LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/01 ts. 1
  • Nna o ‘Dira se se Molemo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna o ‘Dira se se Molemo’
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A re Se Leseng go Dira se se Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Nna o Atamalane le Phuthego ya ga Jehofa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Go Roba Go ya Ka Selekanyo sa Boiteko Joo re bo Dirang ka Namana
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Basha—Ipediseng Pelo ya ga Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 6/01 ts. 1

Nna o ‘Dira se se Molemo’

1 O ne wa dira selo se se molemo thata fa o ne o nna motlhanka wa ga Jehofa Modimo. Le fa go ntse jalo, kgwetlho e o lebaneng le yone mo dinakong tseno tsa mathata ke go nna o “dira se se molemo.” (Bagal. 6:9) Le mororo seno se tlhoka maiteko a magolo, o ka kgona. Jang?

2 Dira Gore o Nne le Boikutlo Jwa ga Jesu Jwa Mogopolo: Fela jaaka Jesu, o ka kgona go itshokela diteko fa o nna o tlhomile mogopolo mo tsholofelong ya Bogosi. (Baheb. 12:2, 3) Tlhomamisega gore Jehofa o a go rata e bile o batla gore o atlege. (2 Pet. 3:9) Mo ikanye ka botlalo, o tlhomamisegile gore o tla go thusa. (1 Bakor. 10:13) Nnela ruri mo thapelong, o kope Jehofa gore a go thuse go itshoka. (Bar. 12:12) Itumele ka gonne o tlhatswegile pelo gore go itshoka ga gago go tla dira gore o nne le boemo jo bo amogelesegang mo matlhong a Modimo. (Bar. 5:3-5) Fa ka boikanyego o dira gore o nne le “boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone” seno se tla dira gore o kgotsofale e bile se tla ipedisa pelo ya ga Jehofa.—Bar. 15:5; Dia. 27:11.

3 Nna o Dire Dilo Tse di Siameng: Dilo tse Jehofa a di rulaganyeditseng batho ba gagwe go ba thusa gore ba nne ba dire se se molemo, di sole molemo ka botlalo. Nna le thulaganyo e e siameng ya ka metlha ya go bala Lefoko la Modimo le go ithuta dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tsa setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Baakanyetsa dipokano tsa phuthego ka metlha, o nne gone kwa go tsone ka metlha o bo o nne le seabe mo go tsone. Dirisa nakonyana go buisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya pele ga dipokano tsa Bokeresete le morago ga tsone. Ipeele mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela mo bodireding jwa gago gore o nne le seabe ka botlalo mo tirelong ya tshimo le go tokafatsa bokgoni jwa gago fa o bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo.

4 Eno ke yone tsela e o ka nnang o dira se se molemo ka yone le go bona boipelo jo bogolo ka nako e e tshwanang. Mo ntlheng eno, mokaulengwe mongwe kwa Italy o ne a bolela jaana: “Fa letsatsi le phirima, mme ke boela gae morago ga go dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa mo letsatsing leo, ke boammaaruri gore ke ikutlwa ke lapile. Le fa go ntse jalo, ke itumetse mme ke leboga Jehofa go bo a nneile boipelo jo go seng motho ope yo o ka bo nkamogang.” Ka gone, nna o dira se se molemo, mme le wena o tla bona boitumelo jo bogolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela