JULY 6-12, 2026
PINA 98 Dikwalo di Tlhotlheleditswe ke Modimo
Goreng Melaometheo ya Baebele e le Botlhokwa?
“Lo ntshe mebele ya lona e le . . . tirelo e e boitshepo lo dirisa bokgoni jwa lona jwa go akanya.”—BAR. 12:1.
SE GO BUIWANG KA SONE
Setlhogo seno se tla tlhalosa gore melaometheo ke eng le gore re ka e bona jang fa re bala Baebele.
1-2. (a) Goreng Baebele e ka bidiwa buka ya bogologolo? (b) Goreng Baebele e sa ntse e re tswela mosola?
BAEBELE ke buka ya bogologolo. E simolotswe go kwalwa dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, e bo e wediwa dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Mme gone, kgakololo ya yone e sa ntse e re tswela mosola. (Baheb. 4:12; 2 Tim. 3:16, 17) Batho ba le bantsi ba re e ba thusitse go dira ditshwetso tse di siameng le gore ba itumele.
2 Go tla jang gore buka ya bogologolo jaana e bo e sa ntse e re tswela mosola? Ka ntlha ya mabaka a le mabedi. La ntlha, molaetsa wa Baebele o tswa kwa ‘Modimong yo o tshelang,’ e bile e le Mmopi yo o botlhale. (1 Tim. 4:10; Bar. 16:26, 27) La bobedi, e na le melaometheo e e sa felelweng ke nako. Melaometheo eo e ile ya thusa batho ba mo nakong e e fileng go rarabolola mathata a bone e bile e sa ntse e thusa batho le gompieno.
3. Re tla araba dipotso dife mo setlhogong seno?
3 Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno: Melaometheo ya Baebele ke eng? E botlhokwa go le kana kang mo go rona? Re ka bona jang melaometheo fa re bala Baebele? Gape re tla bona gore dithuto tsa ga Jesu di bontsha jang gore melaometheo e botlhokwa.
MELAOMETHEO YA BAEBELE KE ENG?
4. Melaometheo ya Baebele ke eng?
4 Melaometheo ya Baebele ke dithuto tse di tswang mo melaong e Modimo a re nayang yone. Mo melaong mengwe, melaometheo e bonala sentle. (Math. 22:37) Melao mengwe e e mo Baebeleng, e ne e dira ka dinako tse di rileng kgotsa mo maemong mangwe a a rileng. Melaometheo yone e re bontsha mabaka a go bo Jehofa a tlhomile melao eo, e bile e re thusa go itse se Jehofa a se akanyang le se se botlhokwa mo go ene. Mabaka ao ga a fetoge. (Pes. 119:111) Ka jalo, tota le fa molao o ka fetoga kgotsa go ka se nne le molao, re sa ntse re ka kgona go tlhaloganya gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang nngwe e e rileng.—Isa. 40:8.
5. Naya sekai se se bontshang pharologanyo fa gare ga melao le melaometheo. (Bona le ditshwantsho.)
5 Akanya ka sekai seno se se re thusang go tlhaloganya pharologanyo fa gare ga melao le melaometheo. Mmê a ka raya ngwana wa gagwe yo monnye a re: “O se ka wa tshwara setofo.” Seo ke molao. Mme molaomotheo o o mo molaong oo ke go re: “O se ka wa tshwara sepe se se fisang ka gonne o tla sha.” Molaomotheo oo ga o dire fela mo setofong. Gape o ka dira mo dilong tse dingwe tse di fisang tse di jaaka aene le hitara. Molaomotheo oo o ka dira le mo dilong tse di seng mo ntlong. Ke boammaaruri gore fa ngwana yoo a gola, o tla dirisa setofo. Mme gone, o tla nna kelotlhoko gore se se ka sa mo fisa. Ka jalo, molao o ka fetoga, mme molaomotheo one ga o fetoge.
Molao o ka fetoga, mme molaomotheo one ga o fetoge (Bona serapa 5)
GORENG MELAOMETHEO YA BAEBELE E LE BOTLHOKWA?
6. (a) Jehofa o dirisa Baebele jang go re thusa? (b) Jehofa o bontsha jang gore o a re tshepa?
6 E re ka Jehofa a re rata, o re beetse melao gore re se ka ra tsena mo mathateng. (Jak. 2:11) Gape o re thusa go tlhaloganya melaometheo kgotsa mabaka a go bo a re beela melao eo. Jehofa ga a re beele melao mo go sengwe le sengwe. Go na le moo, o dirisa Baebele go re naya kgakololo e e ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng le go dira se se siameng tota le fa go se na molao. Melaometheo e a re nayang yone e re bontsha gore o a re tshepa. Jehofa o re neile kgololesego ya go dira ditshwetso tse di bontshang gore re a mo rata le gore re a mo ikobela.—Bagal. 5:13.
7. Naya sekai se se bontshang gore melaometheo ya Baebele e botlhokwa. (Bona le setshwantsho.)
7 Akanya ka sekai se se latelang. Mo dinageng tse dingwe, fa o ntse o kgweetsa o bona matshwao a tsela. Bontsi jwa one a re gopotsa gore re ka otlhaiwa fa re sa a ikobele. Matshwao ano a ka re bontsha gore re kgweetse ka lobelo lo lo kana kang kgotsa gore re tshwanetse go ema fa kae. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa matshwao a mangwe a tlhagisa bakgweetsi ka tsela e ba kgweetsang mo go yone. Ka sekai, a ba tlhagisa gore tsela e a relela kgotsa go feta diphologolo tse dintsi mo go yone. Mokgweetsi yo o nang le maitemogelo o tla nna kelotlhoko fa a bona matshwao ao a a mo tlhagisang. Ka sekai, fa e le gore pula e a na kgotsa go na le mouwane, mokgweetsi yoo o tla fokotsa lobelo gore a se ka a dira dikotsi. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba kelotlhoko gore ba se ka ba dira sepe se Baebele e reng se phoso. Gape ba kelotlhoko gore ba se ka ba akanya kgotsa ba dira sepe fela se se ka utlwisang Jehofa botlhoko. Gore ba dire ditshwetso tseo, ba tshwanetse go tlhaloganya tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone ka kgang eo.
Bontsi jwa matshwao a tsela a tlhagisa bakgweetsi ka tsela e ba kgweetsang mo go yone. Ka tsela e e tshwanang, melaometheo ya Baebele le yone e ka re thusa (Bona serapa 7)
8. Go ya ka Baroma 12:1 le 2, go dirisa melaometheo ya Baebele go re thusa jang?
8 Go dirisa melaometheo ya Baebele go re tswela mosola ka ditsela tse dingwe gape. Ka sekai go re thusa go tlhaloganya kafa Jehofa a ikutlwang ka gone mo dikgannyeng dingwe. Fa re bala dipego dingwe mo Baebeleng, re batla se re ka se ithutang mo go tsone. Re ipotsa gore ke eng fa Jehofa a dirile gore di kwalwe mo Baebeleng le gore di re tswela mosola jang. Fa re dira jalo, re ithuta go dirisa “bokgoni jwa rona jwa go akanya” fa re ntse re direla Jehofa. Gape re itlhatswa pelo ka “se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—Bala Baroma 12:1, 2.a
9. Go dirisa melaometheo e e mo Baebeleng go re tswela mosola jang gape? (Bahebera 5:13, 14)
9 Go dirisa melaometheo e e mo Baebeleng go re thusa go etsa Jehofa. Fa re dirisa melaometheo, re atamalana thata le Jehofa. (Bala Bahebera 5:13, 14.) Bana ba newa melao e mentsi gore ba kgone go itse gore ba dire eng mo maemong a a farologaneng. Ba ka ikobela melao eo gore fela ba se ka ba otlhaiwa. Mme Jehofa ga a re tshware jaaka bana, o tshepa gore re tla dira ditshwetso tse di dumalanang le thato ya gagwe, mme fa re dira jalo o a itumela.—Pes. 147:11; Diane 23:15, 26; 27:11.
RE KA BONA JANG MELAOMETHEO E E MO BAEBELENG?
10. Re ka bona jang melaometheo e e mo Baebeleng?
10 Fa re bala Baebele, re tshwanetse go batla melaometheo e e ka re thusang go tlhaloganya kafa Jehofa a ikutlwang ka gone le se a se akanyang ka kgang nngwe. Gape re ka bona melaometheo fa re batla mabaka a go bo go beilwe melao mengwe. Fa re tlhaloganya mabaka ao, re tla kgona go tlhaloganya Jehofa botoka. Ka jalo, go botlhokwa thata gore re mo kope gore a re thuse go tlhaloganya kafa a akanyang ka gone, e bile re tshwanetse go ithuta go akanyetsa kwa teng ka se re se balang. (Diane 2:10-12) Re ka ipotsa dipotso tse di jaaka tseno: “Goreng Modimo a beile molao ono? Fa e le gore o tlhoile boitsholo jono, o tla ikutlwa jang ka boitsholo jo bo tshwanang le jone? Ke ithuta eng mo pegong eno, mme nka se dirisa jang mo botshelong?” Fa re sena go lemoga mabaka le dithuto tse re ka di ithutang mo melaong eo le mo dipegong tsa Baebele, re tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng tse di dumalanang le thato ya ga Jehofa.
11. Mo Therong ya gagwe ya Kwa Thabeng, Jesu o re thusa jang go bona melaometheo e e mo Baebeleng? (Bona le ditshwantsho.)
11 Mo Therong ya gagwe ya Kwa Thabeng, Jesu o ile a re bontsha gore re ka bona jang melaometheo e e mo Baebeleng. A re tlotleng ka dikai di le tharo. Mo go tsone, Jesu o simolola ka go bua ka molao, go tswa foo o tlhalosa molaomotheo kgotsa lebaka la go bo molao oo o beilwe. Fa re akanyetsa kwa teng ka melaometheo e Jesu a re rutileng yone, re tla tlhaloganya gore e tla re thusa jang go dira ditshwetso tse di siameng mo botshelong.
Mo Therong ya Kwa Thabeng, Jesu o ne a re bontsha gore re ka bona jang melaometheo mo melaong e Modimo a re neileng yone (Bona serapa 11)
12. Re bona molaomotheo ofe mo molaong o o mo go Mathaio 5:21 le 22? (Bona le setshwantsho.)
12 Bala Mathaio 5:21, 22. “Ga o a tshwanela go bolaya motho.” Re bona molaomotheo ofe mo molaong ono? Jehofa ga a batle gore re tlhoe ba bangwe. Ga a batle gore re bue, re dire kgotsa re akanye dilo tse di sa siamang ka bone. Jesu o ile a bontsha gore tota le fa motho a sa bolaye motho yo mongwe, a ka nna molato kgotsa a se ka a itumedisa Jehofa fa “a nna a galefetse motho yo mongwe” kgotsa a mo tlhaba ka mafoko. Goreng? Ka gonne dilo tseo di ka dira gore motho a bolaye yo mongwe.—1 Johane 3:15.
13. Re ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Mathaio 5:21 le 22 mo botshelong? (Bona le ditshwantsho.)
13 Re ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Mathaio 5:21 le 22 gompieno? Ga re a tshwanela go galefela batho ba bangwe kgotsa go ba tshwarela sekgopi. (Lefi. 19:18; Jobe 36:13) Goreng? Ka gonne fa re nna re galefile, re ka simolola go ba tlhoa mme seo se ka dira gore re bue kgotsa re dire dilo tse di tla ba utlwisang botlhoko. (Diane 10:12) Dilo tseo di akaretsa go ba seba, go ba senya leina kgotsa go bua maaka ka bone, e leng sengwe se se tla dirang gore batho ba bangwe le bone ba ba tlhoe kgotsa ba se ka ba ba tshwara sentle. (Diane 20:19; 25:23) Ka jalo, tota le fa ka motlha wa ga Jesu go ne go se na social media le Internet, molaomotheo ono o thusa Bakeresete gompieno fela jaaka o ne o thusa ba ba neng ba tshela ka motlha wa ga Jesu. Fela jaaka re ka se ka ra bolaya motho, gape ga re a tshwanela go bua kgotsa go dira sepe fela se se tla dirang gore batho ba bangwe ba se ka ba tlhola ba mo tlotla.
(Bona serapa 12-13)
14. Re bona molaomotheo ofe mo molaong o o mo go Mathaio 5:27 le 28? (Bona le setshwantsho.)
14 Bala Mathaio 5:27, 28. “Ga o a tshwanela go dira boaka.” Re bona molaomotheo ofe mo molaong ono? Jehofa ga a tlhoa fela boitsholo jo bo sa siamang, gape o tlhoile dikakanyo tse di ka dirang gore motho a dire boitsholo jo bo sa siamang. Jesu o ile a tlhalosa gore fa monna yo o nyetseng a nna a lebile mosadi (yo e seng wa gagwe) mo a nnang le keletso ya go tlhakanela dikobo le ene, o setse a dirile boaka le ene. Ka jalo, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra akanya ka boitsholo jo bo sa siamang. (Math. 5:29, 30) Bakeresete ba ba sa nyalang kgotsa ba ba sa nyalwang le bone ba tshwanetse go dirisa molaomotheo ono.
15. Re ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Mathaio 5:27 le 28 gompieno? (Bona le ditshwantsho.)
15 Re ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Mathaio 5:27 le 28 gompieno? Ga re a tshwanela go akanya ka boitsholo jo bo sa siamang. (2 Sam. 11:2-4; Jobe 31:1-3) Gape ga re a tshwanela go akanya ka ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. Ga re ipolelele gore go lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo go itshiametse fela ka gonne re a bo re sa dire boitsholo joo. Ga re batle go nna jaaka batho ba lefatshe leno ba ba dumelang gore go lebelela ditshwantsho le dibidio dingwe tsa tlhakanelodikobo ga go kotsi, ke go itlosa bodutu fela. Mo motlheng wa ga Jesu go ne go se na didirisiwa tsa ileketeroniki, di-movie kgotsa ditshwantsho. Le fa go ntse jalo, molaomotheo o Jesu a re rutileng one o re bontsha gore Jehofa o ikutlwa jang ka dibidio le ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo. Gape o re thusa go tlhaloganya gore Jehofa ga a itumele fa re romelela batho ba bangwe ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo, fa re bua le bone kgotsa re ba romelela melaetsa ya boitsholo jo bo sa siamang mo founong. Go dirisa molaomotheo ono go thusa batho ba ba mo lenyalong gore ba tswelele ba ikanyega mo balekaneng ba bone. (Mal. 2:15) Gape o thusa Bakeresete botlhe ba ka tswa ba le mo lenyalong kgotsa ba se mo go lone gore ba se ka ba dira boitsholo jo bo sa siamang.—Diane 5:3-14.
(Bona serapa 14-15)
16. Re bona molaomotheo ofe mo molaong o o mo go Mathaio 5:43 le 44? (Bona le setshwantsho.)
16 Bala Mathaio 5:43, 44. “O tshwanetse go rata moagelani wa gago.” Re bona molaomotheo ofe mo molaong ono? Jehofa o batla gore re rate batho botlhe. Ka maswabi, Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ne ba akanya gore molao ono o ne o raya gore ba tshwanetse go rata Bajuda fela, mme ba tlhoe baba ba bone. Mme gone, Jesu o ne a itse gore molao ono o ne o sa reye jalo. O ne a itse gore rraagwe yo o lorato o batla gore re rate batho botlhe, e ka tswa e le ba lotso lofe kgotsa ba setšhaba sefe.—Math. 5:45-48.
17. Go dirisa molaomotheo o o mo go Mathaio 5:43 le 44 go tla re thusa jang? (Bona le setshwantsho.)
17 Re ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Mathaio 5:43 le 44 gompieno? Go rata moagelani go tla re tlhotlheletsa gore re se ka ra tsena mo dintweng le mo dikgogakgoganong tsa lefatshe leno. (Isa. 2:4; Mika 4:3) Go tla re thusa gore re dirisane sentle le batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe, ba ba farologaneng le rona ka mmala, ka lotso, ka setšhaba kgotsa ka bodumedi. (Dit. 10:34, 35) Gape go tla re thusa gore re itshwarele batho ba ba re utlwisitseng botlhoko kgotsa ba ba utlwisitseng batho ba re ba ratang botlhoko.—Math. 18:21, 22; Mar. 11:25; Luke 17:3, 4.
(Bona serapa 16-17)
TSWELELA O DIRISA MELAOMETHEO YA BAEBELE
18. (a) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?
18 Re lebogela go bo Jehofa a sa re tshware jaaka bana. O batla gore re dirise melaometheo ya Baebele gore e re thuse go dira ditshwetso tse di siameng. (1 Bakor. 14:20) Fa re dira ditshwetso tseo, a re ikemisetseng go ‘nna re tlhomamisa gore ke eng se Jehofa a batlang gore re se dire.’ (Baef. 5:17) Go rata Jehofa, e seng go tshaba gore o tla re otlhaya, go tla re thusa go dira ditshwetso tse di dumalanang le thato ya gagwe. Mme go na le mpho e nngwe e e tla re thusang go dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa. Mpho eo ke segakolodi. Re tla tlotla ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.
PINA 95 Lesedi le Phatsimela Pele
a Go na le maemo a mantsi mo botshelong a Jehofa a sa re beelang melao mo go one. Mo maemong ao, re tshwanetse go akanya ka melaometheo e e farologaneng e e tsamaisanang le tshwetso e re batlang go e dira. Jehofa o re neile bokgoni jwa go akanya gore re kgone go dira ditshwetso tse di mo itumedisang le tse di tla dirang gore a re segofatse. Seo ke se bontsi jwa Bajuda ba e neng ya nna Bakeresete ba ileng ba tshwanelwa ke go ithuta go se dira. Pele e nna Bakeresete, ba ne ba ikobela melao e mentsi e ba neng ba e beetswe ke baeteledipele ba bodumedi.