A o Na le Tshimo ya Gago ka Namana?
1. Tshimo ya gago ka namana ke eng?
1 Tshimo ya gago ka namana ke tshimo e o e abetsweng. E ka ne e le tshimo e e mo lefelong le le gaufi le o ka kgonang go le fitlhelela ka bonako le o ka rerang mo go lone o le nosi kgotsa le mmoledi yo mongwe. Le fa go le mosola go tshegetsa dithulaganyo tsa phuthego tsa go neela bosupi ka setlhopha fa go kgonega, go nna le tshimo ya gago ka namana e o e berekang ka dinako tse dingwe go ka go thusa go neela bosupi ka botlalo, segolobogolo mo diphuthegong tse di nang le tshimo e kgolo.—Dit. 10:42.
2. Melemo mengwe ya go nna le tshimo ya gago ka namana ke efe?
2 Melemo: Bangwe ba bone melemo e megolo ka ntlha ya go rera mo tshimong ya bone gaufi le lefelo le ba berekang mo go lone ka nako ya dijo tsa motshegare kgotsa ka bonako morago ga tiro. Ba bangwe ba ile ba itumelela go bereka le ba lelapa mo tikologong ya bone ka ura kgotsa go feta pele ga Thuto ya Buka ya Phuthego. Ka ntlha ya seo, maeto a go boela le dithuto tsa Baebele tse o tla nnang le tsone di tla bo di le mo lefelong le le gaufi, mme seno se tla dira gore o boloke nako le go fokotsa ditshenyegelo. Ka gonne dilo di le dintsi di ka dirwa mo lobakeng lo lo khutshwane, go nna le tshimo ya gago ka namana go ka thusa bangwe go tsaya bobulatsela jo bo thusang nako le nako kgotsa go nna babulatsela ba ka metlha. Mo godimo ga moo, go bereka tshimo ya gago ka namana le go tlwaelana le beng ba matlo go ka dira gore ba re tshepe, re ka fetofetola dipuisano tsa rona gore di bue ka dilo tse di ba amang, mme seno se tla dira gore bodiredi jwa rona bo nne le matswela.
3. Boitemogelo jwa mmulatsela mongwe yo o neng a nna le tshimo ya gagwe ka namana ke bofe?
3 Mmulatsela mongwe yo o neng a kgothadiwa ke molebedi wa potologo go nna le tshimo ya gagwe ka namana a re: “Ke ne ka amogela kgakololo eno mme ka bonako ka tlwaelana sentle le beng ba matlo mo tshimong ya me. Ke ne ka fetola dinako tse ke neng ke ba etela ka tsone go re di dumalane le tsa bone. Ka ntlha ya seo, maeto a me a go boela a ne a oketsega go tloga go 35 go feta a le 80 ka kgwedi, mme ke na le dithuto tsa Baebele di le supa.”
4. Motho a ka kopa jang tshimo ya gagwe ka namana mme gone a ka e bereka jang?
4 Kafa o ka Kopang Tshimo ya Gago ka Gone: Fa o batla go kopa tshimo ya gago ka namana, buisana le motlhanka wa tshimo. Ikutlwe o gololesegile go kopa mmoledi yo mongwe go bereka le wena, mme o kwale matlo a a se nang batho. O tshwanetse go leka go fetsa tshimo eo ka dikgwedi di le nnè. Fa o sa kgone go dira jalo, o ka nna wa kopa molebedi wa Thuto ya Buka ya Phuthego kgotsa batho ba bangwe go go thusa. Kwa bofelong jwa dikgwedi di le nnè, o ka nna wa busa karata ya tshimo e o feditseng go e bereka kgotsa o ka nna wa kopa go e bereka gape. Le fa go ntse jalo, ga o a tshwanela go bereka tshimo e le nngwe go ya go ile, o tshwanetse go e busa gore ba bangwe le bone ba kgone go e kopa. Fa o le mo phuthegong e tshimo ya yone e leng nnye mme go sa kgonege gore o nne le tshimo ya gago ka namana, gongwe o ka nna wa kopa karolo nngwe ya tshimo mo molebeding wa gago wa thuto ya buka.
5. Go tlhokega eng gore re diragatse thomo ya rona ya go rera?
5 Thomo ya rona ya go rera “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni” ke tiro e e boima. (Math. 24:14) E tlhoka gore dilo di rulaganngwe sentle. Mo godimo ga go neela bosupi ka setlhopha, go rera mo tshimong ya motho ka namana go ka re thusa go fitlhelela batho ba le bantsi ka mo go kgonegang ka gone ka dikgang tse di molemo.