Go Gopola Thekololo ka Kanaanelo
1, 2. Ke mabaka afe a a tshwanetseng go dira gore re gopole thekololo ka kanaanelo?
1 Bakeresete mo lefatsheng lotlhe ba tla ikobela taelo ya ga Jesu ka go kopana mmogo go gopola loso lwa ga Jesu Keresete ka Matlhatso, March 22, 2008 fa letsatsi le sena go phirima. (Luke 22:19; 1 Bakor. 11:23-26) Re tlhotlheletsega go dira jalo ka ntlha ya go anaanela thata dilo tsotlhe tse di neng tsa dirwa mo letsatsing leo, dingwaga di le 1 975 tse di fetileng. Jesu o ne a itshepisa leina la ga Rraagwe ka go ikanyega ka botlalo fa a ne a bolawa setlhogo mo koteng ya tlhokofatso, ka go dira jalo a thusa go araba dilo tse Satane a kgobang Modimo ka tsone.—Jobe 1:11; Dia. 27:11.
2 Madi a ga Jesu a a tsholotsweng a ne a dira gore kgolagano e ntšha e simolole go dira, e leng se se neng sa thusa batho ba ba sa itekanelang go dirwa barwa ba Modimo ka tsholofelo ya go busa le Keresete mo Bogosing jwa gagwe jwa kwa legodimong. (Jer. 31:31-34; Mar. 14:24) Mo godimo ga moo, Modimo o ne a bontsha sentle lorato lo logolo lo a ratang batho ka lone fa a ne a letla gore Morwawe yo a mo ratang thata a nne setlhabelo, fela jaaka ene Jesu a ile a tlhalosetsa Nikodemase.—Joh. 3:16.
3. Batho ba ba tla tlang Segopotsong ba tla solegelwa molemo jang?
3 Laletsa ba Bangwe: Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January e ne ya akantsha gore re itirele lenaane la batho ba re ba tlwaetseng ba re ka ratang go ba laletsa. A o setse o simolotse go laletsa batho ba o ba kwadileng mo lenaaneng leo? A o dira dithulaganyo tsa go nna le seabe ka botlalo mo letsholong le le tla simololang ka March 1 la go laletsa batho go tla Segopotsong? Batho ba ba tla nnang gone ba tla kgona go utlwa tshedimosetso ya Dikwalo e e tla dirang gore ba nne le tumelo mo thekololong, mme seo se tla dira gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.—Bar. 10:17.
4. Ke eng fa re tshwanetse go goroga go sa le gale kwa Segopotsong?
4 Botlhe ba ba ka kgonang ba tshwanetse go rulaganya go goroga go sa le gale gore ba tle ba amogele ka diatla tsoopedi batho ba ba tla nnang gone. E re ka palo ya ba ba nnang gone mo Segopotsong e le kgolo thata, go botlhokwa gore re tlhokomele thata batho ba basha le ba bangwe ba gangwe le gape ba nnang gone mo dipokanong.
5. O ka etleetsa pelo ya gago jang go ipaakanyetsa tiragalo eno?
5 Etleetsa Pelo ya Gago: Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2008 le Khalendara ya 2008 di na le thulaganyo ya mmalo o o kgethegileng wa Baebele wa Segopotso o o simololang ka March 17. Go sekaseka ditiragalo tse di botlhokwa tse di diregileng mo malatsing a bofelo a botshelo jwa ga Jesu fa a le mo lefatsheng go tla go thusa go etleetsa pelo ya gago go ipaakanyetsa Segopotso. (Esera 7:10) Go tlhatlhanya ka thapelo ka dipego tseno tsa Baebele go tla godisa kanaanelo ya gago ka lorato lo Jehofa le Morwawe ba re bontshitseng lone ka go re abela thekololo.—Pes. 143:5.
6. Go godisa kanaanelo ya rona ka thekololo go tla re solegela molemo jang?
6 Fa Segopotso se ntse se atamela, e kete re ka ipaakanyetsa tiragalo eno e e botlhokwa le go thusa ba bangwe gore le bone ba e ipaakanyetse. Go gopola thekololo ka kanaanelo go tla nonotsha kamano ya rona le Jehofa le Morwawe. (2 Bakor. 5:14, 15) Gape go tla re tlhotlheletsa go ba etsa ka go bontsha batho ba bangwe lorato lwa go intsha setlhabelo.—1 Joh. 4:11.