Thulaganyo Ya Pokano Ya Tirelo
Beke e e Simololang ka December 11
Pina 50
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. “A o Ka Direla Kwa Ntlong ya Modimo?” E neelwe ke mogolwane. Fa phuthego e na le dibuka tsa Monna Yo Mogolo kgotsa Morutisi yo Mogolo mo setokong, bontsha gore di ka dirisiwa jang ka tsela e e molemo mo bodireding jwa rona ka nako ya diholitei.
15 mets: “Boifa Jehofa ka Dinako Tsotlhe.”a Akaretsa le tlhaloso ya se poifo ya bomodimo e leng sone mo go tsebe 26 ya Tsogang! ya January 8, 1998. Gatelela melemo ya go boifa Jehofa.
20 mets: “Go Gatelelwa ke Balekane le Tshiamelo ya Gago ya go Rera.” Puo le dipotsolotso. Kopa batho ba ba ileng ba gatelelwa ke balekane gore ba bolele gore ba kgonne jang go tswelela ba le matlhagatlhaga mo tirong ya go rera lefa ba ne ba lebane le kgatelelo eo.
Pina 78 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 18
Pina 94
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Pego ya diakhaonto. Tlhalosa dithulaganyo tse di kgethegileng tsa tirelo ya tshimo ka December 25 le ka January 1. Araba potso eno: A go na le phoso ya go nna le seabe mo meketeng e e ka tswang e simologile e se ya Bokeresete fa fela mabaka a go e keteka e se a bodumedi?—Bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 257-61.
12 mets: “Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2001.” Puo ka molebedi wa sekolo. Kgothaletsa botlhe gore ba kgomarele thulaganyo ya mmalo wa Baebele wa beke le beke mme ba tlhoafalele go neela dipuo tse ba di abetsweng mo sekolong.
18 mets: “A o Rera ka Bopelokgale?”b Kopa bareetsi gore ba akgele ka ditemana tse di mo setlhogong seno. Bontsha kafa re ka nnang le bopelokgale jo bo oketsegileng ka teng le kafa re ka dirang bodiredi jwa rona ka tsela e e nang le matswela ka teng mo tshimong, o dirisa buka ya Bodiredi jwa Rona, tsebe 86.
Pina 124 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 25
Pina 126
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kopa bareetsi gore ba bolele maitemogelo ape a bosheng a ba nnileng le one mo tirong ya bone ya go neela bosupi. Tlotla ka buka e e tlileng go tsamaisiwa ka January.
20 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
15 mets: Lebokoso la Dipotso. Mogolwane o tlotla ka dintlha le bareetsi. Akaretsa dintlha tse di tshwanetseng tse di tswang mo lekwalong le le tswang Mokgatlhong la October 15, 1999. Gakolola phuthego gore e boeletse kaelo e re e neilweng mo nakong e e fetileng mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi e e malebana le thulaganyo e ntšha ya go tsamaisa dibuka gore rotlhe re bue ka tumalano.
Pina 151 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 1
Pina 171
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Fa e le gore phuthego ya lona e tlile go fetola nako ya dipokano mo ngwageng o mosha, kopa botlhe gore ba tswelele ba tla dipokanong ka metlha ka dinako tse disha. Itsise baithuti ba Baebele le batho ba bangwe ba ba kgatlhegang ka diphetogo dipe tse di leng teng, mme lo simolole go dirisa dipampitshana tsa taletso tse di bontshang thulaganyo e ntšha. Akgela ka pego ya bosheng ya tirelo ya tshimo ya naga yotlhe le ya phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba tsenye dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo ya December.
20 mets: Tsela ya go Baakanyetsa Maeto a go Boela. Rre o buisana le lelapa la gagwe malebana le kafa ba ka nnang le matswela thata ka teng mo bodireding jwa bone. O gatelela mabaka a Dikwalo a go boela kwa go botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego. Ba lelapa ba baakanyetsa go dira maeto mangwe a go boela, ba dirisa dikaelo tse di mo go Tora ya Tebelo ya July 1, 1999, tsebe 22, serapa 18. Botlhe ba dumela gore ba ile ba kopana le batho ba ba tshwanetseng go etelwa gape. Mongwe le mongwe o tlhalosa tsela e batho ba ileng ba arabela ka yone fa a ne a etile mo loetong lwa ntlha, mme ba bangwe ba mo naya kakantsho le lokwalo lo a ka lo dirisang fa a boela. Ba bona dintlha tse ba ka di dirisang ka tsela e e nang le matswela mo boroutšhareng jwa Re Direng. Batsadi ba dira gore mongwe wa bana a boeletse se a tla se buang mo loetong lwa go boela. Ba baya nako e e tlhomameng e ba tla dirang maeto a go boela ka yone mo bekeng e e latelang.
15 mets: Re Dumela Eng? Mokaulengwe o boela kwa mothong yo o boditseng gore, “Basupi ba ga Jehofa ba ruta eng se se ba dirang gore ba farologane le madumedi a mangwe?” Tlotla ka dintlha tse di mo lebokosong le le mo go tsebe 6 mo go Tora ya Tebelo ya October 1, 1998. Tlhalosa kafa ditumelo tse dingwe di tlhokomologang kgotsa di ganang dithuto tseno tsa motheo tsa Baebele ka teng mme di tlhopa dithuto tsa batho.
Pina 212 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.