Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2001
1 Go na le mabaka a le mantsi a Dikwalo a go bo rotlhe re tshwanetse go nna le seabe ka botlalo ka mo re ka kgonang ka gone mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.—Dia. 15:23; Math. 28:19, 20; Dit. 15:32; 1 Tim. 4:12, 13; 2 Tim. 2:2; 1 Pet. 3:15.
2 Thulaganyo ya mmalo wa Baebele wa beke le beke ga e bolo go nna karolo ya thulaganyo ya sekolo. Seno se kaya go bala mo e ka nnang tsebe e le nngwe ya Baebele letsatsi le letsatsi. Go simolola monongwaga, beke nngwe le nngwe ya tlhatlhobo e e kwalwang le yone e tla abelwa mmalo wa Baebele. Thulaganyo ya mmalo wa Baebele wa tlaleletso, e e neng e rulaganyeditswe dingwaga tse tharo tse di fetileng, e weditswe. Mme fa o batla go bala Baebele go feta tsela e e setseng e rulagantswe, o ka nna wa itirela thulaganyo ya mmalo.
3 Puo No. 2 e thapisa bakaulengwe mo go “baleng phatlalatsa” Lefoko la Modimo. (1 Tim. 4:13) Fa o abetswe puo ya mmalo, e balele kwa godimo kgapetsakgapetsa.
4 Puo No. 3 le No. 4 di theilwe mo bukeng ya Go Fetolana, e e diretsweng gore re e dirise mo bodireding jwa tshimo. Fa e le gore puo e o e neetsweng e ntsi go feta nako e o e neetsweng, tlhopha fela dintlha tse di ka nnang tsa thusa thata mo tshimong ya phuthego ya lona. O ka nna wa dirisa seting epe fela e e ka tshwanelang tshimo ya lona.
5 Dira sotlhe se o ka se kgonang gore o neele dipuo tsotlhe tsa gago mo sekolong. Iphe nako ya go baakanyetsa sentle, mme o bue go tswa pelong. O tla kgothatsa phuthego, mme le wena o tla solegelwa molemo ka namana ke go nna le seabe ka botlalo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka 2001.