalela temana 15 e e reng metsi ao ke batho. Ke ne ke kgatlhilwe ke gore Basupi ba ga Jehofa ba letla Baebele gore e itlhalose. Pele re kgaogana, Wilson o ile a mpha buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. Buka eo e nnye e ile ya fetola botshelo jwa me.
Malatsi a le lesome moragonyana, ke ile ka ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi lekgetlo la ntlha. Ga nkitla ke lebala tsela e ke ileng ka amogelwa ka lorato ka yone. Fa e sa le go tloga ka nako eo, ke ne ke nna gone kwa dipokanong ka metlha. Moragonyana Wilson o ile a simolola go nthuta Baebele. Ke ne ke rata go ithuta Baebele thata jaana mo e leng gore ka dinako dingwe re ne re a tle re fetse diura di le robedi re ithuta. Batsadi ba me ba ne ba tshwenyegile. Ba ne ba sa itumelele go mpona ke ithuta Baebele. Mme fa ke ntse ke ithuta, ke ne ke tlhatswega pelo le go feta gore se ke se ithutang ke boammaaruri. Ka jalo, ke ile ka kolobediwa ka 1983.
KE TLOGELA YUNIBESITHI GORE KE NNE MMULATSELA
Fa ke kolobediwa, ke ne ke le kwa yunibesithing e e neng e itsege thata, ke ithutela bongaka. Batsadi ba me ba ne ba dirile ka natla gore ke ye yunibesithi. Ke ne nka tswelela ka dithuto tseo, mme ke ne ke batla go direla Jehofa ka pelo yotlhe mo tirelong ya nako e e tletseng.
Papa o ne a ntheile a re, “Fa o ka tlogela yunibesithi, ke tlile go go leleka mo lapeng!” Ke ne ke hutsafetse e bile ke tlhakane tlhogo. Ke ne ke rata batsadi ba me e bile ke sa batle go ba swabisa. Ka jalo, ke ne ke a tle ke tswele kwa ntle ga lefelo le ke neng ke nna kwa go lone kwa yunibesithing go le bosigo ke bo ke rapela Jehofa ke re, “Jehofa, nthuse gore ke dire tshwetso e e siameng.” Fa ke sena go dira tshwetso ya gore ke tlogele yunibesithi, Papa o ile a nteleka mo lapeng. Ke ile ka founela Wilson ke mmolelela se se diragetseng. Mme o ile a re ke tle go nna le ene. Ke ile ka palama bese ke tshwere beke e le nngwe fela e e neng e tsentse dithoto tsa me tsotlhe. Ke sa ntse ke gopola gore ka yone nako eo ke ile ka ritibala. Ke ne ke itse gore ke dirile tshwetso e e siameng.
Ke ne ke gololesegile, ke ikutlwa jaaka nonyane e e ntshitsweng mo hokong. Jaanong ke ne ke kgona go tlhoma mogopolo mo tirong ya ga Jehofa. Ka jalo, ke ile ka nna mmulatsela ka 1984.
Fa ke le mmulatsela wa ka metlha, Jehofa o ile a nthuta dinonofo tsa botlhokwa tse di jaaka gore ke se ka ka itlhoboga ka bonako. Letsatsi lengwe ke ne ke ipolelela gore ke na le mabaka a a utlwalang a go sa ye tshimong. Ke ne ke kgobegile marapo ka gonne go se na ope yo o neng a ka tsamaya le nna motshegare kwa tshimong. Mme gone, ke ile ka ya. Morago ga diura di le mmalwa, ke ile ka ya go rera kwa foleteng ya bofelo. Ke ne ke lapile, ke jewa ke bodutu e bile go lebega e kete pula e tlile go na. Ke ne ke ipotsa go re, ‘A ke chaise?’ Fa ke ntse ke palama ditepisi ke ya kwa letlhatlaganyaneng la boraro, ke ile ka kopana le lekawana lengwe la kwa Philippines. Ke ne ka ipolelela go re, ‘O tshwanetse a bo a sa kgatlhege.’ Mme ke ne ke fositse! Ke ile ka simolola go mo ruta Baebele, mme moragonyana o ile a simolola go direla Jehofa.
KE ITHUTA DITHUTO TSA BOTLHOKWA KWA BETHELE YA KWA BROOKLYN
Morago ga dingwaga di le pedi ke nna le Wilson, ke ile ka kopiwa go direla kwa Bethele ya kwa Brooklyn ka 1985. Jaaka ke buile kwa tshimologong, ke ne ke bereka kwa Lefapheng la go Dira Dibuka. Letsatsi lengwe fa ke bereka mo motšhineng o o printang ditlhogo mo dikhabareng tsa dibuka, ke ile ka dira phoso e e ileng ya dira gore go latlhiwe dikhabara tse dintsintsi. Bakaulengwe ba ile ba nkopa gore ke bolelele mokaulengwe yo o okametseng lefapha se se diragetseng. Ke ile ka mmolelela gore go tlile jang gore ke dire phoso eo, mme go na le sengwe se ke neng ke sa se bua. Mokaulengwe yoo o ile a bua le nna ka bonolo a re, “O se ka wa nna o lebala go kopa maitshwarelo.” Ka yone nako eo, ke ile ka ithuta gore go botlhokwa gore ke amogele diphoso tse ke di dirileng le gore ke kope maitshwarelo.
Ke tlhalosetsa batho ba ba neng ba tlile Bethele ya kwa Brooklyn gore dibuka di dirwa jang
Ke ithutile go le gontsi mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba ba neng ba na le lobaka lo loleele ba direla kwa Bethele. Nako nngwe Mokaulengwe Milton Henschel wa Setlhopha se se Laolang, o ne a ntse le rona mo tafoleng ka nako ya dijo tsa motshegare. Mo letsatsing leo, go ne go tlile batho ba le bantsi ba ba neng ba sa solofelwa. Ka jalo, bakaulengwe ba ba neng ba isa dijo kwa ditafoleng, ba ne ba tshwenyegile tota. Rona bakaulengwe ba basha, re ne re ngongorega gore dijo ga di tle ka bonako. Mokaulengwe Milton Henschel ga a ka a bua sepe, mme o ile a ema a bo a thusa bakaulengwe bao go isa metsi, borotho le botoro kwa ditafoleng. Ga nkitla ke lebala tiro eo e e neng e ka tseelwa kwa tlase e a ileng a e dira. E ile ya nkgopotsa se Jesu a ileng a se direla baaposetoloi ba gagwe.—Joh. 13:3-5.
“O TSHWANETSE GO ITHUTA SE-JAPAN!”
Ke na le Kgaitsadi Michiko Oda le monna wa gagwe
Ka 1987 ke ile ka etela kwa Japan mme ke ile ka kgatlhiwa ke baboledi ba koo ba ba matlhagatlhaga e bile ba le boikokobetso. Ke ne ke batla go ba thusa, mme bothata e ne e le gore ke ne ke sa itse Se-Japan. Kgaitsadi mongwe wa kwa Bethele yo o bidiwang Michiko Oda, o ile a ntlhoma matlho a bo a nthaya a re, “O tshwanetse go ithuta Se-Japan!” Mme ke ile ka dira fela jalo. Ke ne ke sa itse gore se a neng a se bua se ne se tla fetola botshelo jwa me.
Dikgwedi moragonyana ke ile ka fudugela kwa phuthegong ya Se-Japan kwa New York. Go ithuta Se-Japan go ile ga dira gore ke nne le ditshono tse dintsi tsa go direla Jehofa. Ka 1989, ke ile ka ya kwa kopanong ya me ya ntlha ya Se-Japan kwa Los Angeles kwa California. Fa ke le koo, ke ile ka kgatlhegela kgaitsadi wa mmulatsela yo o bidiwang Miwako Onami, yo o neng a tshameka karolo nngwe mo terameng.
Nna le Miwako re ile ra nyalana ka 1992, mme re ile ra direla mmogo kwa Bethele ya kwa Brooklyn. Miwako ke motho yo o akanyetsang ba bangwe e bile o a ba kgathalela. Gape o nna a ikemiseditse go ba thusa. Sekao sa gagwe se nthusitse go tokafatsa tsela e ke dirisanang le ba bangwe ka yone. Ke mpho e e tswang kwa go Jehofa e bile ka metlha o dira gore ke itumele.
Fa re ne re nyalana
FA RE LE KWA BETHELE YA KWA JAPAN LE FA RE LE KWA TSHIMONG
Fa nako e ntse e tsamaya, batsadi ba ga Miwako ba ba neng ba nna kwa Japan, ba ile ba lwala thata. Ka jalo bakaulengwe ba ile ba re letla gore re fudugele kwa ofising ya lekala ya kwa Japan gore re kgone go ba tlhokomela. Re ile ra fudugela teng ka 1999.
Lelapa la Bethele ya kwa Japan le ile la re amogela ka lorato, mme fa nako e ntse e tsamaya, re ile ra tlwaela legae la rona le lesha. Go etsa dinonofo tse dintle tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Japan tse di jaaka go nna pelotshweu le go amogela baeng, go ile ga nthusa go nna motho yo o botoka. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Japan ke dinatla e bile ba ntsha ga tshwene mo tirong. Gape ba bereka e le setlhopha. Ke raya jang? Go ya ka setso sa Ba-Japan, go botlhokwa gore batho ba bereke mmogo ka kutlwano go na le gore motho a bereke a le nosi gore a atlege. Sekao sa bone se sentle se ile sa nthusa gore ke bereke le ba bangwe ke le boikokobetso le gore ke lebogele bonnye jo ke bo dirang mo tirong ya ga Jehofa.
Mme tsela e ke godileng ka yone, e ne e farologane le tsela e ba godisitsweng ka yone, ka jalo ka dinako dingwe ke ne ke sa tlhaloganye gore goreng ba dira dilo ka tsela e e rileng. Ke ile ka tshwanelwa ke go ithuta go nna pelotelele le go sa tseege maikutlo. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ile ka fetola tsela e ke lebang dilo ka yone mme ke ile ka lemoga gore Jehofa a ka segofatsa tshwetso epe fela e e dirwang fa re ikobela taelo e re e newang mo phuthegong ya gagwe. Se se salang ke gore Jehofa ke ene a dirang gore tiro e re e dirang e atlege.
Go le gantsi ke a tle ke bapise katiso e ke e neilweng kwa Bethele le e Jehofa a ileng a e naya moporofeti Moshe. Mo dingwageng di le 40 tse Moshe a ileng a di fetsa e le modisa, Jehofa o ile a mo thusa gore e nne motho yo o bonolo. Fela jaaka Moshe, le nna ke isitswe dikolong tsa maemo a a kwa godimo mme ke ile ka letla gore go rutega go ntire motho yo o boikgogomoso le yo o itshepang thata. Bethele e ile ya nthuta gore ke nne boikokobetso le gore ke ikaege ka Jehofa. Jehofa o ile a katisa Moshe a le pelotelele. O ile a dira se se tshwanang le ka nna ka dingwaga di le dintsi.
Ke bereka kwa Bethele ya kwa Japan
Fa re ne re tlhokometse batsadi ba ga Miwako, difouno di ne di tsena di tswa, re tlhobaela e bile re boaboa kwa bookelong. Mmaagwe Miwako e bong Masako, o ne a lwala thata mo a neng a sa kgone go tsamaya. Go ne go se motlhofo gore a ye dipokanong le gore a ye bodireding. Dibeke pele a tlhokafala, o ne a tsamaya ka wheelchair. Le fa go ntse jalo, o ne a rata Jehofa fela thata. Nako le nako fa a ne a bua ka boammaaruri, o ne a smaela. Ke ne ke kgothadiwa thata ke go mmona a direla Jehofa a itumetse e bile a kgotsofetse le fa maemo a ne a ka nna jang. Re ile ra fetsa dingwaga di ka nna 24 re ba tlhokometse go fitlha ba tlhokafala.
Ke rera le Miwako kwa Okinawa
Ka 2024 go ile ga nna le phetogo e kgolo mo botshelong jwa rona. Morago ga go direla kwa Bethele ka dingwaga di feta 30, re ile ra kopiwa gore re ye go direla kwa tshimong. Gone jaanong re babulatsela ba ba kgethegileng mo setlhaketlhakeng sa Okinawa e bile re rerela malapa a a nnang kwa kampeng ya masole e e gaufi le rona. Katiso e re e neilweng kwa Bethele e ile ya dira gore go nne motlhofo go tlwaela kabelo eno e ntšha. Re leka ka natla go nna le thulaganyo e e siameng le go dirisa nako ya rona sentle ka go tlhoma mogopolo mo bodireding le go dira ka natla. Jehofa o ile a re segofatsa ka go re naya batho ba re ka ba rutang Baebele. Gone jaanong e kete re lelapa. Re a lemoga gore go rata batho go botlhokwa thata. Nna le Miwako re leboga Jehofa letsatsi le letsatsi go bo a re neile kabelo eno.
KE SA NTSE KE LETLA JEHOFA GORE A NTHUSE GO NNA MOTHO YO O BOTOKA
Le fa ba lelapa la gaetsho ba sa tlhole ba nkganetsa, ga ba ise ba amogele boammaaruri. Mme Jesu o ile a solofetsa gore botlhe ba ba tlogelang ba malapa a bone gore e nne balatedi ba gagwe, ba ne ba tla segofadiwa go menagane ga 100 ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba tla nna jaaka ba malapa a bone. (Mar. 10:29, 30) Seo ke se se ileng sa ntiragalela. Malapa a a mo lefatsheng lotlhe a a ileng a nthata le go ntlhokomela jaaka e kete ke mongwe wa lelapa la bone, a mantsi thata.
Ke sa ntse ke na le buka ya Boamarure e Wilson a ileng a nnaya yone. Buka eo e nna e nkgopotsa gore Jehofa o ile a mpontsha bopelonomi ka go ntetla gore ke ithute ka ene. (1 Ditir. 28:9) Ke ikemiseditse go tswelela ke letla Jehofa gore a nthuse go nna motho yo o botoka le go ruta ba bangwe boammaaruri jo bo isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.