Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka February 9
Pina 225
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dira gore go nne le dipontsho tsa kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya February 15 le Tsogang! ya March 8 go dirisiwa dikakantsho tse di mo go tsebe 8. Mo pontshong nngwe le nngwe dira gore dimakasine di tsamaisiwe tsoopedi le fa go bueletswe e le nngwe fela. Nngwe ya dipontsho tseno e tshwanetse ya bontsha kafa go ka dirwang ka gone fa motho a re “Ke na le bodumedi jwa me.”—Bona buka ya Go Fetolana, tsebe18-19.
10 mets: “Solegelwa Molemo ke go Ithuta Buka ya Atamalana le Jehofa.” Puo e e theilweng mo setlhogong seno e neelwa ke molebedi wa Thuto ya Buka ya Phuthego. Fa o tlotla ka serapa 2, bontsha bareetsi thulaganyo ya thuto. Fa o tlotla ka serapa 3, bala o bo o tlhalose serapa 23 se se mo go tsebe 25 ya buka eno.
25 mets: “Nna o Bolele ka Ditiro Tse di Gakgamatsang Tsa ga Jehofa.”a (Serapa 1-10) E neelwe ke molebedi wa tirelo. Dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Kgothaletsa bareetsi go oketsa tirelo ya bone ya tshimo ka paka ya Segopotso.
Pina 90 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka February 16
Pina 41
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothaletsa botlhe gore ba dirise dipotso tse di mo go tsebe 1 fa ba boeletsa dintlha tse ba di kwadileng gore ba ipaakanyetse motlotlo o o tla dirwang le bareetsi malebana le thulaganyo ya Kopano ya Kgaolo ya “Nayang Modimo Kgalalelo” kwa Pokanong ya beke e e tlang ya Tirelo.
15 mets: Bakang Jehofa “mo Gare ga Phuthego.” Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo go Tora ya Tebelo ya September 1, 2003, tsebe 19-22. (1) Pesalema 22:22, 25 e bontsha jang lebaka la go bo re akgela kwa dipokanong? (2) Thapelo e thusa ka eng? (3) Ke ka ntlha yang fa re tlhoka go baakanyetsa? (4) Rotlhe re tshwanetse go nna le mokgele ofe kwa dipokanong? (5) Go nnela kwa pele mo holong go thusa ka eng? (6) Ke eng fa go le botlhokwa go reetsa se se buiwang ke ba bangwe? (7) Re ka dira jang gore re arabe ka mafoko a rona? (8) Re ka kgothatsa ba bangwe jang ka dikakgelo tsa rona? (9) Mokaulengwe yo o tshwereng pokano o na le boikarabelo bofe?
20 mets: “Nna o Bolele ka Ditiro Tse di Gakgamatsang Tsa ga Jehofa.”b (Serapa 11-17) Dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Dira gore go nne le pontsho e khutshwane ya mmoledi a laletsa poelo kwa Segopotsong.
Pina 75 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka February 23
Pina 118
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Dira gore go nne le dipontsho tsa kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya March 1 le Tsogang! ya March 8 go dirisiwa dikakantsho tse di mo go tsebe 8. Mo pontshong nngwe le nngwe dira gore dimakasine di tsamaisiwe tsoopedi le fa go bueletswe e le nngwe fela. Kwa bokhutlong jwa nngwe ya dipontsho tseno, go bodiwe potso e e tlhokang gore motho a akanye, e e tla arabiwang mo loetong lo lo latelang go dirisiwa boroutšhara jwa Re Direng.
40 mets: “Dikopano Tsa Kgaolo le Tsa Ditšhabatšhaba di re Tlhotlheletsa go Naya Modimo Kgalalelo!” E tshwarwe ke mogolwane. Dira matseno a motsotso o le mongwe kgotsa kwa tlase ga foo, o bo o tshwara motlotlo le bareetsi ka thulaganyo ya kopano o dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Rulaganya nako gore o kgone go botsa dipotso tsotlhe, gongwe o letla karabo e le nngwe fela mo dipotsong tse dingwe. Nako e e beilweng e ka se letle gore go balwe ditemana tsotlhe tse di umakilweng; di kwaletswe gore go nne motlhofo go bona dikarabo. Fa bareetsi ba akgela, ba tshwanetse ba bua thata ka melemo ya go dirisa dilo tse di ithutilweng.
Pina 81 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka March 1
Pina 156
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa tirelo ya tshimo tsa February. Umaka dikgatiso tse di tsamaisiwang ka March, mme o boeletse ka bokhutshwane dipuisano tse di akantshitsweng mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2002.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: “Re ka Dira se Jehofa a se Batlang.”c Dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Fa nako e letla, tlhalosa ditemana tse di umakilweng.
Pina 98 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.