Go Gatelelwa ke Balekane le Tshiamelo ya Gago ya go Rera
1 Go gatelelwa ke balekane ke selo se segolo se se ka amang motho—ka tsela e e molemo kana e e bosula. Batlhankakarona ba ga Jehofa ba re tlhotlheletsa ka tsela e e siameng gore re dire ditiro tse di molemo tsa Bokeresete. (Baheb. 10:24) Le fa go ntse jalo, ba lelapa ba e seng Basupi, badirimmogo le rona, ba re tsenang sekolo le bone, baagelani, kana batho ba bangwe ba re ba tlwaetseng ba ka re gatelela gore re latele tsela e e sa dumalaneng le melaometheo ya Bokeresete. Ba ka nna ba bua ka “boitshwaro jwa [rona] jo bo molemo malebang le Keresete ka go nyatsa.” (1 Pet. 3:16) Re ka nna jang re ititeile sehuba gore re tswelele pele re rera le fa gone re ka tswa re gatelelwa ke balekane ka tsela e e sa siamang?
2 Ba Lelapa: Ka dinako tse dingwe, monna yo o nyetseng e bile e le rre yo e seng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ka nna a se ka a batla gore mosadi wa gagwe le bana ba nne le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa. Ke boemo jo bo neng jwa tlhagela lelapa lengwe kwa Mexico. Mosadi wa monna mongwe le bana ba le supa ba ne ba bona boammaaruri. Kwa tshimologong, o ne a ba ganetsa ka gonne a ne a sa batle lelapa la gagwe le rera le go tsamaisa dibuka tsa Baebele ka ntlo le ntlo. O ne a akanya gore seno se dira gore ba nyatsege. Le fa go ntse jalo, mosadi wa gagwe le bana ba ne ba ema ba nitame mo tshwetsong ya bone ya go direla Jehofa le ya go nna le seabe ka metlha mo bodireding. Fa nako e ntse e ya, monna yono o ne a bona botlhokwa jwa go amogela thulaganyo ya Modimo ya tiro ya go rera, mme le ene o ne a ineela mo go Jehofa. Go mo tsere dingwaga di le 15 gore a amogele boammaaruri, a mme o ka bo a ile a dira seo fa lelapa la gagwe le ne le sa tswelela pele mo tshiamelong ya lone ya go rera?—Luke 1:74; 1 Bakor. 7:16.
3 Badirimmogo: Bangwe ba badirimmogo le wena ba ka nna ba se ka ba rata fa o leka go ba neela bosupi. Kgaitsadi mongwe o bolela gore o ne a sotlwa fa a ne a akantsha gore ba bale Mathaio kgaolo 24 fa go ne go tsogile motlotlo o o malebana le bokhutlo jwa lefatshe mo ofising ya bone. Le fa go ntse jalo, malatsi a sekae morago ga moo, mongwe wa badirikaene o ne a mmolelela gore o ile a bala kgaolo eo mme e ne e mo kgatlhile thata. O ne a mo abela kgatiso, mme ga dirwa dithulaganyo tsa gore ene le monna wa gagwe ba rutwe Baebele. Thuto ya ntlha e ne ya tshwarwa go fitlha ka ura ya bobedi mo mosong. Morago ga go ithuta ka lekgetlo la boraro ba ne ba simolola go nna gone mo dipokanong, mme go ise go ye kae morago ga moo ba ne ba tlogela go goga motsoko mme ba simolola go nna le seabe mo bodireding. A seno se ka bo se ile sa direga fa kgaitsadi wa rona a ka bo a ile a se ka a tsaya matsapa a go bolelela batho ba bangwe dilo tse a di solofetseng?
4 Ba re Tsenang Sekolo le Bone: Go tlwaelegile gore basha ba Basupi ba gatelelwe ke balekane kwa sekolong le gore ba boife gore basha ba bangwe ba tla ba nyatsa fa ba nna le seabe mo tirong ya go rera. Mosha mongwe wa Mokeresete kwa United States o ne a bolela jaana: “Ke ne ke boifa go neela basha ba bangwe bosupi ka gonne ke ne ke sa batle go tshegwa.” Ka jalo o ne a tlogela ditshono tsa go neela balekane ba gagwe bosupi kwa sekolong le mo tshimong. O ka bona jang nonofo ya gore o itshokele go gatelelwa ke balekane? Ikanye Jehofa, o batle gore a go amogele. (Dia. 29:25) Itumelele gore o kgona go dirisa Lefoko la Modimo mo bodireding jwa gago. (2 Tim. 2:15) Mosha yo o nopotsweng fa godimo o ne a simolola go rapela Jehofa, a mo kopa gore a mo thuse go nna le keletso ya go bua le ba a tsenang sekolo le bone. O ne a simolola go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo kwa sekolong, a nna le matswela a a molemo, mme go ise go ye kae o ne a buisana le mongwe le mongwe yo a mo itseng. O ne a konela jaana: “Bana bao ba tlhoka tsholofelo ya mo isagweng e bile ba a e batla, mme Jehofa o dirisa rona gore re ba thuse.”
5 Baagelani: Re ka tswa re na le baagelani kana batho ba bangwe ba re ba tlwaetseng ba ba ka re tenegelang ka ntlha ya se re leng sone le ka ntlha ya se re se dumelang. Fa o boifa se ba se akanyang, ipotse jaana: ‘A ba itse boammaaruri jo bo isang botshelong jo bo sa khutleng? Ke eng se nka se dirang gore ke fitlhelele dipelo tsa bone?’ Molebedi mongwe wa potologo o ne a lemoga gore go nna le matswela a a molemo fa motho a neela baagelani bosupi go le gonnye mme a go dira kgapetsakgapetsa. Kopa Jehofa a go neye nonofo le botlhale tse di tlhokegang gore o tswelele pele o batla batho ba ba dipelo tse di ikanyegang.—Bafil. 4:13.
6 Fa re ineela go gatelelwa ke balekane ka tsela e e sa siamang re ka itumedisa baganetsi ba rona, a mme go dira jalo go tla ba solegela molemo—kana ga solegela rona molemo? Jesu o ne a ganediwa ke batho ba mo motseng wa gagabo. O ne a ba a itshokela dikakgelo tse di botlhoko tsa bomorwarraagwe. Mme o ne a itse gore a ka ba thusa fa a ka tswelela a le mo tseleng e Modimo a mo neetseng yone. Ka gone, Jesu ‘o ne a itshokela puo ya kganetso e e ntseng jalo ka baleofi kgatlhanong le melemo ya bone.’ (Baheb. 12:2, 3) Re ka dira se se tshwanang. Ititeye sehuba gore o dire sotlhe se o ka se kgonang mo tshiamelong ya gago ya go rera molaetsa wa Bogosi. Ka go dira jalo, “o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 Tim. 4:16.