A o Rera ka Bopelokgale?
1 Le fa gone Petere le Johane ba ne ba tshwarwa le go tshosediwa ke baganetsi, ba ne ba tswelela pele ba rera molaetsa wa Bogosi ka bopelokgale. (Dit. 4:17, 21, 31) Ke eng se se kaiwang ke go rera ga rona ka bopelokgale gompieno?
2 Go Neela Bosupi ka Bopelokgale: Lefoko le lengwe le le kayang “bopelokgale” ke “bogatlhamelamasisi,” le le bolelang go nna le “botlhokapoifo jo bogolo, nonofo le boitshoko.” Bakeresete ba boammaaruri ba tsaya go rera ka bopelokgale go kaya go se boife go bua le batho ba bangwe nako le nako fa go na le sebaka se se tshwanetseng sa go bolela dikgang tse di molemo. (Dit. 4:20; 1 Pet. 3:15) Go kaya gore ga re tlhabisiwe ditlhong ke go bolela dikgang tse di molemo. (Pes. 119:46; Bar. 1:16; 2 Tim. 1:8) Ka gone, bopelokgale ke nonofo e e tlhokegang gore re dire thomo ya rona ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo nakong eno ya bofelo. Bo re tlhotlheletsa go bolelela batho dikgang tse di molemo gongwe le gongwe kwa ba leng gone.—Dit. 4:29; 1 Bakor. 9:23.
3 Bopelokgale Kwa Sekolong: A go boifa kana go nna ditlhong go dira gore go nne thata go rerela ba o tsenang le bone sekolo? Ka dinako tse dingwe ga go motlhofo; tota e bile, e ka nna kgwetlho tota. Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla go nonotsha fa o rapelela go nna pelokgale gore o rerele ba bangwe. (Pes. 138:3) Bopelokgale bo tla go thusa go ipolela gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le go itshoka fa o sotlwa. Ka ntlha ya seo, go rera ga gago kwa sekolong go ka nna ga boloka ba ba go reetsang.—1 Tim. 4:16.
4 Bopelokgale Kwa Tirong: A o itsiwe o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa tirong? Tsela e le yosi e o ka fitlhelelang batho ba o dirang le bone ka dikgang tse di molemo ke fa o ba rerela. Gape bopelokgale bo tla go thusa gore o iphe nako kwa tirong ya go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete le kwa dikopanong tse dikgolo.
5 Bopelokgale fa o Lebane le Teko: Re tlhoka bopelokgale fa re lebane le kganetso. (1 Bathes. 2:1, 2) Bo re thusa gore re ngangatlele tumelo ya rona fa re tshosediwa, fa re sotlwa, kana fa re bogisiwa ka tlhamalalo. (Bafil. 1:27, 28) Bo a re nonotsha gore re eme re nitame fa re gatelelwa gore re tlole melao ya Modimo wa rona, Jehofa. Bo a re nonotsha gore re nne re ritibetse fa batho ba bangwe ba tsosa dikgotlhang.—Bar. 12:18.
6 E kete re ka tswelela pele re rera dikgang tse di molemo ka bopelokgale, le fa gone re ka lebana le mathata go le kana kang.—Baef. 6:18-20.