Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. January: Buka epe fela ya bogologolo, go akaretsa le buka ya Kitso, e phuthego e ka tswang e na le yone mo setokong. Fa e le gore ga lo na dipe tsa dibuka tseo mo setokong, tsweetswee tlholang gore a diphuthego tse di gaufi gore a di na le dingwe tsa dibuka tsa bogologolo tse lo ka di dirisang. Diphuthego tse di se nang dibuka tsa bogologolo di ka nna tsa tsamaisa boroutšhara jwa Nnang lo Disitse! February: Atamalana le Jehofa. March: Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ Tsweetswee elang tlhoko gore Segopotso sa ngwaga wa 2008 se tla nna ka Matlhatso, March 22, fa letsatsi le sena go phirima. Kitsiso eno e dirwa go sa le gale jaana gore bakaulengwe ba tle ba kgone go dira dithulaganyo tse di tlhokegang kgotsa gore ba hire diholo tse dingwe fa go na le diphuthego di le mmalwa tse di dirisang Holo e le nngwe fela ya Bogosi. Mo maemong a a ntseng jalo, bagolwane ba tshwanetse go dumalana le batsamaisi ba lefelo leo go tlhomamisa gore go tla bo go se na ditiro tse dingwe tse di itayang tsebe tse di tla bong di dirwa mo kagong e ba e hirileng. E re ka Segopotso e le tiragalo e e botlhokwa thata, setlhopha sa bagolwane se tshwanetse go tlhopha mogolwane yo o tshwanelegang thata gore e nne ene a neelang puo go na le gore ba neele puo ya segopotso ka go refosana kgotsa go dirisa mokaulengwe a le mongwe fela ngwaga le ngwaga. Le fa go ntse jalo, fa e le gore go na le mogolwane wa motlodiwa yo o ka kgonang go neela puo, go tshwanetse ga tlhophiwa ene.
◼ Tora ya Tebelo ya October 15, 2006, e na le setlhogo se se reng “Manyalo a a Tlotlegang mo Matlhong a Modimo le a Batho.” Serapa sa 14 se akgela ka thulaganyo ya lenyalo e e dirwang mo mafelong mangwe a naga eno le mo dinageng tse di gaufi. Tsweetswee kwala mela eno e e latelang mo bofelong jwa serapa sa 14 mo makasineng wa gago:
“Fa banyalani ba Bakeresete ba ba nyalaneng semolao ka lenyalo la setso moragonyana ba tlhopha gore gape ba ye go nyalana kwa ga magiseterata kwa ofising ya setšhaba (e seng kwa Holong ya Bogosi), eo e tla bo e le tshwetso ya bone. Kgato eo ya bobedi ya semolao ga e dire gore lenyalo la bone le nne kafa molaong go feta pele. Ka jalo go tla bo go sa tlhokege gore jaanong go rulaganngwe puo ya lenyalo kgotsa moletlo.”
◼ Fa lo romela makwalo ape kwa ofising ya lekala, tsweetswee kwalang leina la phuthego ya lona, nomore ya yone le nomore ya depo kgotsa aterese ya lona ya poso mo makwalong ao otlhe. Seno se tla re thusa thata gore re kgone go romela makwalo otlhe kwa mafapheng a a tshwanetseng go ya kwa go one ka bonako jo go ka kgonegang. Batho ba ba kwalelang ofisi ya lekala le bone ba tshwanetse gore ba kwale maina a bone ka tsela e e bonalang sentle le aterese ya kwa lekwalo leo le tswang teng mo sekhutlong se se kwa godimo se se kafa molemeng kafa pele ga enfelopo.
◼ Batlhanka ba Dibuka ba Ele Tlhoko: Kgang eno e tlhalosa se mafoko a a reng “Ga di Ise di Romelwe” a a mo lenaaneng la dibuka tse di pakilweng a se kayang. Fa dibuka dingwe di seyo mo setokong ka nakwana go tla kwalwa gore “Ga di Ise di Romelwe” mo lenaaneng la dibuka. Ga go tlhokege gore lo otare dilwana tseo gape. Ka bonako fela fa setoko se se na go nna teng, lo tla romelelwa otara ya lona. Elang tlhoko gore go ka nna ga tsaya nako e telele go romela dilwana tse di tswang kwa makaleng a a kwa moseja, tse di jaaka di-CD-ROM, di-DVD le dilwana tsa dipuo di sele.
Batlhanka bangwe ba dibuka ba ile ba botsa gore ba tshwanetse go romela leng foromo ya Literature Request Form (S-14) gore ba kgone go romelelwa dilwana ka bonako. Tsweetswee lebang thulaganyo ya lona ya go romela dibuka ka lori. Lo tshwanetse go tlogela foromo ya S-14 kwa depong bobotlana letsatsi le le lengwe pele ga letlha le lori ya dibuka e tlisang dibuka ka lone. Balebedi ba didepo ba tshwanetse go tlhomamisa gore go na le lefelo le le tshwailweng sentle le go tsenngwang diforomo tseno mo go lone. Mokgweetsi wa lori o tla tsaya di-S-14 mme go ikaegile ka gore a setoko se teng, dilwana tse di otarilweng di tla romelwa ka lori e e tlisang dibuka mo lekgetlhong le le latelang. Dilwana di romelwa morago ga dibeke di le nnè kgotsa di le tlhano. Go botlhokwa go romela foromo ya Literature Request Form (S-14) ka metlha le fa lo tlhoka dilwana di se kae fela.
◼ Kgang Eno e Botlhokwa: Fa lo romela madi kwa ofising ya lekala, tsweetswee tlhomamisang gore lo dirisa akhaonto ya ABSA kgotsa ya Postbank jaaka go tlhalositswe mo lekwalong la September 1, 2006 le le yang Go Ditlhopha Tsotlhe Tsa Bagolwane le Batlhanka ba Diakhaonto mo Afrika Borwa. Baboledi ba ba romelang meneelo ya bone kwa lekaleng ka mokgwa wa eleketeroniki ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba tsenya madi mo akhaontong e e siameng. O ka bona dintlha kaga dibanka tsa ofisi ya lekala mo bagolwaneng. Fa lo na le dipotso tse di oketsegileng tsweetswee ikgolaganyeng le Accounting Office mo nomoreng ya (011) 761-1323. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go latela kaelo e e tlhalositsweng mo lekwalong le le fa godimo a bo a tlhomamise gore motlhanka wa diakhaonto o neelwa khopi ya lekwalo leno. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go tlhomamisa gore dikhopi tsa makwalo a “Ditaelo Tse di Tlhofofaditsweng Tsa Diakhaonto” di neelwa motlhanka wa diakhaonto le go tlotla le ene ka tsone.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:
Watch Tower Publications Index 2001-2005—Seesemane