O Tlhoka go Ruta ka Tsela e e Molemo Gore o Atlege mo Maetong a go Boela
1 Maeto a go boela ke karolo e e botlhokwa le e e itumedisang ya bodiredi jwa rona jwa tshimo. Ke eng fa re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang? Tiro eno ya go dira barutwa e itsise le go tlotlomatsa leina la ga Jehofa, mme e thusa batho ba ba boifang Modimo go bona tsela ya botshelo. (2 Bakor. 2:17–3:3) Go bo re lemoga gore leina la ga Jehofa le tshwanetse go itshepisiwa le gore matshelo a batho a a amega go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re ipaakanyetse sentle pele ga re boela.
2 Morutisi yo o molemo o tla thusa moithuti gore a simolole mo motheong o o setseng o thailwe. Fela jaaka morutabana a ruta mo motheong wa kitso e baithuti ba setseng ba na le yone, le rona re tshwanetse gore re tsweletse motlotlo pele ka kgang e re neng ra bua ka yone mo leetong la rona la ntlha. Seno se dira gore kgang e tswelele pele le gore motho a nne a akanyetse dilo kwa pele.
3 Fa o boela koo o tsamaisitseng teng boroutšhara jwa “A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?” o ka nna wa fitlhela gore seno se ka nna mosola:
◼ “Mo leetong la me le le fetileng re ne ra bua ka ‘metlha ya bofelo’ e Baebele e buang ka yone le gore e kaya eng mo go rona. O ka tswa o ipotsa gore re itse jang gore re tshela mo metlheng ya bofelo. (2 Tim. 3:1) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba batla thata go itse karabo ya potso eo. [Bala Mathaio 24:3.] Mo karabong ya gagwe Jesu o ne a tlhalosa maemo a re a bonang go re dikologa gompieno. Dilo tseo di akaretsa tlalelo le thubakanyo e e iseng e ko e nne gone.” Tlhalosa karolo ya setshwantsho se go buiwang ka sone mo serapeng sa 3 le sa 4 mo tsebeng 19. Fa go na le kgatlhego, tlhalosa ka dikarolo tse dingwe tsa sesupo tse di mo dirapeng 5 go ya go 8 mo tsebeng 20. Kopa go boa go tla go araba dipotso tse di boditsweng kafa ntle ga boroutšhara.
4 Go tsweledisa kgatlhego mo boroutšhareng jwa “Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?” o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Ke ntse ke eletsa go tla go tsweledisa pele motlotlo wa rona o o malebana le lebaka la go bo re tshela. Ke akanya gore re a dumalana gore Modimo o ne o ikaeletse gore re tshele mo lefatsheng leno re le mo maemong a a itumedisang a kagiso go na le gore re bo re le mo matshwenyegong jaaka gompieno. A o akanya gore o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe?” Letela karabo. Bala Isaia 55:11, mme o bo o tlotla ka dintlha tse di mo dirapeng tsa 25 go ya go 27 mo tsebeng 30. Tlhalosa gore go ithuta Baebele ke tsela e e molemolemo ya go bona lebaka le le utlwalang la go bo botshelo bo le gone.
5 Fa o tsweledisa kgatlhego e e bontshitsweng mo nakong e e fetileng mo boroutšhareng jwa “Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!” o ka nna wa bo mmontsha gape mme o bo o bolela jaana:
◼ “Re ile ra bua ka lefatshe le lentle le le tshwantshitsweng mo khabareng ya boroutšhara jono. Ke rata go go bolelela gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batho ba ba batlang go tshela koo ba dumele mo go Jesu Keresete.” Bula mo setshwantshong sa 41, mme o bale Isaia 9:6. Bula setshwantsho sa 62, mme o bale Johane 3:16, o bo o gatelela lebaka la go bo go le botlhokwa go nna kutlo. Tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho gore ba nne le tumelo ka go ithuta Baebele le gore ba leke go tshela go ya ka kgakololo ya yone.
6 Morago ga leeto lengwe le lengwe la go boela, le sekaseke ka boikaelelo jwa gore o tokafatse tsela e o le dirang ka yone. Ipotse jaana: A go ne go na le sengwe se ke ne ke akantse go bua ka sone ka tlhamalalo? A ke ne ke lebisitse kgatlhego mo Baebeleng? A ke ne ke dirisa motheo o ke neng ke o theile mo leetong la ntlha? A puisano ya me e ne e siametse go ka simolola thuto ya Baebele? Fa o araba ka ee, seo se tlhomamisa tota gore o leka go nna morutisi yo o molemo wa Lefoko la Modimo.