LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/08 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka February 11
  • Beke e e Simololang ka February 18
  • Beke e e Simololang ka February 25
  • Beke e e Simololang ka March 3
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 2/08 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka February 11

Pina 168

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya February 1 le Tsogang! ya February.

15 mets: A o Ka Direla Kwa go Tlhokegang Badiri Gone? Puo le motlotlo le bareetsi e e theilweng mo go Tora ya Tebelo ya July 15, 2003 tsebe 20. Akaretsa le dikakgelo tse di mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe, tsebe 111 serapa 1 go ya go tsebe 112 serapa 1. Ka bokhutshwane botsolotsa bape fela ba ba fudugetseng kwa go tlhokegang badiri gone. Ba ne ba lebana le dikgwetlho dife mme ba ne ba di fenya jang? Ke masego afe a ba nnileng le one?

20 mets: Thusa ba Basha go Nna Badiredi ba ba Gatelang Pele. Morago ga matseno a a sa feteng motsotso, tshwara puisano ya dipotso le dikarabo ka Tora ya Tebelo ya December 1, 2005 tsebe 31 o dirisa dipotso tse di mo setlhogong se se ithutiwang. Fa lo sena go sekaseka serapa 18, dira gore go dirwe pontsho e e bontshang mong wa ntlo a ganetsa mmoledi yo mosha yo o tsamayang le mmoledi yo o nang le maitemogelo. Tsela e mmoledi yo mosha a arabang ka yone ga e atlege mme mong wa ntlo o kgaotsa motlotlo. Fa ba tswa mo ntlong eo, mmoledi yo o nang le maitemogelo o akgola yo mosha ka lorato ka maiteko a a dirileng, mme go tswa foo o mmontsha kafa a ka dirisang buka ya Go Fetolana ka gone mo nakong e e tlang go araba ba ba kgaotsang motlotlo.

Pina 50

Beke e e Simololang ka February 18

Pina 17

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Umaka dikitsiso tse o di tlhophileng mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.

10 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.

25 mets: “Bosupi Jwa Tumelo e e Nonofileng!”a E neelwe ke molebedi wa tirelo. Konela ka go boeletsa ka tsela e e kgothatsang se phuthego e se fitlheletseng mo ngwageng o o fetileng wa tirelo.

Pina 194

Beke e e Simololang ka February 25

Pina 81

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Gopotsa baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa February. Bala pego ya diakhaonto le makwalo a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Dira gore go dirwe pontsho e e bontshang kafa taletso ya Segopotso e ka dirisiwang ka gone go laletsa wa losika kgotsa moagelani.

20 mets: “Go Gopola Thekololo ka Kanaanelo.”b Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka dikwalo tse di umakilweng.

15 mets: Ipaakanyetse go Aba Dimakasine Tsa Bosheng. Motlotlo le bareetsi. Fa o sena go sobokanya ka bokhutshwane dintlha tsa Tora ya Tebelo ya March 1 le Tsogang! ya March, botsa bareetsi gore ke ditlhogo dife tse batho ba tshimo ya lona ba ka di kgatlhegelang thata le gore ka ntlha yang. Kopa bareetsi go umaka dintlha tse di rileng mo ditlhogong tseno tse ba ikaelelang go di dirisa. O ka botsa potso efe go simolola motlotlo? O ka bala temana efe mo setlhogong seo? Dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa Tora ya Tebelo ya March 1 le Tsogang! ya March di ka tsamaisiwang ka teng go dirisiwa dikakantsho tse di mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.

Pina 119

Beke e e Simololang ka March 3

Pina 223

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Boeletsa dintlha tsa konokono tse di mo lebokosong la “Dikgakololo Malebana le Segopotso.”

20 mets: A o ka Simolola Thuto ya Baebele ka March? Motlotlo le bareetsi. Ka March re tla tsamaisa buka ya Baebele e Ruta Eng? ka boikaelelo jwa go simolola dithuto tsa Baebele. Sekaseka dintlha dingwe tse di kgatlhang thata tsa buka eno. Tlhalosa kafa re ka e buelelang ka teng fa re boela kwa mothong yo o bontshitseng kgatlhego fa a ne a newa taletso ya Segopotso, fa re boela kwa mothong yo re mo tsamaiseditseng makasine, le fa re e tsamaisa mo bodireding jwa ntlo le ntlo morago ga March 22. (Bona km-TN 3/06 ts. 1, ser. 3; ts. 3-6; km-TN 8/07 ts. 3) Dira gore go dirwe pontsho e le nngwe kgotsa tse pedi ka nngwe ya dipuisano tseo.

15 mets: Dirisa Baebele fa o Araba Dipotso. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi tsebe 143-4. Akaretsa le pontsho e khutshwane e mo go yone mmoledi a bodiwang potso e gantsi batho ba ratang go e botsa mo tshimong ya lona mme a bo a dirisa Baebele go e araba.

Pina 145

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela