Tlhokomelang Ka fa Lo Reetsang ka Gone
Go reetsa ka kelotlhoko go botlhokwa thata fa o le kwa dipokanong tsa phuthego, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. (Luke 8:18) O ka tokafatsa jang tsela e o reetsang ka yone?
◼ O se ka wa ja thata pele o tla kwa dipokanong.
◼ O se ka wa letla mogopolo wa gago go kgarakgatshega.
◼ Kwala dintlha tse dikhutshwane tsa dintlhakgolo.
◼ Leba dikwalo tse di balwang.
◼ Nna le seabe fa go tlhaga sebaka sa go dira jalo.
◼ Akanya ka kgang e go buiwang ka yone.
◼ Akanya ka ditsela tsa ka fa o ka dirisang se o se utlwang ka gone.
◼ Moragonyana, tlotla ka se o se ithutileng.
Bona Buka ya Kaelo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo, thuto 5.