LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 February ts. 32
  • Obadia—Ithute go Boifa Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Obadia—Ithute go Boifa Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna Pelokgale ka Ntlha ya Tumelo le Poifomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Goreng re Tshwanetse go Boifa Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Buka ya Bibela ya bo 31—Obadia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Obadia, ya Jona le ya Mika
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 February ts. 32

MOTHO YO GO BUIWANG KA ENE MO BAEBELENG

Obadia​—Ithute go Boifa Modimo

Obadia o ne a okametse ntlo ya ga Kgosi Ahabe yo o bosula, yo o neng a letleletse kobamelo ya ga Baale gore e aname kwa Iseraele. Le fa go ntse jalo, Obadia o ne a boifa Jehofa “go tloga a sa le mosha.” (1 Dikg. 18:1-13) Ka jalo, fa Kgosigadi Jesebele a ne a laela gore baporofeti botlhe ba ga Jehofa ba bolawe, Obadia o ne a itse gore o tshwanetse go nna pelokgale gore seo se se ka sa direga. Go fitlha moporofeti a le mongwe fela go ne go le kotsi tota, mme Obadia ene o ile a fitlha baporofeti ba le 100 a bo a ba isetsa dijo ka nako ya leuba le le maswe! Akanya gore go ne go le thata jang gore Obadia a dire jalo mme a le kelotlhoko gore baporofeti ba le bantsintsi ba maaka ba ba neng ba direla kgosi le kgosigadi ba se ka ba mmona.​—1 Dikg. 18:19.

Re ithuta eng mo monneng yono yo o neng a boifa Modimo? Le fa Obadia a ne a boifa Ahabe, o ne a boifa Jehofa thata. Seo se ile sa mo naya bopelokgale jwa go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a sireletse bomorwarraagwe. Le rona re ka tlhoka go boifa Jehofa thata, segolobogolo fa kobamelo ya rona e thibetswe. Poifo eno e ka re thusa go ema bakaulengwe le bokgaitsadi nôkeng ka dinako tsa mathata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela