LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 April ts. 20-25
  • Etsa “Modimo Yo o Re Gomotsang ka Ditsela Tsotlhe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Etsa “Modimo Yo o Re Gomotsang ka Ditsela Tsotlhe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BAEBELE E TLHALOSA KGOMOTSO JANG?
  • RE KA GOMOTSA BA BANGWE JANG?
  • FA O TLHOKA GO GOMODIWA
  • Thulaganyo ya go Gomotsa ba ba Kwa Bethele
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Ga re Nosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • “Gomotsa Botlhe ba ba Hutsafetseng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Gomotsa ba ba Utlwisitsweng Botlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 April ts. 20-25

JUNE 22-28, 2026

PINA 90 A re Kgothatsaneng

Etsa “Modimo Yo o Re Gomotsang ka Ditsela Tsotlhe”

“Ka kgomotso e re e neilweng ke Modimo, re kgona go gomotsa ba bangwe.”​—2 BAKOR. 1:4.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go bona gore go etsa Jehofa le batlhanka ba gagwe ba ba ileng ba mo etsa, go ka re thusa jang go gomotsa ba bangwe.

1. Goreng re tshwanetse go gomotsa ba bangwe?

ROTLHE re “lekwa ka ditsela tse di farologaneng,” ka jalo ka dinako dingwe re tlhoka go gomodiwa le go kgothadiwa. (1 Pet. 1:6) E re ka re lebogela matsapa a ba bangwe ba a tsayang go re gomotsa, le rona re tshwanetse go nna bonako go gomotsa ba ba nang le mathata. (Math. 7:12) Jehofa, “Modimo yo o re gomotsang ka ditsela tsotlhe,” o re bontsha gore re ka gomotsa jang “ba ba wetsweng ke diteko dipe fela.” Re ka mo etsa ka go gomotsana. (2 Bakor. 1:3, 4; 1 Bathes. 4:18) Re gomotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ka gonne re ba rata, e seng ka gonne re tshwanetse go dira jalo. Mo setlhogong seno, re tla bona (1) gore Baebele e tlhalosa kgomotso jang, (2) gore re ka gomotsa ba bangwe jang, le (3) gore re ka dira eng fa re tlhoka go gomodiwa.

BAEBELE E TLHALOSA KGOMOTSO JANG?

2. Mo Baebeleng lefoko le le ranotsweng e le “kgomotso” le ka kaya eng?

2 Mo Baebeleng, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “kgomotso” le ka kaya dilo tse di farologaneng go ikaegile ka gore go buiwa ka eng. Le ka kaya “go kgothatsa” kgotsa “go rotloetsa.” (Bar. 12:8; bona ntlha ya go ithuta e e reng “encourages” mo Baebeleng ya Seesemane.) Fa lefoko leno le ranolwa jaaka le ntse, le ka kaya “go ema mo letlhakoreng la mongwe.” Ka jalo, re ka akanya ka motho yo o itlhaganelelang go thusa tsala ya gagwe e e nang le mathata kgotsa a e naya se e se tlhokang. Le fa a ka tswa a thusa tsala ya gagwe ka ditsela tse di farologaneng, o tlhomamisa gore e ikutlwa botoka.

3. Re ithuta eng mo go Barenabase? (Bona le setshwantsho.)

3 Akanya ka se se ileng sa diragalela Mokeresete mongwe yo o bidiwang Josefa. O ne a na le bokgoni jwa go gomotsa le go kgothatsa ba bangwe mo e leng gore baaposetoloi ba ne ba mmitsa “Barenabase.” Leina leno le kaya “Morwa Kgomotso.” (Dit. 4:36) Le ne le mo tshwanela tota ka gonne ga a ka a tlhola a bidiwa Josefa gape mo Baebeleng. Ruri o ne a tshelela leina la gagwe ka gonne o ne a thusa bakaulengwe le bokgaitsadi fa ba tlhoka thuso. Ka sekai, fa Saulo yo o neng a sa tswa go sokologa a goroga kwa Jerusalema, o ne a batla go kopana le barutwa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ba ne ba mo tshaba ka gonne o ne a bogisa bakaulengwe le bokgaitsadi pele a sokologa. Mme gone, Barenabase o ne a tshepa Saulo e bile o ne a mo isa kwa baaposetoloing.​—Dit. 9:26-28.

Barenabase o isa Saulo kwa legaeng la mongwe wa baaposetoloi gore a ye go kopana le bone. Fa Saulo a ntse a atamela, baaposetoloi ba mo lebile ba belaela.

Barenabase o ne a tshelela leina la gagwe (Bona serapa 3)


RE KA GOMOTSA BA BANGWE JANG?

4. O ka kgothatsa ba bangwe jang? (Baroma 1:11, 12)

4 Ba etele fa go kgonega. Jehofa o dirisa batlhanka ba gagwe go gomotsa ba bangwe. Ka sekai, fa moporofeti Elija a ne a ngomogile pelo, Jehofa o ile a dirisa moengele go mo kgothatsa. (1 Dikg. 19:4-7) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a itse gore go etela bakaulengwe le bokgaitsadi go ne go tla ba kgothatsa. (Bala Baroma 1:11, 12.) Fa o etela mongwe gore o mo kgothatse, fetsa nako le ene. (1 Bakor. 16:7) Fa o sa kgone go mo etela, o ka mo founela, wa mo romelela lekwalo, karata kgotsa molaetsa gore o mo kgothatse. A o ikemiseditse go letla Jehofa gore a go dirise go gomotsa ba bangwe?

5. Ke dikgwetlho dife tse re ka lebanang le tsone?

5 Fa malatsi ano a bofelo a ntse a nna maswe le go feta, re ka lebelela gore re tla lebana le dikgwetlho tse di oketsegileng fa re leka go etela bakaulengwe le bokgaitsadi gore re ba kgothatse. Fa Paulo a ne a le kwa kgolegelong kwa Roma, Onesiforo yo o neng a nna kwa Efeso o ile a ya go mmatla le fa seo se ne se ka dira gore le ene a tsenngwe mo kgolegelong kgotsa a bolawe. (2 Tim. 1:16-18) Basupi ba kwa Russia le bone ba ema bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone nôkeng fa ba bogisiwa ka ntlha ya se ba se dumelang. Fa Basupi bangwe ba sekisiwa, bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ya kwa kgotlatshekelo gore ba ba eme nôkeng tota le fa seo se ka dira gore le bone ba tshwarwe. O ka ipaakanyetsa jang go gomotsa bakaulengwe le bokgaitsadi jaaka bone? Gongwe o ka ithuta ka batho ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng le ba motlha wa rona ba ba neng ba emana nôkeng le gore ke eng se se ba thusitseng go itumela le fa ba ne ba bogisiwa.

6. Re ka etsa Jehofa jang fa re gomotsa ba bangwe? (Bona le setshwantsho.)

6 Ba reetse. Fa moporofeti Elija a ne a akanya gore o ne a tlile go bolawa, o ne a bolelela Jehofa ka kgang eno. Rraarona yo o lorato o ile a mo reetsa fa a ntse a tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone, le fa tota a ne a setse a itse gore o tshwenyegile ka eng. Jehofa o ile a mo reetsa a le pelotelele le fa a ne a boaboeletsa selo se le sengwe. (1 Dikg. 19:9, 10, 14) Gape Jehofa o ile a letla moporofeti Habakuke gore a tlhalose kafa a neng a ikutlwa ka gone le fa tsela e a neng a bua ka yone e ne e ka lebega e kete ga a tlotle Jehofa. (Hab. 1:2, 3) Le rona Jehofa o a re reetsa tota le fa a setse a itse gore re tlhoka eng. Re ka mo etsa ka go reetsa ka kelotlhoko le ka tlotlo fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bua le rona. Re tshwanetse go “nna bonako go utlwa” fa ba bua, mme re se ka ra ba tsena ganong kgotsa ra kgopisega le fa ba re tlhaba ka mafoko kgotsa ba boaboeletsa selo se le sengwe.​—Jak. 1:19; Mor. 7:9.

Kgaitsadi o reeditse a le pelotelele fa kgaitsadi yo o ngomogileng pelo o mmolelela ka mathata a gagwe go fitlha go nna bosigo.

Etsa Jehofa ka go reetsa ka tlhoafalo fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bua le wena (Bona serapa 6)


7. Ke eng se se ka re thusang go lemoga se motho a se tlhokang?

7 Leka go lemoga se motho a se tlhokang. Ga re kgone go itse se se mo pelong ya motho jaaka Jehofa. Ka jalo, re ka kgona go lemoga gore motho o tlhoka kgomotso e e ntseng jang fa re mo reetsa ka tlhoafalo. E re ka re sa tshwane, o se ka wa akanya gore o itse se motho a se tlhokang fela ka gonne o itse gore wena o ne o tla tlhoka eng fa o ne o le mo boemong jo bo tshwanang. Ka jalo, iphe nako ya go mo reetsa ka tlhoafalo o bo o mmotse dipotso ka botlhale tse di tla go thusang go itse gore o ikutlwa jang.​—Diane 20:5.

8. Jesu o ile a gomotsa Maratha le Marea jang fa Lasaro a sena go tlhokafala? (Bona le ditshwantsho.)

8 Akanya kafa Jesu a ileng a gomotsa Maratha le Marea ka gone fa Lasaro a sena go tlhokafala. Basadi bano ba ne ba tlhokafaletswe ke kgaitsadiabone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a ba gomotsa ka ditsela tse di sa tshwaneng. Fa Maratha a sena go bua le Jesu, Jesu o ne a bua le ene ka tsogo e bile o ile a mo thusa go nonotsha tumelo ya gagwe mo tsholofelong eno e e itumedisang. Mme fa Marea a tla kwa go ene a lela, Jesu ga a ka a bua le ene ka tsogo. Go na le moo, o ile a lela le ene a bo a mmotsa gore Lasaro o laditswe kae. (Joh. 11:20-35) Re ithuta eng? Re ithuta gore fa re gomotsa batho ba ba nang le mathata, re tshwanetse go leka go lemoga gore ba tlhoka eng go na le go ba gomotsa ka tsela e le nngwe fela e re a tleng re e dirise fa re gomotsa ba bangwe.

Ditshwantsho: Mogolwane o etetse bakaulengwe ba babedi ba ba tlhokafaletsweng ke basadi kwa magaeng a bone. 1. Mogolwane o tshwara mokaulengwe mo legetleng fa a ntse a lela. 2. Mogolwane o balela mokaulengwe yo o godileng temana nngwe fa ba ntse ba lebeletse dinepe mo alebamong.

Fa o gomotsa ba bangwe, leka go bona gore ba tlhoka eng (Bona serapa 8)a


9. O ka dirisa Baebele jang go gomotsa ba bangwe? (Baroma 15:4, 5)

9 Dirisa Baebele. Fa o gomotsa mongwe o dirisa Dikwalo, o ka mo thusa go nonotsha tsholofelo e a nang le yone mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa. (Bala Baroma 15:4, 5.) Tsholofelo eo yone, e tla mo thusa gore a gomotsege e bile e tla mo kgothatsa. (Isa. 40:31) O ka bona jang ditemana tse o ka di dirisang go gomotsa mongwe? Bangwe ba kwala ditemana tse ba tla di dirisang fa ba di tlhoka, jaaka tse di mo setlhogong se se reng, “Kgomotso” mo bukeng ya Bakeresete ba Kaelwa ke Baebele. Kopa Jehofa gore a go thuse go dirisa Lefoko la gagwe sentle gore o kgone go kgothatsa ba bangwe. Moya wa gagwe o o boitshepo o ka go thusa gore o gopole ditemana tse di tshwanetseng ka nako e o di tlhokang ka yone.​—Joh. 14:26.

10. Goreng re tshwanetse go bua ka bonolo fa re leka go kgothatsa mongwe?

10 Bua ka bonolo. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “kgomotso,” gape le ka kaya “go rotloetsa.” Ka dinako dingwe, re ka tshwanelwa ke go thusa motho yo re mo gomotsang gore a fetole tsela e a akanyang ka yone. Fa o tlhoka go dira jalo, akanya pele o bua gore o mo kgothatse mme o se ka wa mo tlhaba ka mafoko. (Diane 12:18) Jehofa o re tlhometse sekao se sentle fa a ne a bua le Elija. Elija o ne a akanya gore e ne e le ene fela yo a neng a sa ntse a direla Jehofa le gore o paletswe ke go thusa Baiseraele ba ba neng ba tlhanogetse Jehofa. Jehofa o ile a bua le ene ka bonolo, a mo thusa go leba dilo sentle, go na le go mmolelela gore se a se buang ga se boammaaruri. (1 Dikg. 19:15-18) Le rona re ka kgona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi fa re le bonolo e bile re akanya pele re bua. Fa o neela dipuo kgotsa o akgela kwa dipokanong, ka metlha o bue ka bonolo e bile o akanye pele, gore se o se buang se kgothatse le go nonotsha bakaulengwe le bokgaitsadi.

11. Gantsi batho ba ba wetsweng ke mathata ba tlhoka eng? (1 Johane 3:18)

11 Ba abele dilo tse ba di tlhokang. Gantsi batho ba ba wetsweng ke mathata, ba tlhoka go thusiwa ka dilo tse ba di tlhokang go na le go ba gomotsa fela. (Bala 1 Johane 3:18.) Barenabase o ile a dira jalo. O ile a rekisa tshimo ya gagwe a bo a ntsha madi a yone gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba humanegileng ba ba neng ba sa tswa go kolobediwa ba newe dilo tse ba di tlhokang. (Dit. 4:36, 37) Le gompieno, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba latela sekao sa gagwe ka go thusa ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang. Gabriela wa kwa Poland o ne a utlwile botlhoko tota fa ntlo ya gagwe e sena go senngwa ke morwalela. A re: “Nna le batsadi ba me re ne re tshogile e bile re tlhobaela. Re ne re ipotsa gore re tla bona thuso kae. Mme bakaulengwe ba diphuthego tse di gaufi ba ile ba tla ba bo ba baakanya ntlo ya rona mo letsatsing le le lengwe fela. Seo se ile sa dira gore ke lemoge gore Jehofa o kaela batho ba gagwe gore ba gomotse ba ba wetsweng ke mathata.”

12. Fa o itshokela diteko, seo se ka thusa bakaulengwe le bokgaitsadi jang?

12 Itshokele diteko tse o lebanang le tsone. Paulo o ile a gomotsega tota fa a ne a utlwa gore Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa le fa ba ne ba bogisiwa. Seo se ile sa mo kgothatsa ka gonne o ne a lemoga gore matsapa a gagwe e ne e se a bophiri. (1 Bathes. 3:5-8) Paulo o ne a itse gore fa a ne a ka tswelela a ikanyega mo go Jehofa fa a lebane le diteko, le ene o ne a tla kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe, tota le ba ba neng ba ise ba ko ba kopane le ene. (Bakol. 2:1, 2) Ka tsela e e tshwanang, fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bona kafa Jehofa a re thusang ka gone go itshokela diteko, seo se ba thusa gore le bone ba itshoke.

13. Ke eng gape se se ka re thusang gore re kgone go gomotsa ba bangwe?

13 Nna pelotelele. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kgobegileng marapo, ba ka nna ba se ka ba gomotsega ka bonako. Mme gone, Dikwalo di re rotloetsa gore ‘re nne re kgothatsana.’ Mafoko a a reng “nnang lo kgothatsane,” a bontsha gore ke sengwe se re tshwanetseng go nna re se dira. (1 Bathes. 5:11) Nna pelotelele fa o gomotsa ba ba tlhokang thuso. (1 Bathes. 5:14) Boammaaruri ke gore ka dinako dingwe, rotlhe re tla tlhoka go gomodiwa. Re ka dira eng fa re tlhoka go gomodiwa?

FA O TLHOKA GO GOMODIWA

14-15. Re tshwanetse go dira eng fa re tlhobaela kgotsa re tshwenyega thata?

14 Rapela Jehofa. Mo kope gore a go gomotse fa o tlhobaela kgotsa o tshwenyegile. (Pes. 94:19) Bulela Jehofa mafatlha, o mmolelele se tota se go tshwenyang. (Pes. 62:8) Ke boammaaruri gore Jehofa o setse a itse kafa o ikutlwang ka gone, tota le pele ga o mo rapela. Mme gone, fa o mmolelela kafa o ikutlwang ka gone, o a bo o bontsha gore o na le tumelo. Ka metlha Jehofa o araba dithapelo tsa batho ba ba bontshang gore ba na le tumelo, le fa gone a ka dira jalo ka ditsela tse ba sa di lebelelang. (Mar. 11:24) Bafilipi 4:6, 7 e re rotloetsa jaana: “Rapelang Modimo ka metlha. . . . Fa lo dira jalo, Modimo o tla lo naya kagiso e batho ba ka se kgoneng go e tlhaloganya, mme ka tsela eo o tla disa dipelo tsa lona le megopolo ya lona.”

15 Kopa ba bangwe gore ba go thuse. Bolelela tsala ya gago kgotsa mogolwane mongwe yo o mo tshepang kafa o ikutlwang ka gone. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka go gomotsa, mme ga ba ka ke ba itse gore o ikutlwa jang kgotsa gore o tlhoka eng fa o sa ba bolelele. (Diane 14:10) O ka ba kopa gore ba go reetse ka tlhoafalo fa o ba tlhalosetsa gore o ikutlwa jang kgotsa o ka ba kopa gore ba go neye temana kgotsa setlhogo sengwe se se ka go gomotsang.

16. Go ka direga eng fa ba bangwe ba leka go go kgothatsa, mme o tshwanetse go gopola eng?

16 Nna pelotelele o bo o ba itshwarele. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna ba dira diphoso fa ba leka go go kgothatsa. Ka sekai, ba ka nna ba bua kgotsa ba dira sengwe se se ka go utlwisang botlhoko le go feta, go na le go go gomotsa. Fa seo se direga, nna pelotelele le bone. (1 Bakor. 13:4, 7) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba a bo ba batla go go thusa. Gakologelwa mafoko a a mo go Jakobe 3:2, a a reng: “Fa mongwe a sa dire phoso mo go se a se buang, ga a na boleo.” Ka jalo, nna o gopotse gore “moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”​—Math. 26:41.

17. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

17 Rotlhe re tlhoka go gomodiwa le go kgothadiwa mo malatsing ano a bofelo. Tota e bile, re tla tlhoka go gomodiwa le go kgothadiwa le go feta fa maemo a lefatshe leno a ntse a nna maswe go ya pele e bile baba ba Modimo ba re ganetsa thata. Ka jalo, a re ikemisetseng go dira sotlhe se re ka se kgonang go gomotsana.

O KA ARABA JANG?

  • Baebele e tlhalosa “kgomotso” jang?

  • Re ka gomotsa ba bangwe jang?

  • Re ka dira eng fa re tlhoka go gomodiwa?

PINA 130 Lo Itshwarelane

a TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mogolwane o reeditse ka tlhoafalo fa mokaulengwe mongwe yo o sa tswang go tlhokafalelwa ke mosadi a bua le ene. Moragonyana, mogolwane yono o etetse mokaulengwe yo o nang le dingwaga di le dintsi a tlhokafaletswe ke mosadi, mme ba tlotla ka dilo tse dintle tse ba di gopolang ka mosadi wa gagwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela