SENGWE SE SE KGATLHANG MO BAEBELENG
Matloa a a Neng a Dirisiwa go Tshwara Ditlhapi
Bangwe ba barutwa ba ga Jesu ba ne ba na le kgwebo ya go tshwara ditlhapi. (Mar. 1:16-20) Ba ne ba dirisa matloa go tshwara ditlhapi kwa Lewatleng la Galalea.
Fa motho a dira letloa, o ne a kopanya megala e gantsi e neng e dirwa ka semela sa leloba a bo a dira gore megala eo e nne le diphatlha. Bogolo jwa diphatlha tseo bo ne bo ikaega ka gore go ne go tla tshwarwa ditlhapi tse dinnye kgotsa tse dikgolo. Gantsi matloa a mannye a ne a gokelelwa matlapa gore a kgone go nwela. Matloa a magolo le one a ne a gokelelwa matlapa kwa tlase gore a kgone go nwela, mme karolo e e kwa godimo e ne e bofelelwa mapolanka a a neng a dira gore matloa ao a kgone go kokobala.
Matloa a ne a tura. A ne a ka senngwa ke matlapa a a kwa tlase mo lewatleng kgotsa a ne a ka gagoga fa go tshwerwe ditlhapi tse dintsi. (Luke 5:6) Baebele e a re Jakobe le Johane ba ne ba “rokaganya matlowa a bone.” Gongwe ba ne ba dirisa nnale le tlhale ya leloba. (Math. 4:21) Gongwe batshwaraditlhapi ba ne ba tle ba dire jalo nako le nako fa ba sena go tshwara ditlhapi. Gape Luke o ne a re batshwaraditlhapi ba ne ba “tlhatswa matloa a bone” gore ba tlose leswe. (Luke 5:2) Go tswa foo, ba ne ba a anega. Gongwe ba ne ba dira jalo gore a se ka a bola.—Esek. 47:10.
Jesu o ile a kopa banna ba ba neng ba tlwaetse go dirisa matloa gore e nne “batshwari ba batho.”