LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/09 ts. 3
  • Somarela Dikgatiso Tsa Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Somarela Dikgatiso Tsa Rona
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisa ka Botlhale Dikgatiso Tsa Rona Tse di Theilweng mo Baebeleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Go Dirisa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Tsela E E Mosola
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Di Diriseng Go na Le Gore di Bolokiwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Iphe Nako ya go Tsamaisa Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 5/09 ts. 3

Somarela Dikgatiso Tsa Rona

1. Re ka etsa jang sekao sa ga Jesu sa go anaanela dilo tse Jehofa a di re nayang?

1 Fa Jesu a sena go fepa boidiidi jo bogolo, o ne a rulaganya gore dijo tse di setseng di bolokiwe. (Math. 14:19-21) Go anaanela dilo tse Jehofa a re nayang tsone ka tsela e e ntseng jalo ke sekao se se molemo mo go rona sa gore ‘re itshupe re na le tebogo’ ka go somarela sengwe le sengwe se Jehofa a se re nayang ka “molebedi yo o boikanyego.”—Bakol. 3:15; Luke 12:42; Math. 24:45-47.

2. Re ka dira jang gore dimakasine di se ka tsa koelana?

2 Dimakasine: Dimakasine di ka koelana motlhofo. Fa ka metlha re nna le dimakasine tse di salang, re tshwanetse go fokotsa palo ya tse re di kopang. Go tweng ka dimakasine tse di setseng di fetilweng ke nako go se kae? Dimakasine tseno di sa ntse di le botlhokwa le fa e le tsa bogologolo. Fa re na le dimakasine tsa bogologolo tse di koelaneng, gongwe molebedi wa tirelo kgotsa mogolwane mongwe a ka re thusa go bona ditsela tse di molemo tsa go di tsamaisa.

3, 4. Ke dintlha dife tse re tshwanetseng go di gakologelwa fa re tsaya dikgatiso kwa Holong ya Bogosi?

3 Dikgatiso Tse Dingwe: Fa kgatiso e e tsamaisiwang e fetolwa mme go tsamaisiwa e nngwe, sekaseka pele gore a o setse o na le dikhopi tse o ka di tsamaisang kwa gae pele ga o tsaya dikgatiso tse dingwe kwa Holong ya Bogosi. Ela tlhoko gore o tseye fela dikhopi tse o tla di tlhokang mo bekeng eo mme o boele kwa khaontareng ya dibuka fa o sena go tsamaisa tse o nang le tsone.

4 Mme fa go tla mo dikgatisong tse rona re di dirisang, kopa fela tse o di tlhokang. Kwala leina la gago mo lefelong le le diretsweng go kwala maina. Seo se tla go thusa fa khopi ya gago e latlhega. Fa e le gore o dirisa Watchtower Library ya CD-ROM mme o bolokile dikhopi tsa dimakasine tse o di dirisang, o ka nna wa bona go sa tlhokege go kopa dikhopi tse o tla di dirisang tsa dibolumo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

5. Ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa fa re tsamaisa dikgatiso tsa rona?

5 Go Tsamaisa Dikgatiso: Re leka go tsamaisa dikgatiso tsa rona fela mo bathong ba ba bontshang kgatlhego tota. Gakologelwa gore ke rona thatathata re nang le boikarabelo jwa go duelela ditshenyegelo tsa didirisiwa tseno tse di botlhokwa mo bodireding jwa rona. Fa re tsamaisetsa batho ba ba kgatlhegang dikgatiso tsa rona, re se ka ra etsaetsega go ba bolelela gore ba na le tshiamelo ya go ka tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe ka meneelo ya bone.

6. Ke ka ntlha yang fa re anaanela dikgatiso tsa rona thata jaana mme seno se tla re tlhotlheletsa go dira eng ka tsone?

6 Jesu o ne a tlamela batho ka tsela ya kgakgamatso ka dijo tsa mmatota mme gantsi o ne a fepa batho ka dijo tsa semoya. Jesu o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Math. 4:4) Dikgatiso tsa rona di ruta boammaaruri jwa Baebele jo bo botlhokwa jo bo ka thusang motho go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Joh. 17:3) Di botlhokwa thata gore di ka senngwa!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela