Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka October 13
Pina 174
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Tlhalosa dithulaganyo tsa phuthego ya lona tsa letsholo la go aba pampitshana le le simololang ka October 20, mme o kgothaletse botlhe ba ba iseng ba tseye dipampitshana tsa bone gore ba di tseye. Bontsha ka bokhutshwane kafa dipuisano tse di akantshitsweng tsa go tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo ya October 1 le Tsogang! ya October tse di mo tsebeng ya 8 di ka dirisiwang ka teng. E re ka baboledi ba le bantsi ba setse ba tsamaisitse dimakasine tseno mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng, kopa bareetsi gore ba anele maitemogelo a ba nnileng le one.
35 mets: “Thulaganyo e Ntšha ya Pokano ya Phuthego.”a Fa nako e letla, bala ditemana tse di umakilweng mme o kope bareetsi gore ba akgele ka tsone.
Pina 216
Beke e e Simololang ka October 20
Pina 113
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
20 mets: Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2009. Molebedi wa sekolo o tlotla le bareetsi ka pokano e ntšha ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo fela jaaka e tlhalositswe mo go “Ditaelo” tse di mo tsenyeletsong ya Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Ela tlhoko diphetogo tse di dirilweng. Kgothaletsa botlhe gore ba dire ka natla fa ba neela dikabelo, ba baakanyetsa dikakgelo tsa dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele, le fa ba dirisa dikakgelo tse di neelwang beke le beke ke molebedi wa sekolo tse di theilweng mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.
20 mets: Ipaakanyetse go aba Tora ya Tebelo ya November 1 le Tsogang! ya November. Fa o sena go sobokanya ka bokhutshwane dintlha tsa dimakasine tseno, botsa bareetsi gore ke ditlhogo dife tse batho ba tshimo ya lona ba tla di kgatlhegelang thata. Dira gore ba tlhalose gore ka ntlha yang. Kopa bareetsi go ntsha kakantsho ya potso e ba ikaelelang go e dirisa go simolola motlotlo le temana e e tswang mo setlhogong seo e ba ka e dirisang pele ba tsamaisa dimakasine tseno. Sebui se konela ka gore go dirwe dipontsho tsa kafa nngwe le nngwe ya dimakasine tseno e ka tsamaisiwang ka teng go dirisiwa dikakantsho tse di mo tsebeng 8 kgotsa kakantsho nngwe e e ka tshwanelang batho ba tshimo ya lona.
Pina 148
Beke e e Simololang ka October 27
Pina 30
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa October.
15 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.
25 mets: “Motlha Wa go Ja Dijo Tsa Semoya le go Itumela” go tswa mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 2008.b E neelwe ke mokwaledi wa phuthego. Umaka kopano ya kgaolo e phuthego ya lona e e abetsweng. Boeletsa dintlha tse di mo lebokosong la “Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo.”
Pina 142
Beke e e Simololang ka November 3
Pina 100
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.
15 mets: Tokafatsa ‘Botswerere Jwa Gago Jwa go Ruta.’ Molebedi wa tirelo kgotsa mogolwane mongwe yo o tshwanelegang o tlhalosa le go akgela ka dintlha di le tlhano tsa botlhokwa tse di malebana le go ruta ka tsela e e nang le matswela tse di tlhalosiwang mo dirapeng 5-18 tse di mo tsebe 9-12 ya makasine wa Tora ya Tebelo ya January 15, 2008. Botsolotsa mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba akanyang gore tshedimosetso eno e ba thusitse go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go ruta.
25 mets: “Go Ithuta Baebele o le Nosi le Jaaka Lelapa go Botlhokwa.”c Fa nako e letla, bala ditemana tse di umakilweng mme o kope bareetsi gore ba akgele ka tsone.
Pina 91
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.