Thulaganyo ya Beke ya Ferikgong 19
BEKE E E SIMOLOLANG KA FERIKGONG 19
Pina 47 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 19 ¶1-8 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 1-4 (8 mets.)
No. 1: Baatlhodi 3:1-11 (3 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: O ka Ithuta ka Modimo Jang?—igw ts. 4 ¶1-4 (5 mets.)
No. 3: Ahitofele—Setlhogo: Jehofa o Kganela Maano a Batsietsi—it-1-E ts. 65-66, kgotsa kgatiso epe fela (5 mets.)
Pokano ya Tirelo:
Setlhogo sa Kgwedi: ‘Nna motlhanka wa Morena ka mogopolo o o ikokobeditseng thata.’—Dit. 20:19.
10 mets: A o Dirisa Lenaane la Mafoko a Baebele? Motlotlo o o theilweng mo dipotsong tse di latelang: (1) Lenaane la mafoko le le mo Baebeleng e e tlhabolotsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha [nwt-E] le ka re thusa jang fa re bala (a) Ekesodo 28:30, (b) Mathaio 16:6, le (c) 2 Petere 2:4? (2) Re ka dirisa jang lenaane la mafoko go thusa moithuti wa Baebele go tlhaloganya sentle mareo a a jaaka (a) “kgolagano,” (b) “thekololo,” le (c) “moya (soul)”? Konela ka go kgothaletsa botlhe go dirisa sedirisiwa seno.
10 mets: Go Nna Motlhanka wa Morena go Tlhoka Bopelotelele le go Tsaya Kgato. Motlotlo o o theilweng mo go Buka ya Ngwaga ya 2014, tsebe 59 serapa 1 go ya go tsebe 62 serapa 1; le tsebe 67, serapa 2. Kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba se ithutileng.
10 mets: “Nna Modiredi yo o Gatelang Pele.” Dipotso le dikarabo.
Pina 20 le Thapelo