LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/07 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka April 9
  • Beke e e Simololang ka April 16
  • Beke e e Simololang ka April 23
  • Beke e e Simololang ka April 30
  • Beke e e Simololang ka May 7
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 4/07 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka April 9

Pina 201

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Kgothaletsa botlhe go lebelela DVD ya setlhogo se se reng Young People Ask—What Will I Do With My Life? gore ba ipaakanyetse fa e tla bo e tlotlwa mo bekeng e e latelang mo Pokanong ya Tirelo. Tlhalosa lebokoso le le reng “Main Menu,” mme o tlhalose kafa DVD eno e ka tshamekiwang ka gone. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya April 15 le Tsogang! ya April di ka tsamaisiwa jang. Mo go nngwe ya dipontsho, bontsha mmoledi a dirisa kakantsho nngwe mo serapeng sa 3 mo tsebeng ya 3 mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi go botsa potso e a tla e arabang mo loetong lwa go boela.

15 mets: “Maloko Otlhe a Phuthego a ka Nna le Seabe mo go Direng Barutwa ba Basha.”a Fa lo tlotla ka serapa 4, kopa bareetsi go akgela kafa maloko a phuthego a ba kgothaditseng ka gone pele ga ba kolobediwa. O ka nna wa rulaganya go sa le gale gore mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba akgele.

20 mets: “Kafa o ka Dirang ka Gone Gore Batho Ba o Ba Tsamaiseditseng Dimakasine e Nne Dithuto Tsa Baebele.”b Akaretsa le pontsho e khutshwane ya nngwe ya dikakantsho tse di mo serapeng sa 2. Gakolola baboledi gore thuto ya Baebele e ka begwa fa e tshwerwe makgetlho a le mabedi fa motho a sena go bontshiwa gore thuto e tshwarwa jang e bile fa o akanya gore thuto eo e tla tswelela pele.

Pina 43 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 16

Pina 161

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

15 mets: “Bua Lefoko la Modimo ka go Tlhoka Poifo.”c Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka ditemana tse di umakilweng.

20 mets: “O Tla Dira Eng ka Botshelo Jwa Gago?”—Karolo 1.d Morago ga dikakgelo tse dikhutshwane mo serapeng sa 1-2, botsa potso nngwe le nngwe mo serapeng sa 3-4. Fa o botsa potso 4 mo serapeng sa 3, bala ditemana tseo ka bobedi. Kwa bofelong, tlotla ka lebokoso le le reng “Main Menu.” Kgothaletsa mongwe le mongwe go lebelela “Interviews” le “Supplementary Material” mo DVD go ipaakanyetsa motlotlo wa beke e e latelang mo Pokanong ya Tirelo.

Pina 207 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 23

Pina 215

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya May 1 le Tsogang! ya May di ka tsamaisiwa jang.

10 mets: Bona! Lesedi le Molemo! Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 15, 2007, tsebe 12-14.

25 mets: “O Tla Dira Eng ka Botshelo Jwa Gago?”—Karolo 2.e Botsa potso nngwe le nngwe mo serapeng sa 5-7. Konela ka go bua ka tsela e e ikuelang mo serapeng sa 8.

Pina 172 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 30

Pina 186

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo tsa April.

20 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.

15 mets: Nka Rerela Jang Bana ba ke Tsenang Sekolo le Bone? Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tsogang! ya April 8, 2002, tsebe 14-16 [March 22, 2002, tsebe 10-12, ka Seesemane]. Kopa bareetsi go bolela maitemogelo a ba nnileng le one fa ba rerela bana ba ba tsenang sekolo le bone.

Pina 44 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 7

Pina 164

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego.

15 mets: Dithulaganyo Tsa Mafelo a Kobamelo. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo kgaolong ya 11 ya Re Rulaganyeditswe Go Dira Thato ya ga Jehofa.

20 mets: “Fa Batho ba Seyo mo Gae.”f E neelwe ke molebedi wa tirelo.

Pina 178 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

e Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

f Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela