Kgothaletsa go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha
Go simolola ka May 2011, baboledi ba ne ba kgothalediwa gore ba leke go simolola dithuto tsa Baebele ka Matlhatso wa ntlha wa kgwedi nngwe le nngwe. Go re thusa go dira jalo, go dirilwe karolo e e tlhagang ka metlha mo makasineng wa botlhe wa Tora ya Tebelo, ya setlhogo se se reng “Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele.” Ka jalo, pokano ya tirelo ya tshimo e e tshwarwang ka Matlhatso wa ntlha e tshwanetse go bontsha kafa karolo eno e ka dirisiwang ka teng go simolola dithuto tsa Baebele e bile e tshwanetse go akaretsa le pontsho ya puisano.
Bagolwane ba ka tlhopha gore setlhopha sengwe le sengwe sa tirelo ya tshimo se kopane se le sosi ka Matlhatso wa ntlha, kgotsa ba ka swetsa ka gore ditlhopha di kopanngwe gongwe le gore di kopanele kwa Holong ya Bogosi. Le fa go ntse jalo, fa Holo ya Bogosi e dirisiwa ke diphuthego di le mmalwa, ga go na phuthego epe e e tshwanetseng go sutisetsa letsatsi leno le le kgethegileng la go simolola dithuto tsa Baebele kwa letsatsing le lengwe e le fela gore ditlhopha di tshware pokano ya tirelo ya tshimo mmogo.