LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w20 May ts. 8-11
  • Dikgosi Tse di Kgorometsanang mo Metlheng ya Bofelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgosi Tse di Kgorometsanang mo Metlheng ya Bofelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Kgosi ya Bokone” mo Metlheng ya Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Jehofa o Senola se se Tla ‘Akofang se Diragala’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • “Kgosi ya Bokone” ke Mang Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Karolo 8—Kgwanto e Telele ya Mebuso ya Lefatshe e Tloga e Khutla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
w20 May ts. 8-11

Dikgosi Tse di Kgorometsanang mo Metlheng ya Bofelo

Boporofeti bongwe mo tšhateng eno bo diragadiwa fa boporofeti jo bongwe bo ntse bo tsweletse. Bo bontsha gore re tshela mo ‘motlheng wa bokhutlo.’—Dan. 12:4.

Tšhate e e bontshang go diragadiwa ga boporofeti jo bo buang ka kgosi ya bokone le kgosi ya borwa go tloga ka 1870.
  • Tšhate ya ntlha e bontsha dilo tse di ileng tsa diragala go tloga ka bo 1870 go ya go 1918. Dingwaga tse di latelang go tloga ka 1914 di tlhalosiwa e le metlha ya bofelo. Boporofeti jwa ntlha: Sebatana sa ditlhogo tse supa se se nnileng gone pele ga letlha le le mo tšhateng. Ka Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha tlhogo ya bosupa ya sebatana seo e a gobadiwa. Go tloga ka 1917, tlhogo ya bosupa ya sebatana e a fola sebatana seo se bo se nna matlhagatlhaga gape. Boporofeti jwa bobedi: Ka 1871 kgosi ya bokone e simolola go bonala mme ka 1870 kgosi borwa e ne ya simolola go bonala. Kwa tshimologong kgosi ya borwa e emelwa ke Boritane mme ka 1917 e emelwa ke Mmuso wa Maesemane le Maamerika. Boporofeti jwa boraro: Ka bo 1870, Charles T. Russell le ditsala tsa gagwe ba tlhagelela e le ‘morongwa.’ Go simolola ka bo 1880, makasine wa ‘Zion’s Watch Tower’ o ile wa kgothaletsa batho gore ba rere dikgang tse di molemo. Boporofeti jwa bonê: Go tloga ka 1914, thobo e a simologa . Korong le mofero di a kgaoganngwa. Boporofeti jwa botlhano: Go tloga ka 1917, re simolola go itse gore dinao tsa tshipi le letsopa di emela eng. Gape Tšhate eno e bontsha ditiragalo tsa Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha go tloga ka 1914 go fitlha ka 1918. Ditiragalo tse di amang batho ba ga Jehofa: Go tloga ka 1914 go fitlha ka 1918, Baithuti ba Baebele ba kwa Boritane le kwa Jeremane ba tsenngwa mo dikgolegelong. Ka 1918, bakaulengwe ba kwa ntlokgolo e e kwa United States ba a tshwarwa.
    Boporofeti jwa ntlha.

    Dikwalo Tshen. 11:7; 12:13, 17; 13:1-8, 12

    Boporofeti “Sebatana sa naga” se busa batho dingwaga di le diketekete. Mo motlheng wa bofelo, tlhogo ya bosupa ya sebatana seno e a gobadiwa. Moragonyana tlhogo eo e a fola mme “lefatshe lotlhe” le sala sebatana seo morago. Satane o dirisa sebatana seno go ‘tlhabana le ba ba setseng.’

    Tiragatso Morago ga Morwalela, dipuso tse di sa rateng Jehofa di busa batho. Dingwaga di feta 3 000 moragonyana, nngwe ya dipuso tseo, e leng puso ya Boritane e a fenngwa mo Ntweng ya Ntlha ya Lefatshe e bile e latlhegelwa ke maatla. E boa e nna maatla gape fa e simolola go dirisana mmogo le United States. Mo metlheng ya bofelo, Satane o dirisa dipuso go bogisa batho ba ga Jehofa.

  • Boporofeti jwa bobedi.

    Lokwalo Dan. 11:25-45

    Boporofeti Mo metlheng ya bofelo, kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di a lwantshana.

    Tiragatso Jeremane e lwantsha Boritane le United States. Ka 1945, Soviet Union le dinaga tse di e emang nokeng e nna kgosi ya bokone. Ka 1991, Soviet Union e a phutlhama mme Russia le dinaga tse di e emang nokeng e nna kgosi ya bokone.

  • Boporofeti jwa boraro.

    Dikwalo Isa. 61:1; Mal. 3:1; Luke 4:18

    Boporofeti Jehofa o romela “morongwa” gore a ‘bule tsela’ pele Bogosi Jwa ga Mesia bo tlhomiwa. Morongwa o simolola “go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo.”

    Tiragatso Go simolola ka 1870, C.T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ithuta Baebele go bona gore tota e ruta eng. Ka 1881, ba ile ba lemoga gore go botlhokwa gore batlhanka ba ga Jehofa ba rerele batho. Ba gatisa setlhogo se se reng, “Go Tlhokega Baboledi ba le 1 000” le se se reng, “Go Tlolediwa go Rera.”

  • Boporofeti jwa bonê.

    Dikwalo Math. 13:24-30, 36-43

    Boporofeti Motho o jala korong mo tshimong ya gagwe. Mme mmaba wa gagwe o a tla a bo a jala mofero mo go yone. Mofero o a gola o bo o dira gore korong e se ka ya bonala. Ka nako ya thobo, korong le mofero di a kgaoganngwa.

    Tiragatso Go simolola ka 1870 pharologanyo mo gare ga Bakeresete ba boammaaruri le ba maaka e a bonala. Mo metlheng ya bofelo, Bakeresete ba boammaaruri ba kgaoganngwa le Bakeresete ba maaka mme ba tlisiwa mo phuthegong.

  • Boporofeti jwa botlhano.

    Dikwalo Dan. 2:31-33, 41-43.

    Boporofeti Setshwantsho se se dirilweng ka di metale tse di farologaneng se na le dinao tsa tshipi e e tlhakaneng le letsopa.

    Tiragatso Letsopa le emela batho ba ba busiwang ke puso ya Boritane le United States ba ba tsuologelang dipuso tseno. Ka ntlha ya batho bano, dipuso tseno ga di kgone go dirisa maatla a tsone ka botlalo.

  • Tšhate ya bobedi e bontsha boporofeti jo bo ileng jwa diragala go tloga ka 1919 fitlha ka 1945. Jeremane e emela kgosi ya bokone go fitlha ka 1945. Mmuso wa Maesemane le Maamerika o emela kgosi ya borwa. Boporofeti jwa borataro: Ka 1919, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba kgaogane le phuthego ya Modimo ba boa ba kopanela le yone gape. Go tloga ka 1919 batho ba le bantsi ba simolola go tlhagafala mo tirong ya go rera. Boporofeti jwa bosupa: Ka 1920, Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le simolola go nna teng go fitlha ka Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi. Sebatana sa ditlhogo di le supa se tswelela go busa. Puso e e emelwang ke maoto a tshipi le letsopa e tswelela go busa. Ditiragalo tse di tsa go tloga ka 1939 go fitlha ka 1945, fa go ne go na le Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi. Ditiragalo tse di amang batho ba ga Jehofa: Go tloga 1933 go fitlha 1945, Basupi ba kwa Jeremane ba feta 11 000 ba tsenngwa mo kgolegelong. Go tloga ka 1939 go fitlha ka 1945, Basupi ba kwa Boritane ba ka nna 1 600 ba tsenngwa mo kgolegelong. Go tloga ka 1940 go fitlha ka 1944, Basupi ba kwa United States feta 2 500 ba tlhaselwa ke digongwana.
    Boporofeti jwa borataro.

    Dikwalo Math. 13:30; 24:14, 45; 28:19, 20.

    Boporofeti “Korong” e phuthelwa mo ‘bobolokelong’ mme “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o a tlhomiwa gore a “okamele ba ntlo.” ‘Dikgang tse di molemo tsa bogosi’ di “rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.”

    Tiragatso Ka 1919, go tlhomiwa motlhanka yo o boikanyego. Go simolola ka nako eo, Baithuti ba Baebele ba a tlhagafala mo tirong ya go rera. Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba rera mo dinageng di feta 200 mme ba gatisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di feta 1 000.

  • Boporofeti jwa bosupa.

    Dikwalo Dan. 12:11; Tshen. 13:11, 14, 15.

    Boporofeti Sebatana sa naga se se nang le dinaka tse pedi se tlhotlheletsa batho gore ba dire “setshwantsho sa sebatana sa naga” mme se naya “setshwantsho sa sebatana sa naga mohemo.”

    Tiragatso Boritane le United States di simolola Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. Dinaga tse dingwe le tsone di tshegetsa lekgotla leno. Go tloga ka 1926 go fitlha ka 1933 kgosi ya bokone le yone e ne e tshegetsa Lekgotla leno. Batho ba le bantsi ba dumela gore Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le ka dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng, e leng sengwe se se ka dirwang fela ke Bogosi Jwa Modimo. Gape ba dumela se se tshwanang ka Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

  • Tšhate ya borararo e e bontshang ditiragalo tsa metlha ya bofelo go tloga ka 1945 go fitlha ka 1991. Soviet Union le dinaga tse di e tshegetsang ke kgosi ya bokone go fitlha ka 1991, go tswa foo Russia le dinaga tse di e tshegetsang ba nna kgosi ya bokone. Mmuso wa Maesemane le Maamerika o emela kgosi ya borwa. Boporofeti jwa borobedi: Mosi o o kueletsang wa go thunya ga bomo, o bontsha tshenyo e e bakilweng ke Mmuso wa Maesemane le Maamerika. Boporofeti jwa borobongwe: Ka 1945 Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le nna gone mo boemong jwa Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. Sebatana sa ditlhogo di le supa se tswelela go busa. Puso e e emelwang ke maoto a tshipi le letsopa e tswelela go busa. Ka 1945 go nna le baboledi ba feta 156 000. Ka 1991, go nna le baboledi ba feta 4 278 000. Ditiragalo tse di amang batho ba ga Jehofa: Go tloga ka 1945 go fitlha ka bo 1950 Basupi ba le bantsi ba kwa Soviet Union ba ne ba isiwa kwa Siberia.
    Boporofeti jwa borobedi.

    Lokwalo Dan. 8:23, 24

    Boporofeti Kgosi e e bogale e “senya ka tsela e e gakgamatsang.”

    Tiragatso Puso ya Boritane le United States e bolaile batho ba le bantsi e bile e bakile tshenyo e ntsi. Ka sekai, ka Ntwa Lefatshe ya Bobedi, United States e ile ya baka tshenyo e e seng kana ka sepe fa e ne e latlhela dibomo tse pedi tsa nuklea kwa nageng nngwe.

  • Boporofeti jwa borobongwe.

    Dikwalo Dan. 11:31; Tshen. 17:3, 7-11

    Boporofeti Sebatana se se “bohibidu jo bo letlhololo” se se nang le dinaka di le lesome se tswa mo moleteng o o se nang bolekanngo mme se nna kgosi ya borobedi. Buka ya Daniele ya re kgosi eno ya borobedi ke “selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo.”

    Tiragatso Ka Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi, Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le a fedisiwa. Morago ga ntwa, go tlhomiwa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Lekgotla leno le lone le newa tlotlomalo e e tshwanetseng go newa Bogosi Jwa Modimo. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tla tlhasela bodumedi.

  • Tšhate ya bonê e e bontshang ditiragalo tsa metlha ya bofelo go fitlha ka Haramagedona. Russia le dinaga tse di e tshegetsang e nna kgosi ya bokone. Kgosi ya borwa e emelwa ke Mmuso wa Maesemane le Maamerika. Boporofeti jwa bolesome: Babusi ba lefatshe ba goeletsa ‘kagiso le polokesego.’ Go tswa foo, pitlagano e kgolo e a simologa. Boporofeti jwa bo 11: Ditšhaba di tlhasela mekgatlho ya bodumedi. Boporofeti jwa bo 12: Dipuso tsa lefatshe di tlhasela batho ba Modimo. Batlodiwa ba ba setseng ba isiwa legodimong. Boporofeti jwa bo 13: Haramagedona. Mopalami wa pitse e tshweu o digela phenyo ya gagwe. Sebatana sa ditlhogo tse supa se a fedisiwa; setshwantsho se dirilweng ka di metale se a fedisiwa. Sebatana sa ditlhogo di le supa se tswelela go busa go fitlha ka Haramagedona. Puso e e emelwang ke tshipi e e tlhakaneng le letsopa e tswelela go busa go fitlha ka ntwa ya Haramagedona. Gompieno go na le baboledi ba feta 8 580 000. Ditiragalo tse di amang batho ba ga Jehofa: Ka 2017, Baeteledipele ba Russia ba tsenya Basupi mo kgolegelong ba bo ba tsaya dikago tsa bone tsa lekala.
    Boporofeti jwa bolesome le 11.

    Dikwalo 1 Bathes. 5:3; Tshen. 17:16

    Boporofeti Dinaga di goeletsa “kagiso le polokesego” mme “dinaka tse di lesome” le “sebatana sa naga” di tlhasela “seaka”di bo di se fedisa. Morago ga moo, dinaga di a senngwa.

    Tiragatso Dipuso di ka nna tsa re di dirile gore go nne le kagiso le polokesego mo lefatsheng. Dinaga tse di emang Ditšhaba Tse di Kopaneng nokeng di senya bodumedi jwa maaka. Seo e tla bo e le tshimologo ya pitlagano e kgolo. Pitlagano eo e tla fela fa lefatshe la ga Satane le fedisiwa ka ntwa ya Haramagedona.

  • Boporofeti jwa bo 12.

    Dikwalo Esek. 38:11, 14-17; Math. 24:31

    Boporofeti Gogo o tla mo lefatsheng la batho ba ga Jehofa. Go tswa foo, baengele ba phutha batlodiwa.

    Tiragatso Kgosi ya bokone le dipuso tse dingwe di tlhasela batho ba ga Jehofa. Nakonyana morago ga tlhaselo eno, batlodiwa ba ba setseng ba isiwa legodimong.

  • Boporofeti jwa bo 13.

    Dikwalo Esek. 38:18-23; Dan. 2:34, 35, 44, 45; Tshen. 6:2; 16:14, 16; 17:14; 19:20

    Boporofeti ‘Yo o pagameng pitse e tshweu’ o “digela phenyo ya gagwe” ka go tlhasela Gogo le masole a gagwe. “Sebatana sa naga” se piriganyediwa mo ‘bodibeng jwa molelo’ mme setshwantsho se segolo se a senngwa.

    Tiragatso Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo e bong Jesu o boloka batho ba ga Jehofa. Jesu, batlodiwa ba le 144 000 le baengele ba senya dipuso tse di tlhaselang batho ba ga Jehofa. Ka go dira jalo, ba fedisa lefatshe la ga Satane.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela