Thulaganyo ya Beke ya November 29
BEKE E E SIMOLOLANG KA NOVEMBER 29
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 6-9
No. 1: 2 Ditiragalo 6:12-21
No. 2: Ke Eng fa Basupi ba ga Jehofa ba Bogisiwa? (rs ts. 60 ¶1-2)
No. 3: Ditsela Tse ka Tsone re ka Nnang re ‘Fenya Bosula ka Molemo’ (Bar. 12:21)
□ Pokano ya Tirelo:
5 mets: Dikitsiso.
10 mets: “Go Rapela le go Tlhatlhanya—Go Botlhokwa mo Badireding ba ba Tlhagafetseng.” Dipotso le dikarabo. Kopa bareetsi gore ba akgele gore ba tlhatlhanya leng.
10 mets: ‘Mma re Iseng Tshupelo ya ga Jehofa.’ Puo e e neelwang ke mogolwane e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 15, 2010, tsebe 20-21.
10 mets: Ipaakanyetse go Aba Dimakasine ka December. Motlotlo. Dirisa motsotso o le mongwe kgotsa e le mebedi go sekaseka diteng tsa dimakasine. Go tswa foo, tlhopha ditlhogo di le pedi kgotsa di le tharo mme o bo o kopa bareetsi go akantsha dipotso le ditemana tse ba ka di dirisang mo puisanong. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.