Dikopano Tsa Kgaolo le Tsa Ditšhabatšhaba di re Tlhotlheletsa go Naya Modimo Kgalalelo!
Dikopano tse di ntseng di tshwerwe Tsa Kgaolo le Tsa Ditšhabatšhaba tsa “Nayang Modimo Kgalalelo” di neetse bosupi jo bogolo. Ditiragalo tseno tsa botlhokwa tsa puso ya Modimo di ile tsa tlotlomatsa leina la ga Jehofa tsa ba tsa tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go ‘naya Jehofa kgalalelo ya leina la gagwe.’ (Pes. 96:8) Eleruri o tshwanelwa ke go galalediwa ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di molemo tsa popo, tse di bontshang dinonofo tsa gagwe tse di molemo.—Jobe 37:14; Tshen. 4:11.
O dirisa dipotso tse di latelang mmogo le dintlha tse o di ikwaletseng, baakanyetsa poeletso ya thulaganyo ya kopano, e e tla tshwarwang ka beke ya February 23, o bo o nne le seabe mo go yone.
1. Popo e e sa tsheleng e bolela kgalalelo ya Modimo jang, mme tsela e e dirang seo ka yone e farologana jang le tsela e batho ba mmakang ka yone? (Pes. 19:1-3; “Popo e Bolela Kgalalelo ya Modimo”)
2. Ke selo sefe sa mmatota gompieno se se neng se tshwantshediwa ke ponatshegelo ya go fetoga ponalo, mme se tlhotlheletsa Bakeresete jang gompieno? (Puo ya setlhogo, “Re Tlhotlhelediwa ke Diponatshegelo Tse di Galalelang Tsa Boporofeti!”)
3. Re ka dira jang gore re nne le boikokobetso jo bo tshwanang le jo bo bontshitsweng ke moporofeti Daniele, mme go dira jalo go tla re solegela molemo jang? (Dan. 9:2, 5; 10:11, 12; “Kgalalelo ya ga Jehofa e Senoletswe ba ba Ikokobeditseng”)
4. (a) Re ka ithuta dilo dife tse tharo ka katlholo ya Modimo mo boporofeting jwa ga Amose? (Amos. 1:3, 11, 13; 9:2-4, 8, 14) (b) Basupi ba ga Jehofa gompieno ba ka ithuta eng mo sekaing se se tlhagisang se se mo go Amose 2:12? (“Boporofeti Jwa ga Amose—Molaetsa wa Jone mo Motlheng wa Rona”)
5. (a) Dirai tsa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng ke dife, tota le fa motho a sa tagwe? (b) Bothata jwa go nwa mo go feteletseng bo ka rarabololwa jang? (Mar. 9:43; Baef. 5:18; “Tshaba Serai sa go Dirisa Bojalwa ka Tsela E e Sa Tshwanelang”)
6. O solegelwa molemo jang ke kgatiso e ntšha ya ‘Bona Lefatshe le le Molemo’? (“‘Lefatshe le le Molemo’—Ponelopele ya Paradaise”)
7. Re ka dirisa ditsela dife tse tharo go ‘bonatsa kgalalelo ya ga Jehofa jaaka diipone’? (2 Bakor. 3:18; “Bonatsang Kgalalelo ya ga Jehofa Jaaka Diipone”)
8. Go tlhoiwa kwantle ga lebaka go tswa kae, mme ke eng se se ka re thusang gore re nne re bolokile bothokgami le fa re tlhoilwe jalo? (Pes. 109:1-3; “Ba Tlhoilwe Kwantle ga Lebaka”)
9. Pono e e tshwanang le ya ga Keresete malebana le go nna yo mogolo ke efe, mme motho a ka bona jang gore o tlhoka go tlhagolela pono eno ka tsela e e oketsegileng? (Math. 20:20-26; “Go Nna le Pono ya ga Keresete ka go Nna yo Mogolo”)
10. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re tlhagafetse semoyeng le fa re lapile mo mmeleng? (“Ba Lapile Mme ga ba Ineele”)
11. Dingwe tsa ditsela tse Satane a rotloetsang maaka ka tsone ke dife, mme tsela e e tshwanetseng e e kafa Dikwalong e re ka arabelang ka yone fa tumelo ya rona e lekwa ke efe? (Joh. 10:5; “Ikele Tlhoko mo ‘Lentsweng la Batswakwa’”)
12. (a) Batsadi ba ka latela jang sekao sa ga Jesu se se kwadilweng mo go Mareko 10:14, 16? (b) O rata eng ka buka e ntšha ya Ithute mo Morutising yo Mogolo? (“Bana ba Rona—Boswa Jwa Rona jo bo Tlhwatlhwakgolo”)
13. Basha ba galaletsa Jehofa jang? (1 Tim. 4:12; “Kafa Basha ba Galaletsang Jehofa ka Gone”)
14. Ke ditiragalo dife tse o sa ntseng o di gakologelwa mo terameng ya “Go Rera ka Bopelokgale Le fa Re Ganediwa”?
15. Re ka etsa jang sekao se se tlhomilweng ke (a) Petere le Johane? (Dit. 4:10) (b) Setefane? (Dit. 7:2, 52, 53) (c) phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga? (Dit. 9:31; terama le puo e e reng “Bolela Dikgang Tse di Molemo ‘O sa Kgaotse’”)
16. (a) Re ile ra itlama go naya Modimo kgalalelo ka ditsela dife? (b) Re ka tlhomamisega ka eng fa re ntse re dirisa se re se ithutileng kwa Dikopanong tsa “Nayang Modimo Kgalalelo”? (Joh. 15:9, 10, 16; “‘Nnang lo Ungwe Maungo a Mantsi’ Gore lo Galaletse Jehofa”)
Fa re tlhatlhanya ka dilo tse di molemo tsa semoya tse re di rutilweng kwa kopanong, re tla tlhotlheletsega go dirisa dilo tse re di ithutileng. (Bafil. 4:8, 9) Seno se tla nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go ‘dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.’—1 Bakor. 10:31.