Thulaganyo ya Beke ya December 28
BEKE E E SIMOLOLANG KA DECEMBER 28
Pina 84
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
lv kgao. 14 ¶15-19, lebokoso le le mo ts. 167
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Joshua 12-15
Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
□ Pokano ya Tirelo:
Pina 35
5 mets: Dikitsiso.
10 mets: Kafa o ka Tsibogang ka Gone. Motlotlo le bareetsi malebana le dikganetsano tse di tlwaelegileng mo tshimong ya lona. Dira gore go dirwe pontsho e khutshwane go dirisiwa nngwe ya dikganetsano tseno tse di tlwaelegileng. (Bona buka ya Go Fetolana tsebe 68-72.)
10 mets: Go Simolola Dithuto Tsa Baebele. Itsise letlha le le latelang le ka lone go tla buelelwang dithuto tsa Baebele ka lone. Go fitlheletswe eng mo tshimong ya lona fa go ne go buelelwa dithuto tsa Baebele? Kopa mmulatsela kgotsa mmoledi gore a tlhalose kgotsa a dire pontsho ya puisano e e ileng ya itshupa e na le matswela mo tshimong ya lona.
10 mets: Kgatiso e e tsamaisiwang ka January. Sekaseka ditlhogo tsa kgatiso e e tsamaisiwang ka bokhutshwane. Buisana le mmoledi mongwe ka ditsela tse seo se ka dirisiwang ka teng go simolola thuto ya Baebele ka kgatiso e e tsamaisiwang ka kgwedi eo fa o rera o se mo bodireding. Kgothaletsa botlhe go ipeela mokgele wa go simolola thuto ya Baebele mo kgweding eno.
Pina 193