LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/97 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 8/97 ts. 7

Dikitsiso

◼ Mpho ya buka ya August: Epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,20 e le nngwe: A O Tshwanetse wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka La Go Bo Botshelo Bo Le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Kwa tshimong e e sa abiwang: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R4,00 le O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise e kgolo ka moneelo wa R4,00. September: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ka moneelo wa R4,00. October: Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya poso ya Tsogang! kana ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R48,00 mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya tse di tswang gangwe ka kgwedi kgotsa peeletso ya dikgwedi tse thataro ya tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R24,00. Dipeeletso tsa tlelapa ke R24,00 le R12,00 ka go latelana. Dira maiteko a a kgethegileng go tsamaisa dikhopi tsa dimakasine fa mpho e sa amogelwe. Go ela kwa bofelong jwa kgwedi, go tla tsamaisiwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35. November: Re tla tswelela go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35. Diphuthego tse di fetsang tshimo ya tsone ka go tsamaisetsa beng ba matlo mo matlong otlhe pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35, di ka nna tsa tsamaisa buka ya Kitso.

◼ Bethele e tlhoka ka POTLAKO bakaulengwe ba ba ithutetseng ditiro tsa bathudi ba dikoloi tsa disele, dipolamara, mmaakanyi wa dilo tsa eleketeroniki. A o fa gare ga dingwaga tse 19 le 35, o na le botsogo jo bo siameng, o sa nyala, kana fa o nyetse, o se na ba o ba tlhokomelang? A o ka ithaopela tshiamelo e e kgethegileng eno ya tirelo ya Bethele? Fa o ka kgona, tsweetswee kwalela kana founela Mokgatlho go bona tshedimosetso e e oketsegileng.

◼ Ka August 29 le 30, 1997, Mokgatlho o tla bo o tsaya setoko sa dibuka tsotlhe tse o nang le tsone mo Bethele. Ka go bo go tla bo go tsewa setoko jalo, ga go na diotara dipe tsa diphuthego tse di tla romelwang kana tse di tla tlang go tsewa ka malatsi ao.

◼ Phuthego nngwe le nngwe e tla amogela diforomo tse tharo tsa Literature Inventory (S-AB-18). Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go kopana le motlhanka wa dibuka mo masimologong a August mme ba beye letlha le ba tla balang setoko sa dibuka tsa phuthego ka mafelo a kgwedi. Go tshwanetse ga balwa setoko sotlhe se se leng teng mme palogotlhe ya tsone e kwalwe mo foromong ya Literature Inventory. Palogotlhe ya dimakasine tse di leng teng e ka bonwa mo motlhankeng wa dimakasine. Tsweetswee dirang gore lo bo lo di tladitse ka September 1 mme lo romele diforomo kwa Mokgatlhong ka bonako fela fa lo sena go amogela setatemente sa lona sa August. Bolokang khopi ya khabone mo difaeleng tsa lona. Khopi ya boraro lo ka nna lwa e dirisa go berekela mo go yone. Go balwa ga setoko go tshwanetse ga okamelwa ke mokwaledi, mme foromo e e tladitsweng e tshwanetse go tlhatlhobiwa ke molebedi yo o okamelang. Mokwaledi le molebedi yo o okamelang ba tla saena foromo eo.

◼ Go tshwanetse ga otariwa dibetšhe tsa kopano ya kgaolo ya 1997 mme molato wa tsone o tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka ya phuthego ka disente di le lesome karata e le nngwe. Diphuthego tse di se nang akhaonto mo Mokgatlhong, kana di na le molato mo akhaontong ya tsone di tshwanetse tsa romela madi le diotara tsa tsone. Tsweetswee fa lo ka kgona, otarang ka ditlhopha tsa 20. Dibetšhe di gone ka Seburu, Seesemane, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa le Sezulu. Tsweetswee tsenyang otara ya lona lo dirisa foromo ya Literature Order (S-AB-14). Diotara tseno di tshwanetse go fitlha kwa Mokgatlhong pele ga November 1, 1997. Ga re kitla re tlatsa diotara tsa dibetšhe morago ga moo.

◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Diphetogo tse di latelang tsa kopano ya kgaolo:

December 12-14: Mafikeng (letlha le lesha)

December 19-21: Bloemfontein, Gaborone (letlha le lesha)

December 26-28: Ermelo (Sezulu; kopano e nngwe gape), Manzini (Seesemane; lefelo le lesha)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela