Nna o Ntshitse Matlho Gore o Bone Bosusu mo Tshimong ya Lona
1 Jehofa o laletsa jaana: “‘Tla!’ . . . Le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshen. 22:17) Bangwe ba batho ba ba amogelang taletso eno ke palo e e ntseng e oketsega ya bosusu. Ka ntlha ya moo, mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng bobotlana go ile ga tlhomiwa ditlhopha di le thataro tsa puo ya diatla mo tshimong e e ka fa tlase ga lekala la Afrika Borwa.
2 Le mororo ditlhopha tsa puo ya diatla di beile tlhokomelo thata mo go batleng bosusu le batho ba ba nang le bothata jwa go utlwa sentle ba ba leng mo masimong a tsone, go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba ba ntseng jalo ba ba tshwanelwang ke go bonwa le go neelwa bosupi mo nageng eno.
3 O ka Thusa Jang? A o kile wa bona batho bangwe ba dirisa puo ya diatla fa o le kwa mafelong a batho botlhe? A go na le mongwe yo o mo itseng kwa tirong kana kwa sekolong sa lona yo o nang le mongwe wa losika yo o susu? Nna o ntshitse matlho gore o bone batho ba bosusu fa o ntse o dira ditiro tsa gago tsa letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, o ka dira jang gore o bone gore ba amogela bosupi jwa Bogosi?
4 Go Neela Bosupi: Itsise setlhopha se se gaufi sa puo ya diatla gore motho yono yo o susu o nna kae. Gone jaanong go na le ditlhopha tsa puo ya diatla mo diphuthegong tse di latelang: Assagay, Brixton, Constantia, Eersterus, Katutura South (Windhoek) le Norkem Park. Batho ba le bantsi ba bosusu ba gatela pele ka bonako mo go ithuteng boammaaruri fa ba kgona go kopanela le Basupi ba bosusu kwa dipokanong tsa phuthego tse di tshwarwang ka puo ya diatla. Ka jalo, fa go na le setlhopha sa puo ya diatla mo lefelong la lona, mokwaledi wa phuthego ya lona o tshwanetse go naya setlhopha seo tshedimosetso e e malebana le bosusu botlhe ba ba mo tshimong ya lona. Bagolwane le bone ba ka nna ba sekaseka ditsela tse ba ka thusang bosusu ka tsone go nna gone kwa dipokanong kwa setlhopheng se se gaufi sa puo ya diatla.
5 Go tweng fa e le gore ga go na setlhopha sepe gautshwane go naya bosusu ba ba mo lefelong la lona thuso ya semoya? O ka thusa jang? Ke eng fa o sa dire loeto lwa go boela mme o bue le motho ope mo ntlong eo yo o kgonang go utlwa? Ithaopele go ba bontsha bidio ya puo ya diatla go tsosa kgatlhego ya motho yono yo o sa utlweng. Baboledi bangwe ba ile ba bo ba ithuta puo ya diatla gore ba fitlhelele bosusu ka tsela e e nang le matswela. (Dit. 16:9, 10) Go na le bidio ya boroutšhara jwa Re Direng le buka ya Kitso ka Puo ya Amerika ya Diatla, mme gape go na le boroutšhara jwa Re Direng ka Puo ya Boritane ya Diatla. Go tsamaisa dithuto tsa Baebele ka didirisiwa tseno go setse go nnile le diphelelo di le dintsi tse di molemo.
6 Ka go nna o ntshitse matlho gore o bone bosusu mo lefelong la lona, o ka ba thusa gore le bone ba tseye metsi a botshelo mahala.—Math. 10:11.