‘Neela Moya wa Gago’ Baithuti ba Gago
1. Go tlhokega eng go thusa moithuti wa Baebele?
1 Gore o thuse moithuti wa Baebele go fitlha a ineela, go tlhokega se se fetang fela go mo tshwarela thuto ya Baebele ya ka metlha. Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha kamano ya gagwe le batho ba a neng a ba ruta le ya mmè yo o amusang yo o ngomaelang bana ba gagwe. Le rona re itumelela go ‘neela meya ya rona’ go thusa baithuti ba rona gore ba gole semoyeng.—1 Bathes. 2:7-9.
2. Ke eng fa re tshwanetse go bontsha gore re kgatlhegela moithuti ka namana mme re ka dira seo jang?
2 Mo Kgatlhegele ka Namana: Fa moithuti wa Baebele a ntse a dirisa se a se ithutang, segakolodi sa gagwe se tla mo tlhotlheletsa gore a tlogele go tlhola a tsalana le batho ba ba sa tsamaisaneng le melaometheo ya Baebele. (1 Pet. 4:4) Ba lelapa la gaabo ba ka nna ba mo latlha. (Math. 10:34-36) Re ka thusa go mo gomotsa ka go mo kgatlhegela ka namana. Morongwa mongwe yo o nang le maitemogelo o akantsha jaana: “O se ka wa itlhaganelela go tsamaya fa o feditse go tshwara thuto. Fa go tshwanela, nna nakwana mme lo tlotle go sekaenyana.” Ntsha matlho dinameng gore o neye moithuti thuso e a e tlhokang. Ka sekai, a o ka mo leletsa mogala kgotsa wa mo etela fa a lwala? A o ka kgona go nna le moithuti wa gago kwa dipokanong mme o mo thuse ka bana fa go tshwanela?
3. Re ka thusa jang moithuti wa rona gore a kgothadiwe ke phuthego?
3 Thuso e e Tswang mo Phuthegong: Fa o le mo bodireding gaufi le mo moithuti wa gago a nnang gone, ke eng o sa mo etele ka bokhutshwane mme o mo itsise mo bathong ba o tsamayang le bone mo tshimong? Fa go kgonega, nako le nako laletsa baboledi ba ba farologaneng go akaretsa le bagolwane go tsamaya le wena fa o ya go tshwara thuto. Mme gape, ka bonako fa o sena go simolola thuto, kgothaletsa moithuti wa Baebele gore a nne teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Seno se tla dira gore a kgone go itumelela botsalano jo bo agang jwa maloko a phuthego a e tla nnang ba lelapa la gagwe la semoya.—Mar. 10:29, 30; Baheb. 10:24, 25.
4. Go tlhoafala ga rona go ka duelwa jang?
4 Motsadi yo o thusang bana ba gagwe semoyeng a sa lape o itumela thata fa ba emela Jehofa le go tsamaya mo boammaaruring. (3 Joh. 4) Le rona re ka nna le boitumelo jo bo ntseng jalo fa re neela meya ya rona go thusa baithuti ba rona ba Baebele.