LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/15 ts. 2
  • Nna Modiredi yo o Gatelang Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Modiredi yo o Gatelang Pele
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lo Nne lo Ungwe Maungo a Mantsi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Nna Moreri yo o Gatelang Pele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Go Ipelela Kamano E Lo Atamalaneng Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Dira Barutwa ka go Rera
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
km 1/15 ts. 2

Nna Modiredi yo o Gatelang Pele

1. Ke dikai dife tse di bontshang gore re tshwanetse go nna badiredi ba ba gatelang pele?

1 Bakeresete ba tshwanetse go nna badiredi ba ba gatelang pele. Jesu o ne a thapisa balatedi ba gagwe gore ba tokafatse bokgoni jwa bone jwa go rera. (Luke 9:1-5; 10:1-11) Akhwila le Perisila le bone ba ne ba tseela Apolose kwa go bone gore ba mo ‘tlhalosetse tsela ya Modimo sentle ka botlalo.’ (Dit. 18:24-26) Paulo le ene o ne a kgothaletsa moefangele Timotheo gore a dirise se a mo rutileng sone gore botswelelopele jwa gagwe “bo bonatshege mo bathong botlhe.” (1 Tim. 4:13-15) Le fa re ka tswa re na le lobaka lo loleele re le batlhanka ba Morena ba ba rerang dikgang tse di molemo, re tshwanetse go nna re tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go rera.

2. Re ka ithuta mo bathong ba bangwe jang?

2 Ithute mo Bathong ba Bangwe: Tsela e nngwe e re ka tokafatsang bokgoni jwa rona ka yone ke go ithuta mo bathong ba bangwe. (Dia. 27:17) Ka jalo, reetsa ka tlhoafalo fa mmoledi yo o tsamayang le ene a rera. Kopa dikakantsho mo barutising ba ba atlegang mo tshimong o bo o reetse se ba go bolelelang sone. (Dia. 1:5) A ga o itse gore o ka dira jang loeto lwa go boela, go simolola thuto ya Baebele kgotsa go nna le seabe mo dikarolong tse dingwe tsa bodiredi? Kopa molebedi wa setlhopha kgotsa mmoledi yo o nang le maitemogelo gore a go thuse go dira jalo. Gape gakologelwa gore moya wa ga Jehofa le one o ka re thusa go tokafatsa bokgoni jwa rona, ka jalo o kope ka metlha ka thapelo.—Luke 11:13.

3. Re tshwanetse go itshwara jang fa re newa dikakantsho tota le fa re sa di kopa?

3 O se ka wa kgopisega fa o newa kakantsho ya gore o tokafatse sengwe, tota le fa o ne o sa e kopa. (Mor. 7:9) Fela jaaka Apolose, amogela thuso ka boikokobetso o bo o leboge. Go dira jalo go bontsha gore o botlhale.—Dia. 12:15.

4. Jesu o re naya lebaka lefe le le utlwalang la go nna bareri ba ba gatelang pele?

4 Go Gatela pele go Galaletsa Modimo: Jesu o ne a dirisa setshwantsho go kgothaletsa balatedi ba gagwe go nna badiredi ba ba gatelang pele. O ne a itshwantsha le mofine mme balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng bone a ba tshwantsha le dikala. O ne a re Rraagwe o phepafatsa kala nngwe le nngwe e e ungwang maungo “gore e tle e ungwe maungo a a oketsegileng.” (Joh. 15:2) Fela jaaka mong wa tshingwana ya mofine a eletsa gore dikala tsa mofine wa gagwe di ungwe mo go oketsegileng, Jehofa le ene o batla gore re tswelele re tokafatsa bokgoni jwa rona gore re ungwe “leungo la dipounama.” (Baheb. 13:15) Fa re nna bareri ba ba gatelang pele, re tla nna le diphelelo dife tse di itumedisang? Jesu o ne a araba jaana: “Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi.”—Joh. 15:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela