LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/06 ts. 4
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Kopano ya Potologo e e Tla re Thusang go Sireletsa Bomoya Jwa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • “Dijo ka Nako e e Tshwanetseng”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 8/06 ts. 4

Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

Lefatshe le batla gore re dumele gore tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e tla nnela ruri ka bosakhutleng. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le re bolelela se se farologaneng. (1 Joh. 2:15-17) Le re thusa go lemoga gore ‘go ipolokela matlotlo mo lefatsheng’ ke matsapa a lefela. Go nonotsha batho ba Modimo, thulaganyo ya kopano ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2007 e tla tlotla ka setlhogo se se reng “Ipolokeleng Matlotlo Kwa Legodimong.”—Math. 6:19, 20.

Go akanya ka tsela ya senama go akarediwa mo go se se umakiwang mo go Baefeso 2:2 e le “taolo ya moya, moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo.” Fela jaaka moya wa mmatota o le gongwe le gongwe, o siametse gore o ka hemiwa, ka jalo “moya wa lefatshe” o aname mo tsamaisong eno. (1 Bakor. 2:12) E re ka moya ono o na le tlhotlheletso e kgolo, o bolelwa o na le “taolo.” Thulaganyo e ntšha ya kopano ya potologo e tla re thusa go tila go akanya ka tsela ya lefatshe le go nna re akantse ka dilo tse di botlhokwatlhokwa. (Math. 6:33) Mo godimo ga moo, thulaganyo eno e tla re thusa go ikaega ka Jehofa fa re ntse re dira bodiredi jwa rona le fa re ka lebana le mathata le diteko.

Tlhomamisa gore o teng ka malatsi a mabedi le gore o ‘ela tlhoko thata dilo tse o di utlwileng go feta kafa go tlwaelegileng ka teng.’ (Baheb. 2:1) Kwala dintlha tse dikhutshwane tse o ka di dirisang mo botshelong le mo bodireding jwa gago. Ka go nna teng mo letsatsing la ntlha go fitlha kwa bofelong jwa thulaganyo eno e e nonotshang semoyeng, o tla kgothadiwa le go nonotshiwa go tswelela o ‘ipolokela matlotlo kwa legodimong’!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela