A o Ka Thusa Molekane Yo o Sa Dumeleng?
1. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ba mo malapeng a a kgaoganeng ka bodumedi e se bone fela ba kgatlhegelang go thusa balekane ba bone ba ba sa dumeleng go amogela boammaaruri?
1 A go na le baboledi bangwe mo phuthegong ya lona ba ba nang le balekane ba lenyalo ba ba sa dumeleng? Fa e le gore go ntse jalo, ga go na pelaelo gore baboledi bano ba eletsa gore balekane ba bone ba kopanele le bone mo kobamelong ya boammaaruri. Mme ga se bone fela ba ba eletsang jalo. Fela jaaka Modimo, phuthego yotlhe le yone e eletsa gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Re ka thusa jang balekane ba lenyalo ba ba sa dumeleng ba baboledi ba ba mo phuthegong ya rona?
2. Go nna le temogo go tla re thusa jang go thusa molekane yo o sa dumeleng?
2 Sa ntlha, re tshwanetse go leka go leba dilo ka tsela e molekane yo o sa dumeleng a di lebang ka yone. Bontsi jwa balekane ba ba sa dumeleng ba rata malapa a bone e bile ba leka go nna balekane ba ba molemo ba lenyalo le go nna batsadi ba ba molemo. Gongwe ba ineetse ka pelo yotlhe mo bodumeding jo bo farologaneng le jwa rona. Ba ka tswa ba sa itse go le kalo ka Basupi ba ga Jehofa kwantle ga se ba se boleletsweng ke batho ba ba tsalaneng le bone ba ba sa itseng Basupi e bile ba na le boikutlo jo bo sa siamang ka bone. Ba bangwe ba kgopisiwa ke go bo balekane ba bone ba dirisa nako e ba kileng ba bo ba e fetsa le ba malapa a bone go dira dilo tsa kobamelo. Go nna le temogo go tla re thusa go dirisana le molekane yo o sa dumeleng ka bopelonomi le ka tlotlo mme gape go tla re thusa gore re se ka ra tshoga go sa tlhokege fa re na le ene.—Dia. 16:20-23.
3. Ke tsela efe e e molemolemo ya go ngoka molekane yo o sa dumeleng?
3 Ba Kgatlhegele: Tsela e e molemolemo e e ka ngokelang molekane yo o sa dumeleng mo boammaaruring, segolobogolo kwa tshimologong, e ka nna ka ditiro tsa rona, e seng ka go nna le motlotlo wa Baebele le bone. (1 Pet. 3:1, 2) Selo sa botlhokwa mo ntlheng eno ke go ba bontsha gore re a ba kgatlhegela. Bokgaitsadi mo phuthegong ba ka bontsha mosadi yo o sa dumeleng kgatlhego mme bakaulengwe le bone ba ka dira se se tshwanang ka monna yo o sa dumeleng. Ba ka dira seo jang?
4. Re ka bontsha jang gore re kgatlhegela molekane yo o sa dumeleng?
4 Fa e le gore ga o ise o kopane le molekane yo o sa dumeleng, gongwe o ka dira jalo morago ga go tlotla ka kgang eo le molekane wa gagwe wa Mokeresete. O se ka wa kgobega marapo fa kwa tshimologong molekane yo o sa dumeleng a sa tsibogele sentle kgatlhego e re e mmontshang. Go nna botsalano ga rona le go mo kgatlhegela go ka dira gore a lebe Basupi ba ga Jehofa ka tsela e e siameng. (Bar. 12:20) Bakeresete bangwe ba ba godileng semoyeng ba ile ba laletsa molekane yo o sa dumeleng le lelapa la gagwe go ya go ja dijo tsa maitseboa le bone ka boikaelelo jwa gore ba mo itse botoka le go fedisa boikutlo bope fela jo bo sa siamang jo a ka tswang a na le jone. Ba ile ba bua ka dilo tse a di kgatlhegelang go na le gore ba pateletse motlotlo gore o nne wa dilo tsa semoya. Moragonyana, fa molekane yo o sa dumeleng a ikutlwa a phuthologile, go ka nna motlhofo gore re tlotle le ene ka Dikwalo. Kgotsa a ka amogela taletso ya go ya kwa go nngwe ya dipokano tsa rona gore a bone se mosadi wa gagwe a se ithutang, segolobogolo e re ka a setse a itse bangwe mo phuthegong. Tota le fa a ise a batle go sekaseka boammaaruri, a ka akgolelwa go bo a tshegetsa molekane wa gagwe yo o dumelang.
5. Bagolwane ba ka thusa jang molekane yo o sa dumeleng?
5 Bagolwane ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go leka go thusa balekane ba ba sa dumeleng le go nna ba ntshitse matlho dinameng go bona ditshono tsa go ba neela bosupi. Molekane yo o sa dumeleng yo o neng a sa batle go nna le motlotlo wa Baebele a ka nna a reetsa kgothatso ya Dikwalo, fa a le kwa bookelong kgotsa a na le mathata a a masisi a botsogo. Fa lelapa le le kgaoganeng ka bodumedi le na le mathata a a jaaka go tlhokafalelwa ke mongwe wa lelapa, bagolwane ba ka nna ba kopa molekane yo o sa dumeleng gore a nne teng fa ba gomotsa ba lelapa.
6. Re na le mabaka afe a go thusa balekane ba ba sa dumeleng?
6 Akanya ka boitumelo jo Mokeresete mo phuthegong ya rona a ka nnang le jone fa molekane wa gagwe a amogela boammaaruri! Gape tiragalo eno e e itumedisang e ka tlisa boitumelo jo bogolo mo go Jehofa, mo baengeleng le mo phuthegong yotlhe. (Luke 15:7, 10) Le fa go ntse jalo, fa kwa tshimologong molekane yo o sa dumeleng a sa arabele sentle, re sa ntse re ka itumelela gore maiteko a rona a a sa kgaotseng a itumedisa Jehofa, yo o ‘sa eletseng gore ope a senngwe mme a eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.’—2 Pet. 3:9.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]
Tsela e e molemolemo e e ka ngokelang molekane yo o sa dumeleng mo boammaaruring, segolobogolo kwa tshimologong, e ka nna ka ditiro tsa rona, e seng ka go nna le motlotlo wa Baebele